bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 32
Job 32
Tswana Setswana 1970
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 33 →
1
Jaanong banna ba bararo bao ba khutla go fetola Jobe; gonne o ne a ikaya yo o siameng.
2
Ke fa go galefa Elihu morwa Baragele wa kwa Busi wa losika lwa ga Rame; a tukela Jobe bogale ka a itshiamisa fa pele ga Modimo.
3
Le gona a galefela ditsala tse tharo tsa gagwe, ka gonne ba palelwa ke go fetola Jobe, mme ba mmona molato fela.
4
Ene Elihu o ne a iketlile bone ba ntse ba bua le Jobe; gonne ba ne ba le bagolo mo go ene, ba mo feta ka dinyaga.
5
Jaanong e rile Elihu a bona, fa go se na karabo mo melomong ya banna ba bararo bao, a tuka bogale.
6
Elihu morwa Baragele wa kwa Busi a fetola a re: “Nna ke sa le mošwa, lona lo ba bagolo lo mpheta ka dinyaga; ka moo ke ne ke itshwere, ka boifa go lo bolelela tse ke di itseng.
7
Ka re: ‘A go bolele banna bagolo ba ba nang le malatsi! A ba bontsi jwa dinyaga ba itsise botlhale!’
8
Fela ke mowa o o mo bathong, ke Mowa wa Mong-wa-thata-yotlhe o o ba tlhalefisang.
9
Ba bagolo ga se bone ba ba botlhale; ba ba tsofetseng ga ba tlhaloganye tse di siameng.
10
Ke ka moo ke reng: Ntheetseng! Le nna ke bolele se ke se itseng.
11
Bonang, ke emetse mafoko a lona, ka utlwelela dipuo tse di botlhale tsa lona, go fitlhelela lo bone mafoko a a siameng;
12
ka nna ka lo ela tlhoko, ka fitlhela go se na yo o fenyang Jobe; go se na ope mo go lona yo o fetolang mafoko a gagwe.
13
Lo se ka lwa re: ‘Re fitlhetse botlhale mo go ene! Modimo o tla mo kgona, e seng motho.’
14
Ga a ka a bolela mafoko go lwa le nna; le gona ga nka ke ka mo fetola jaaka go buile lona.
15
Ba nyemile moko; ga ba tlhole ba araba. Ba feletswe ke mafoko.
16
A nka leta, fa ba sa bue ba eme fela, ba sa tlhole ba araba?
17
Nnyaya! Le nna ke tla araba tse ke di abetsweng; le nna ke tla bolela tse ke di itseng.
18
Gonne ke tletse mafoko; mowa o o mo teng ga me o a ntlhotlheletsa.
19
Bonang, mafatlha a me a tshwana le weine e e belang e e sa thibololwang; a phanyega jaaka makuka a mašwa.
20
Ke na le go bua, gore ke hupologe mowa. Ke na le go bula molomo le go araba.
21
Ga nka ke ka goga le ope le e seng go kgatlha motho ka loleme.
22
Gonne ga ke itse go kgatlha motho ka loleme; Modiri wa me o ne a ka ntlosa ka bonako.
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42