bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 20
Job 20
Tswana Setswana 1970
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 21 →
1
Ga fetola Sofare wa Naama a re:
2
“Ke ka moo ke arabisiwang ke dikakanyo tsa me; ka lebaka leo maikutlo a me a a mpotlakisa.
3
Ke utlwile kgalemelo e e nkgopisang; ke na le temogo mo moweng wa me e e nkarabisang.
4
A ga ke re, o itse tsa bogologolo, tsa go tloga kgale, fa go tlholwa batho mo fatsheng?
5
Tse di reng: Moduduetso wa baikepi o mokhutshwanyane fela; boitumelo jwa ba ba pelompe ke jwa sebakanyana fela.
6
Le fa boikgantsho jwa moikepi bo ka tlhatlogela kwa legodimong, le fa tlhogo ya gagwe e ka ama maru,
7
o tla nyelelela ruri jaaka mantle a gagwe; ba ba kileng ba mmona ba tla re: ‘O fa kae?’
8
O tla timela jaaka toro a sa tlhole a ka bonwa; o tla kobiwa jaaka pono ya bosigo.
9
Leitlho le le kileng la mmona ga le tlhole le mmona; le felo ga gagwe ga go tlhole go mmona.
10
Bana ba gagwe ba tshwanetse go thabisa ba ba humanegileng; diatla tsa bone di na le go busa tse o di thukhuthileng.
11
Le fa marapo a gagwe a tletse thata ya bokau jwa gagwe, e tla lala nae loroleng.
12
Le fa bosula bo mo natefetse leganong, a bo fitlha ka fa tlase ga loleme lwa gagwe;
13
le fa a bo boloka, a sa rate go bo lesa a bo tshotse mo magalapeng a gagwe.
14
Dijo tsa gagwe di tla fetoga di le mo maleng a gagwe; e nna botlhole jwa mabolobolo ka mo teng ga gagwe.
15
Dikhumo tseo o di meditseng o tla di tlhatsa gape; Modimo o tla di gelola mo mpeng ya gagwe.
16
Botlhole jwa mabolobolo o a bo anya; loleme lwa noga lo a mmolaya.
17
Ga a nke a thaba ka go bona dinokana le dinoka tsa mafura a dinotshe le tsa mašwi a a themileng.
18
Tse o di itiretseng o a di ntsha gape, a ise a di metse; tse o di anantseng ga di na go mo itumedisa.
19
Gonne o ne a gatelela ba ba humanegileng, a ba latlha fela; a gapa ntlo, mme ga a kitla a e ntšhwafatsa.
20
E re ka a ne a sa khutle go eletsa mo teng ga gagwe, ga a kitla a phologa ka dilo tse a di ratang.
21
E rile a thopa, a bo a sa sadise sepe; ke ka moo a sa boneng lesego le le tlhomameng.
22
Le fa a na le letlotlo le le tletseng, o tla pitlaganngwa; mabogo otlhe a babogisegi a tla mo wela.
23
Morena o tla mo romela bogale jo bo tukang jwa gagwe, a bo mo nesetsa go nna dijo tsa gagwe le go tlatsa mpa ya gagwe.
24
Fa a tshaba dibolai tsa tshipi, o tla phololediwa ka bora jwa kgotlho.
25
Fa a re ke a itlhomola, motsu o tswa mo motlhaneng wa gagwe le tshipi e e phatsimang mo santlhokweng wa gagwe. O ya kwa losong, a wetswe ke matshogo.
26
Lefifi tota le baakanyeditswe mahumo a gagwe; molelo o o sa godiweng ke motho o tla mo nyeletsa, o feleletsa masalela a a mo lapeng la gagwe.
27
Legodimo le tla senola molato wa gagwe le lefatshe le mo tsogela.
28
Mahumo a a mo ntlong ya gagwe a tla thopiwa; a gogolwa ka letsatsi la bogale jwa ona.
29
Ke yona kabelo ya motho wa moikepi e e tswang mo Modimong; ke jona boswa jo o bo neetsweng ke Modimo.”
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42