bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 3
Job 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 4 →
1
Morago ga moo Jobe a tswa molomo, a rogaka letsatsi la botsalo jwa gagwe.
2
Jobe a simolola go bua a re:
3
“A letsatsi le nyelele le ke tsetsweng ka lone le bosigo jo go tilweng go ithwelwe ngwana wa mosimane!
4
A letsatsi leo le nne lefifi! Modimo o o kwa godimo a o se le tlhokomele! A le se ka la phatsimelwa ke lesedi!
5
A lefifi le moriti-wa-loso di le gape! A maru a mantsho a nne godimo ga lone! A phifalo ya motshegare e le tshose!
6
Bosigo joo a lefifi le bo tlose! A bo se tlhomagane le malatsi mo ngwageng! A bo se ka jwa tsena mo malatsing a kgwedi!
7
Ee, bosigo joo a e nne jwa boopa! A go se nne tuduetso mo go jona!
8
Ba ba rogakang letsatsi, a ba bo rogake, bone ba ba itseng go tlhotlheletsa kgwanyape!
9
A go fifale dinaledi tsa lotlatlana lwa jona! A bo letele lesedi, mme le se nne teng! A bo se ka jwa itumelela dintshi tsa mahube!
10
Ka gonne ga bo a ka jwa ntswalela kgoro ya sebopelo sa ga mme; ga bo a ka jwa subela matlho a me tapisego.
11
Ke ne ke sa sweleng mo botsalong? Ke ne ke sa tlhokafaleleng, fa ke sena go tsalwa?
12
Ke ka ntlha ya eng fa ba mphara mangoleng, fa ba nkisa mabeleng, ba re ke anye?
13
Gonne foo nka bo ke rapama jaanong, ke iketlile; foo nka bo ke robala, ke na le boikhutso.
14
Foo nka bo ke na le dikgosi tsa lefatshe le banna ba lekgotla, ba ba tsositseng marope.
15
Gongwe nka bo ke na le dikgosana tse di neng di tshotse gouta, tse di neng di tladitse matlo a tsona selefera.
16
Gongwe nka bo ke se gona jaaka phetela e e fitlhilweng le jaaka bana ba ba sa boneng lesedi.
17
Gona kwa baikepi ba khutla go tsosa modumo, teng kwa go ikhutsa ba ba feletsweng ke thata.
18
Bagolegwi ba ikhutsa mmogo gona; lentswe la mogateledi ga ba le utlwe.
19
Ba bannye le ba bagolo ba gona, ba a tshwana; motlhanka o gololesegile mo moreneng wa gagwe.
20
Ke eng fa Modimo o naya mmogisegi lesedi, fa o naya ba ba nyemileng moko bophelo?
21
Ke ba ba letang loso, mme ga ba lo bone; ba lo epa bogolo go dikhumo.
22
Ke ba ba ka bong ba itumela, ba duduetsa, ba thaba, fa ba ka bona lebitla.
23
Ke eng fa Modimo o naya monna bophelo, yo tsela ya gagwe e fitlhegileng, yo Modimo o mo thibeletseng phalolo mo ntlheng tsotlhe?
24
Gonne ke tlelwa ke diphegelo boemong jwa dijo tsa me; go goa ga me go tswa jaaka metsi a elela.
25
Fa ke boifa selo se a ntlela; se ke se tshogileng se a nkwela.
26
Ga ke na kagiso, ga ke na boiketlo, ga ke na boikhutso; go tla matshwenyego fela.”
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42