bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 1
Deuteronomy 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 2 →
1
Mafoko ke a, a Moše o a buileng le Baiseraele botlhe kwa moseja ga Joretane mo sekakeng mo lebaleng la Joretane fa go lebaganyeng le Sufe fa gare ga Pharane le Thofele le Labane le Haserothe le Disahabe.
2
Go tloga kwa Horebe go ya go fitlha kwa Kateše-Barenea ka tsela ya dithaba tsa Seire ke leeto la malatsi a le some nngwe.
3
Ya re ka ngwaga wa 40, ka kgwedi ya 11, ka la ntlha la kgwedi Moše a bua le Baiseraele fela jaaka Morena a mo laetse ka ga bone.
4
E ne e le fa a sena go fenya Sihone kgosi ya Baamori, yo o neng a agile kwa Hešebone, le Oge kgosi ya Basane, yo o neng a agile kwa Ašetharothe, a mo fenya kwa Eterei.
5
Kwa moseja ga Joretane mo lefatsheng la Moabe Moše a simolola go phutholola molao o, a re:
6
“Morena Modimo wa rona o buile le rona kwa Horebe a re: ‘Lo ntse sebaka se se lekanyeng fa thabeng e.
7
Thelelang lo bolole lo ye kwa dithabeng tsa Baamori le kwa go botlhe ba ba bapileng nabo mo lebaleng la Joretane le mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase le mo nageng ya borwa le fa losing lwa lewatle kwa lefatsheng la Bakanana le kwa Lebanone go fitlha kwa nokeng e kgolo ya Ferathe.
8
Itseng gore ke lo neetse lefatshe leo. Tsenang lo thope lefatshe le Morena o le ikanetseng borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe go le ba naya, e bong losika lwa bone sehularong sa bone.’
9
“Ka sebaka seo ke ne ka lo raya ka re: ‘Ga ke kgone go lo rwala ke le nosi.
10
Morena Modimo wa lona o lo atisitse; bonang, kajeno lo kana ka dinaledi tsa legodimo ka bontsi.
11
Mme a Morena a lo okeletse ba ba kana ka lona gasekete, a lo tshegofatse jaaka a lo solofeditse!
12
Ke ne ke ka rwala jang ditapiso tsa lona le merwalo ya lona le dikgang tsa lona ke le nosi?’
13
Ka lo raya ka re: ‘Ntshang banna mo ditsong tsa lona ba ba tlhalefileng, ba ba nang le tlhaloganyo le temogo gore ke ba dire ditlhogo tsa lona.’
14
Lwa nkaraba lwa re: ‘Mafoko a gago a siame.’
15
Ka tsaya ditlhogo tsa ditso tsa lona, e bong banna ba ba tlhalefileng ba ba nang le temogo, ka ba dira ditlhogo tsa lona, ya nna balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo le balaodi ba 50 le balaodi ba masome le bakwaledi ba ditso tsa lona.
16
“Ka ba ka laela baatlhodi ba lona ka sebaka seo ka re: ‘Sekisang ba ga lona, lo atlhole ka tshiamo fa gare ga motho le mongwe-ka-ene gongwe moeng wa gagwe.
17
Lo se ka lwa gobelelela ope mo tshekong, lo reetse yo mmotlana fela jaaka yo mogolo, se boifeng ope. Gonne Modimo o batla tshiamo. Mme kgang e e lo palelang lo e tlise go nna gore ke e utlwe.’
18
Ka ba ka lo laela dilo tsotlhe ka sebaka seo tse lo tshwanetseng go di dira.
19
“Jaanong ra kuologa kwa Horebe, ra ralala sekaka sotlhe se segolo se se boitshegang se lo se bonyeng ka tsela e e yang kwa dithabeng tsa Baamori, jaaka Morena, Modimo wa rona, o ne o re laetse, ra fitlha kwa Kateše-Barenea.
20
Ka ba ka lo raya ka re: ‘Lo fitlhile fa dithabeng tsa Baamori tse Morena, Modimo wa rona, o tla di re nayang.
21
Bonang, ke lone lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le lo neileng. Bololang lo le thope jaaka Morena, Modimo wa borraeno, a lo solofeditse. Se boifeng, lo se tshoge!’
22
“Ke fa lo nkatamela lotlhe lo re: ‘A re romeng banna, ba re etelele pele, ba ye go re tlholela lefatshe, ba boe ba re bolelele tsela e re ka bololang ka yona le metse e re tla gorogang kwa go yona.’
