bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 42
Job 42
Tswana Setswana 1970
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
1
Ke fa Jobe a fetola Morena a re:
2
“Ke a itse gore o kgona tsotlhe; ga o palelwe ke sepe se o se ikaeletseng.
3
O rile ke mang yo o fifatsang maikaelelo a me, yo o se nang kitso? Ke ka moo ke buileng ke se na tlhaloganyo; ka bua metlholo e e mpalelang, e ke sa e itseng.
4
Wa re: ‘A ko o utlwe gore go bue nna!’ Ke tla go botsa, wena o nthute!
5
Ke ne ke go utlwetse fela ka ditsebe, mme jaanong matlho a me a go bonye.
6
Ka moo ke a inyatsa, ke a ikwatlhaya ke le leroleng le moloreng.”
7
E rile Morena a sena go bua mafoko ao le Jobe, Morena a raya Elifase wa Themane a re: “Wena le ditsala tse pedi tsa gago, bogale jwa me bo lo tuketse; gonne ga lo a ka lwa bua ka ga me ka tshwanelo jaaka Jobe, motlhanka wa me.
8
Mme jaanong itseeleng dipoana tse di supang le diphelefu tse di supang, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo itirele setlhabelo se se fisiwang, mme a Jobe motlhanka wa me a lo rapelele; gonne ke ene fela yo ke tla mo lebang gore ke se ka ka lo direla tse di tshwanetseng bosilo jwa lona; gonne ga lo a ka lwa bua tse di siameng ka ga me jaaka Jobe motlhanka wa me.”
9
Ke fa Elifase wa Themane le Biletate wa Sua le Sofare wa Naama ba dira ka fa Morena a ba laetseng ka teng. Mme Morena a leba Jobe ka boitshwarelo.
10
Morena a ba a fetola tatlhego ya ga Jobe, fa a rapelela ditsala tsa gagwe, mme tsotlhe tse Jobe a neng a na natso pele Morena a di mmusetsa gabedi.
11
Ke fa bomorwa-rraagwe botlhe le bokgaitsadie botlhe le botlhe ba a neng a itsanye nabo pele ba tla kwa go ene, ba ja dijo nae mo ntlong ya gagwe, ba lela nae, ba mo gomotsa ka ntlha ya tatlhego yotlhe e Morena a e mo tliseditseng; le gona mongwe le mongwe a mo naya ledi le le lengwe le palamonwana e le nngwe.
12
Mme Morena a tshegofatsa Jobe go tloga jaanong bogolo go metlha ya pele: A rua difutshane di le 14 000 le dikammele di le 6 000 le dipholo tse di gogang di le 2 000 le diesele tse dinamagadi di le sekete.
13
A fiwa bana ba basimane ba ba supang le basetsana ba le bararo.
14
Morwadie wa ntlha a mmitsa Jemima, wa bobedi a mmitsa Ketsia, wa boraro a mmitsa Kerene-Hapuge.
15
Mme go ne go se na basadi mo lefatsheng lotlhe ba ba tshwanang le bomarwadia Jobe ka bontle; le gona rraabo a ba naya boswa mo gare ga bokgaitsadia-bone.
16
Morago ga moo Jobe a phela dinyaga di le 140, a bona bana ba gagwe le bana ba bana ba gagwe go fitlha losikeng lwa bone.
17
Jobe a swa a tsofetse, a kgotshe bophelo.
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42