bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 9
Job 9
Tswana Setswana 1970
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 10 →
1
Jobe a fetola a re:
2
“Ke nnete. Ke a itse gore go ntse jalo. Motho o ka nna jang mosiami fa pele ga Modimo?
3
Fa a rata go ganetsanya naô, a ka palelwa le ke go o araba potso e le nngwe fela mo go di le sekete.
4
Modimo o pelo-e-botlhale, o thata nonofong. Ke mang yo o kileng a o ganetsa, a se ka a bona petso?
5
Dithaba o a di sutisa, go sa lemogiwe; o di ribegetsa ka bogale jwa ona.
6
Lefatshe o a le roromisa, le tswe mo felong ga lone; maotwana a lone a be a reketle.
7
Letsatsi o a le laela, mme le se ke le tlhabe; dinaledi o a di bipa, di se ke di bonale.
8
Legodimo o le tsharolola o le osi, o gate mo godimo ga dintelo tsa lewatle.
9
O dirile dinaledi tsa ‘Bere e kgolo’ le tsa ‘Dikolobe’ le tsa ‘Selemela’ le tsa ‘Sefapaano’ kwa ntlheng ya borwa.
10
O dira tse dikgolo tse di se nang botlhotlhomiso le dikgakgamatso tse di se nang palo.
11
Bonang! O a mpheta, ke sa o bone; o a tlhaga, ke sa o lemoge.
12
Bonang, fa o amoga, o ka thibelwa ke mang? Ke mang yo o ka o botsang a re: ‘O dira eng?’
13
Modimo ga o buse bogale jwa ona; bathusi ba kgogela tlholegong ba ne ba o ikokobeletsa.
14
Jaanong nna ke mang yo nka o fetolang? Nka tlhopha jang mafoko a a o tshwanetseng?
15
Le fa nka bo ke le yo o siameng, ga ke na go o araba. Ke na le go kopa bopelotlhomogi mo go Moatlhodi wa me.
16
Fa ke o bitsa, o sa nkarabe, ga ke dumele gore o tla reetsa lentswe la me.
17
Kana o ka mpšhwetla ka ledimo, wa ntsifatsa dintho tsa me ka bomo.
18
Ga o ke o mpha nako ya go ka busa mowa, mme o nkgorisa matlhoko a a galakang.
19
Fa go lebilwe thata ya yo o tiileng, ona o na nayo. Fa go lebilwe tshiamo, ke mang yo o ka biletsang ona tshekong?
20
Le fa nka bo ke le yo o siameng, molomo wa me o ka bo o nkatlhola ke le moikepi; le fa ke se na molato, ona o ka mpona molato.
21
Ga ke na molato! Mme ga ke tlhole ke ikitse. Bophelo jwa me ke a bo nyatsa.
22
Go tshwana fela! Ke ka moo ke reng: Ona o fedisa mosiami jaaka moikepi.
23
Fa kotlo ya Modimo e bolaya ka tshoganyetso, o tshege tsholofologo ya ba ba se nang molato.
24
Lefatshe o le neetse mo diatleng tsa moikepi; o bipa difatlhego tsa baatlhodi ba lone. Fa e se ona, go dira mang?
25
Malatsi a me a fetile ka lobelo lwa go sia motabogi; a tshabile a ise a bone tse di molemo.
26
A ile ka bobebe jwa mekoro ya lotlhaka jaaka fa lenong le fologela kwa dijong.
27
Fa nka re: ‘A nke ke lebale selelo sa me, ke fetoge sefatlhego se se tlhontseng, e nne se se thabileng;’
28
ke gona ke tshogang matlhoko a me otlhe. Ke a itse gore ga o nke o nkaya yo o se nang molato.
29
Ke tshwanetse ka bo ke le molato. Ke itapisa felafela ka lebaka la eng?
30
Le fa ke le yo o tlhapang ka semathana; le fa ke tlhapa diatla ka molora:
31
Wena o tla ntatlhela seretseng gore ke tene diaparo tsa me.
32
Gonne ona ga se motho ka nna yo nka mo fetolang, yo nka yang nae kwa tshekong.
33
Ga go motsereganyi fa gare ga rona yo o ka bayang seatla sa gagwe mo go ona le mo go nna.
34
A o tlose thupa ya ona mo go nna! Theregiso ya ona a e se ka ya ntshosa!
35
Foo nka bo ke bua, ke sa o boife; kana maikutlo a me a tletse poifo.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42