bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 22
Job 22
Tswana Setswana 1970
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 23 →
1
Ga fetola Elifase wa Themane a re:
2
“A monna o ka thusa Modimo? Nnyaya, letlhale sa lone ke go itirela fela.
3
A o a re o kgatlha Mong-wa-thata-yotlhe, fa o le yo o siameng? A o a re o a mo thusa, fa o siamisa tsamao ya gago?
4
A o a re ke ka ntlha ya poifo-Modimo ya gago, fa a go otla, a go sekisa?
5
A ga ke re, bosula jwa gago ke jwa mefutafuta? Le gona melato ya gago ga e na fa e felelang teng!
6
O tsere dipeeletso mo go morwa-rraago, a se na molato; wa apola diaparo tsa ba ba tlhokang.
7
Yo o nyorilweng ga o a mo nosa metsi; yo o tshwerweng ke tlala o mo timile dijo.
8
O a re: Naga ke ya monna yo o bogale! Motlotlegi o nna mo go yona!
9
Batlholagadi o ba buseditse kwa morago ba iphotlhere fela; wa pšhwetla masiela mabogo.
10
Ke ka moo o dikanyeditsweng ke diru le therego e go tshosa ka tshoganyetso.
11
A kampo ga o bone lefifi le morwalela wa metsi a a go khurumetsang?
12
Modimo a ga o kwa godimo? Bona dinaledi tse di kwa godimodimo, di kwa godimo jang!
13
Mme wena o a re: ‘Modimo o itse eng? A o ka atlhola o le kwa morago ga bontsho jwa maru?’
14
O a re: ‘Maru a o thibile matlho, ga o bone! O itsamaela mo tikologong ya legodimo!’
15
A o rata go tsaya tsela ya bogologolo e baikepi ba tsamaileng ka yona
16
ba ba neng ba tlosiwa pele ga sebaka, ba tsewa ke morwalela wa metsi?
17
Ke ba ba reileng Modimo ba re: ‘Tloga mo go rona!’ Gape ba re: ‘Mong-wa-thata-yotlhe o ka re direlang?’
18
Mme e ne e le ene yo o tladitseng matlo a bone tse di molemo! – Kakanyo ya baikepi e kgakala le nna! –
19
Basiami ba a bona, ba a itumela; ba ba se nang molato ba a ba sotla ba re:
20
‘Ruri, ba ba neng ba re tlhoile ba nyeleditswe; le tse ba di tlogetseng di fisitswe ka molelo.’
21
A ko o ithuse ka go tsalana nao, o nne kagisong; tlhogonolo e tla go tlela ka go dira jalo.
22
A ko o amogele thuto e e tswang mo molomong wa ona; o bee mafoko a ona mo pelong ya gago!
23
Fa o boela kwa go Mong-wa-thata-yotlhe, fa o ikokobetsa o tlosa tshiamololo mo lapeng la gago;
24
fa o latlhela gouta ya gago leroleng le gouta ya Ofire kwa mafikeng a melapo
25
foo Mong-wa-thata-yotlhe o tla nna gouta ya gago le selefera e e phatsimang mo go wena;
26
ee, foo o tla itumelela Mong-wa-thata-yotlhe, o tsholeletsa Modimo sefatlhego.
27
O tla rapela Modimo, o tla go utlwa; o tla dirafatsa maikano a gago.
28
Fa o ikaelela sengwe, o tla se kgona; lesedi le tla phatsimela ditsela tsa gago.
29
Fa di ya kwa tlase, o tla re: ‘A ke tlhatloge!’ Modimo o tla thusa yo o ikokobetsang.
30
Ee, le yo o molato, o tla mo pholosa; a pholosiwa ka bophepa jwa diatla tsa gago.”
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42