bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 33
Job 33
Tswana Setswana 1970
← Chapter 32
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 34 →
1
“Mme wena Jobe, a ko o utlwe dipuo tsa me; mafoko a me otlhe o a sekegele tsebe!
2
A ko o bone, ke butse molomo; go bua loleme lwa me mo magalapeng.
3
Mafoko a me ke a boammaaruri jwa pelo; molomo wa me o tla bua kitso e e phepa.
4
Mowa wa Modimo o ntirile; Mowa wa Mong-wa-thata-yotlhe o a mphedisa.
5
Fa o ka kgona, o mphetole; ipaakanye o eme fa pele ga me!
6
Bona, ke tshwana le wena fa pele ga Modimo: Le nna ke ngathilwe mo letsopeng.
7
Bona, a go mpoifa go se ka ga go tshabisa; ga nkitla ke go imela ka kgatelelo ya me.
8
Fela o buile mo ditsebeng tsa me, ka utlwa lentswe le le buang mafoko le re:
9
‘Ke itshekile, ga ke na boleo; ke nna yo o phepa, ga ke na molato.
10
Bonang, Modimo o bonye mabaka a go lwa le nna; o nkaya mmaba wa ona.
11
Dinao tsa me o di bofeletse mo dikoteng; o tlhokometse ditsela tsa me tsotlhe.’
12
Bona, ke a go fetola: Gona fao ga o mo nneteng, gonne Modimo o mogolo bogolo go motho.
13
Ke ka ntlha ya eng fa ò o lwantsha ò re: ‘Ga o arabe lefoko lepe la me.’
14
Gonne Modimo o bua gangwe le gape, mme motho ga a ele tlhoko:
15
O bua ka toro, ka pono bosigo, fa batho ba le borokong, fa ba robetse mo malaong.
16
Foo o thibolola batho ditsebe, o ba tlhagisa ka go ba tshosa,
17
gore o tlogedise motho ditiro tse di bosula, o latlhise monna boikgodiso;
18
gore o boloke mowa wa gagwe, a se ka a ya lebitleng, le bophelo jwa gagwe gore bo se ka jwa nyelela ka lerumo.
19
Le gona o a tle a otlwe ka botlhoko mo bolaong jwa gagwe le ka ntwa e e sa feleng mo marapong a gagwe.
20
Bophelo jwa gagwe bo mo tentshe bogobe; mowa wa gagwe o tenwe ke dijo tse di monate.
21
Nama ya gagwe e ote e sa tlhole e bonwa; go bonale marapo a gagwe a a neng a bipegile.
22
Mowa wa gagwe o atamele lebitla, bophelo jwa gagwe bo atamele ba ba tlisang loso.
23
Jaanong fa go na le moengele fa go ene, motsereganyi a le mongwe wa ba le sekete, gore a itsise motho tshwanelo ya gagwe,
24
foo o tla mo tlhomogela pelo a re: ‘Mo golole a se ka a tsena mo lebitleng! Ke bonye serekololo sa bophelo jwa gagwe.’
25
Foo nama ya gagwe e tla ntšhwafala, e tlala thata e ntšhwa; o tla boela malatsing a bošwa jwa gagwe.
26
Fa a rapela Modimo, ona o tla mo itumelela, o mo lebisa sefatlhego sa ona ka tuduetso, o busetsa motho tshiamo ya gagwe.
27
Ene o tla opelela batho a re: ‘Ke ne ke leofile, ka sokamisa tse di siameng, mme Modimo ga o a nkotla ka fa go ntebanyeng.
28
O nthekolotse gore ke se ka ka tsena mo lebitleng; bophelo jwa me bo ka itumelela lesedi.’
29
Bonang, Modimo o direla motho tsotlhe tseo gabedi le gararo,
30
e le go mo thibela go ya lebitleng gore a sedimosediwe ka lesedi la bophelo.
31
Ela tlhoko, Jobe, o nkutlwelele! Didimala, ke tla bua!
32
Fa o na le mafoko, mphetole! Bua, gonne nka itumela, fa o le mo nneteng.
33
Fa o se na phetolo, ntheetse! Didimala, mme ke tla go ruta botlhale.”
← Chapter 32
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 34 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42