bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 39
Job 39
Tswana Setswana 1970
← Chapter 38
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 40 →
1
“A o itse sebaka se mefele ya mafika e tsalang ka sona? A o disa ditholo, fa di segwa ke maralalo?
2
A o bala dikgwedi fa di ntse di dusa? A o itse sebaka se di tsalang ka sona?
3
Di kudupane di tsale bana ba tsone, di fetse go segwa ke maralalo.
4
Bana ba tsone ba tie ba golele mo nageng; ba di tlogele, mme ba se ke ba boele kwa go tsone.
5
Yo o rebotseng esele ya nageng ke mang, ke mang yo o bofolotseng dikgole tsa pitse ya nageng
6
e ke dirileng sekaka ntlo ya yona ka dira naga ya dikgalaopa bonno jwa yona?
7
E tshega modumo wa motse; ga e utlwe dikgalemelo tsa mokgweetsi.
8
E batla mafulo a yona kwa dithabeng, e latelela tsotlhe tse ditala.
9
A nare e ka rata go go direla? Gongwe a e ka lala fa segopong sa gago?
10
A o ka golega nare ka kgole ya yona gore e leme? Gongwe a e tla ega mekgatsha e go setse morago?
11
A o ka e ikanya, ka thata ya yona e le e kgolo? Gongwe a o ka e tlogelela tiro ya gago?
12
A o ikaega ka yona gore e tla busa kotulo ya gago, e e phuthela mo seboaneng sa gago?
13
Diphuka tsa ntšhwe yo monamagadi di a phuphutha. A diphuka le mafofa tsa gagwe di supa lorato?
14
Kana o tlogela mae a gagwe fa fatshe, mme a a thuthuse mo leroleng.
15
A lebale gore a ka gatakwa ke ditlhako gongwe a ka pšhwetlwa ke diphologolo tsa naga.
16
A direle bana ba gagwe ka bopeloethata jaaka e kete ga se ba gagwe. Le fa tiro ya gagwe e le ya lefela, ene ga a kgathale.
17
Gonne Modimo o mo timile botlhale; ga o a ka wa mo abela tlhaloganyo.
18
Mme e a re a phuphutha ka diphuka, a siane, a tshege pitse le mopalami wa yona.
19
A o naya pitse thata? A o apesa thamo ya yona ka moetse?
20
A o e matlisa jaaka tsie? Pudulo ya yona e e mabela e a boitshega.
21
E tiba ka ditlhako mo molapong e thabile; e bolole ka thata go kgatlhantsha marumo.
22
E tshega poifo, mme ga e tshoge; ga e boe go tshaba ditšhaka.
23
Mo go yona go tlharakana mokotlopo; go phatsima tšhaka le lerumo.
24
E ja naga ka loratla le lebelo; ga e eme, fa lonaka lo lela.
25
Ka nako le nako, fa go lela lonaka a re: ‘Ahee!’ Mme e dupelele tlhabano le dikgalemo tsa balaodi le mekgosi ya ntwa, e ntse e le kgakala.
26
A segodi se fofa ka tlhaloganyo ya gago, se tsharololela diphuka tsa sona kwa borwa?
27
Kampo a lenong le fofa kwa godimo ka taolo ya gago, le dire sentlhaga sa lone kwa godimo?
28
Le se agile mo mafikeng; le nna mo menong a dithaba le mo ditlhoeng tsa tsona.
29
Go tswa teng le tlhola dijo; matlho a lone a bonela kgakala.
30
Mamphorwana a lone le ona a nwa madi; mme fa go leng ditoto teng le lone le gona.”
← Chapter 38
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 40 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42