bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 18
Job 18
Tswana Setswana 1970
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 19 →
1
Ga fetola Biletate wa Sua a re:
2
“O tla fetsa leng go buabua? Ikakanye pele, nte go bue rona!
3
Ke ka ntlha ya eng, fa re kaiwa jaaka kgomo fela, fa re le dieleele mo matlhong a lona?
4
Fa o ikgarolaka mo bogaleng jwa gago: A lefatshe le tla tlogelwa ka lebaka la gago? A lefika le ka suta mo mannong a lone?
5
Nnyaya! Lesedi la moikepi le tla tima; kgabo ya molelo wa gagwe ga e bonese.
6
Lesedi la lelapa la gagwe le a fifala; lobone lwa gagwe lo tima godimo ga gagwe.
7
Dikgato tsa go gwanta ga gagwe di tla koafala, mme maano a gagwe a tla mo diga.
8
Gonne o isiwa letloeng ke maoto a gagwe; o itsamaela mo godimo ga digopo.
9
Mutlwane o mo tshwara seretheng; seru se a mmofa.
10
Segole o se thaetswe ka mo mmung; le gona o thaiwa mo tseleng.
11
Ditherego di mo tshosa mo ntlheng tsotlhe; di mo tebela di ntse di mo setse morago.
12
Tatlhego e mo meletsa mathe; kotsi e baakantswe go mo diga.
13
Motsalwapele wa loso o tla ja dibatanyana tsa letlalo la gagwe; o tla ja ditokololo tsa gagwe.
14
O tla kumolwa mo lapeng la gagwe le a neng a le ikanya; o tla isiwa kwa kgosing ya ditherego.
15
Dilo tse e seng tsa gagwe di tla nna mo lapeng la gagwe; go tla gasiwa sebabole mo nageng ya gagwe.
16
Go tla omelela medi ya gagwe ka kwa tlase; dikala tsa gagwe di tla swaba kwa godimo.
17
Ga a tlhole a gopolwa mo fatsheng; ga a na leina le le umakwang mo mebileng.
18
Ba mo ntsha mo leseding, ba mo kobela kwa lefifing; ba mo leleka mo lefatsheng.
19
Ga a na ngwana, le fa e le setlogolo mo morafeng wa ga gabo; ga a na lesalela fa a neng a phela teng.
20
Ka ntlha ya letsatsi la tatlhego ya gagwe go tla rerega ba bophirimatsatsi, le ba botlhabatsatsi ba tshwarwa ke letshogo.
21
Ee, ke tsona tseo fela tse di dirafalelang malapa a basenyi; ke tsa ga gabo yo o sa itseng Modimo.”
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42