23
“Ga nkgatlha, ka tsaya banna ba le 12 mo go lona, monna a le mongwe mo lotsong longwe le longwe.
24
Ba tloga ba tlhamalala ba tlhatlogela kwa dithabeng, ba fitlha fa nokaneng ya Ešekole, ba le tlhola.
25
Ba be ba tsaya maungo mangwe a lefatshe, ba re tlela nao, ba re bolelela ba re: ‘Lefatshe le siame le Morena, Modimo wa lona, o tla le re nayang!’
26
“Mme lwa gana go tlhatloga, lwa rukhutlhegela taelo ya Morena, Modimo wa lona.
27
Lwa ba lwa ngongorega mo ditenteng tsa lona lwa re: ‘Morena o re ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka a re tlhoile, go re neela mo diatleng tsa Baamori gore ba re nyeletse.
28
Re ka tlhatlogela kae? Ba ga rona ba re kgobile marapo ka go bua ba re: Morafe wa teng o mogolo, o moleele bogolo go rona; metse e megolo e femetswe go fitlha kwa legodimong. Le mekaloba re e bonye teng!’
29
“Mme ka lo raya ka re: ‘Se tshogeng le e seng go ba boifa!
30
Morena, Modimo wa lona, yo o lo etelelang pele, ke ene yo o tla lo tlhabanelang fela jaaka a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona,
31
le mo sekakeng kwa lo bonyeng teng jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo belege jaaka monna a tle a belege morwawe mo tseleng yotlhe e lo tsamaileng ka yona, ga tsamaya lwa ba lwa fitlha mo felong fano.’
32
Mme le fa go ntse jalo lo fela lo sa ikanye Morena, Modimo wa lona,
33
yo o neng a lo etelela pele mo tseleng go lo batlela felo fa lo ka thibelelang teng, bosigo e le ka molelo go lo bonegela mo tseleng e lo tla tsamayang ka yona, motshegare e le ka leru.
34
“Mme ya re Morena a utlwa mafoko a lo a buileng, a galefa, a ikana a re:
35
‘Ga go na ope mo banneng bao ba losika lo lo bosula loo yo o tla bonang lefatshe le le molemo le ke ikanneng go le naya borraeno,
36
fa e se Kalebe morwa Jefune, ene o tla le bona. Lefatshe le o neng a le gata ke tla le mo naya le bana ba gagwe, ka a setse Morena morago ka botlalo.’
37
Le nna Morena o ne a nkgalefela ka ntlha ya lona a re: ‘Le wena ga o kitla o fitlha teng.
38
Mme Jošua morwa Nune yo o go direlang ene o tla fitlha teng; mo tiise, gonne o tla le ruisa Baiseraele.
39
“ ‘Mme bana ba bannye ba lona ba lo rileng, ba tla nna thopo, le bana ba lona ba kajeno ba sa itseng molemo le bosula, bone ba tla fitlha teng, ke tla le ba naya, ba tla le rua.
40
Mme lona, boang lo kuologe lo ye kwa sekakeng ka tsela ya Lewatle la Motlhaka.’
41
“Ke fa lo mphetola lo re: ‘Re leofetse Morena. Jaanong re tla tlhatloga, re tlhabana fela jaaka Morena, Modimo wa rona, a re laetse.’ Lwa ba lwa tlhomela mongwe le mongwe dibolai tsa ntwa tsa gagwe, lwa re go botlhofo go tlhatlogela kwa dithabeng.
42
“Mme Morena a nthaya a re: ‘Ba ree o re: Se tlhatlogeng le e seng go tlhabana, gonne ga ke na le lona gore lo se ka lwa fenngwa ke baba ba lona.’
43
Ya re ke lo bolelela lwa se ka lwa utlwa, mme lwa rukhutlhegela taelo ya Morena, lwa ikgogomosa, lwa tlhatlogela teng.
44
Ke fa Baamori ba ba agileng mo dithabeng tseo ba bolola go lo kgatlhantsha, ba lo khutšhela jaaka go tle go dire dinotshe tsa semana, ba lo phatlalatsa go tloga kwa Seire go ya go fitlha kwa Horema.
45
Ya re lo boa, lo lela fa pele ga Morena, Morena a se ka a reetsa mantswe a lona le e seng go lo sekegela tsebe.
46
Lwa nna kwa Kateše malatsi a mantsi, e bong ona malatsi a lo neng lo nna teng ka ona.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34