bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 23
Job 23
Tswana Setswana 1970
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 24 →
1
Ke fa Jobe a fetola a re:
2
“Le kajeno selelo sa me se a lo ganetsa; seatla sa ona se a nkimela, ke be ke fegelwe.
3
Ao! Nka bo ke itse kwa nka o fitlhelang teng, gore ke eme fa pele ga sedulo sa ona!
4
Nka bo ke phutholola mafoko a a siameng fa pele ga ona; ke tlatsa molomo wa me maitlhatso.
5
Ke ne ke tla itse mafoko a o mphetolang ka ona le go tlhaloganya tse o di buang le nna.
6
A o ka bo o seka le nna ka thata e kgolo? Nnyaya! O ka bo o utlwana le nna.
7
Gona monna wa nnete o ka bo a seka nao, mme ke ne ke tla gololwa mo go Moatlhodi wa me ka bosakhutleng.
8
Bonang, fa ke ya kwa botlhabatsatsi, ga a teng; le kwa bophirimatsatsi ga ke mmone.
9
Fa a le mo tirong kwa bokone, ga ke mo fitlhele; fa a fapogela kwa borwa, ga ke mo lemoge.
10
Gonne Modimo o itse tsamao ya me; fa o ka nteka, ke tla tswa jaaka gouta.
11
Lonao lwa me lo ntse lo gatile mo motlhaleng wa ona; ke ntse ke tshwere tsela ya ona, ke sa e fapoge.
12
Ga ke a tlogela taolo ya molomo wa ona; mafoko a molomo wa ona ke a bolokile bogolo go maikaelelo a me.
13
Mme ona ga o fetoge; ke mang yo o ka o thibelang? Se pelo ya ona e se ratang o a se dira!
14
Gonne o tla dirafatsa se o se mpeetseng. Dilo tse di ntseng jalo di dintsi mo go ona.
15
Ke ka moo ke tshogileng fa pele ga ona; fa ke di akanya, ke a o boifa.
16
Modimo o nkoafaditse pelo; Mong-wa-thata-yotlhe o ntshositse.
17
Gonne ga se lefifi le le mpolayang, le fa bontsho bo mpipile sefatlhego.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42