bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 41
Job 41
Tswana Setswana 1970
← Chapter 40
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 42 →
1
“A o ka goga kwena ka kobe le go gatelela loleme lwa yona ka lodi?
2
A o ka tsenya mogala wa motlhatlha mo nkong ya yona? A o ka e phunya lesama ka kobe?
3
A e ka go kokotlela thata? Gongwe e bua nao ka boleta?
4
A e ka dira kgolagano nao gore o e tshole, e nne motlhanka wa gago ka metlha yotlhe?
5
A o ka tshameka nayo jaaka e kete ke nonyane? A o ka e golegela basetsana ba gago?
6
A batshwari ba ditlhapi ba ka e bapatsa ba e kgaoganyetsa barekisi?
7
A o ka tsepamisa marumo mo letlalong la yona gongwe dikobe tsa ditlhapi mo tlhogong ya yona?
8
Baya seatla sa gago mo go yona! O gopole tlhabano! Ga o kitla o dira gape.
9
Bona, tsholofelo ya go e tshwara e a aketsa; motho o tla wa fela, fa a e bona.
10
Ga go na ope yo o pelokgale go ka e rumola! Jaanong yo o ka emelanang le nna ke mang?
11
Ke mang yo o kileng a nnaya sengwe, yo ke ka mmusetsang? Kana tse di fa tlase ga legodimo lotlhe ke tsa me.
12
Ga nkitla ke didimala ka ga ditokololo tsa yona; ke raya dithata tsa kwena le bontle jwa popego ya yona.
13
Ke mang yo o ka e apolang letlalo? Ke mang yo o ka tsenang mo gare ga metlhagare e mebedi ya yona e ntse e utlwa?
14
Ke mang yo o ka bulang kgoro ya legano la yona? Meno a yona a boitshega ka ntlha tsotlhe.
15
Mokokotlo wa yona ke methalo ya dithebe tsa makape; a tshwaragantswe ka sekano se se tiileng.
16
Lengwe le pataganye le le lengwe; ga go tsene phefo mo gare ga ona.
17
Makape a ngaparelanye a lomaganye; ga a ka ke a patologana.
18
Go ethimola ga yona go phatsimisa lesedi; dintshi tsa matlho a yona di tshwana le mahube.
19
Mo leganong la yona go tswa dirumola; go tswa ditlhase tsa molelo.
20
Dinko tsa yona di kua musi jaaka pitsa e e bedisiwang ka molelo wa metlhatlha.
21
Pudulo ya yona e tukisa magala. Kgabo ya molelo e tswa mo leganong la yona.
22
Thata e mo thamong ya yona; poitshego e e etelela pele.
23
Matlhakore a mmele wa yona a ngaparelanye a tiile mo go yona; ga a tshikinyege.
24
Pelo ya yona e thata jaaka lefika; e tiile jaaka lelwala.
25
Fa e tsoga, go boifa dinatla, di tlhakane tlhogo ka go rerega.
26
Le fa motho a e rema ka tšhaka, tšhaka ga e kgone sepe, le fa e le lerumo gongwe motsu gongwe selepe.
27
Kwena e kaya tshipi bojang fela; kgotlho e e kaya dikgong tse di bodileng.
28
Motsu ga o ka ke wa e tshabisa; mafika a seragamajwe ke dirite mo go yona.
29
Molamu e o kaya dirite fela; e tshega mosumo wa lerumo.
30
Ka fa tlase e na le matlape a a bogale; e tlogela metlhala mo lorageng jaaka selei se se phothang.
31
E bedisa bodiba jaaka pitsa; e hudua letsha jaaka go huduiwa pitsana ya ditlhare.
32
E phatsimisa metsi fa morago ga yona; motlhala wa yona o tshwana le moriri o mmududu.
33
Mo lefatsheng ga go na selekane sa yona; e bopetswe go se boife.
34
E lebile tsotlhe tse dikgolo e sa boife, ka yona e le kgosi ya dibata tsotlhe tse di mabela.”
← Chapter 40
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 42 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42