bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 20
Deuteronomy 20
Tswana Setswana 1970
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 21 →
1
“E ne e re fa lo bolola go ya ntweng go tlhabana le baba ba lona, mme lo bona dipitse le dikoloi le batlhabani ba ba lo fetang ka bontsi, lo se ke lo boifa; gonne Morena, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto o na le lona.
2
Mme e re lo atamela tlhabano, a moperesiti a atamele, a bue le batlhabani,
3
a ba ree a re: ‘Utlwang, lona Baiseraele, lo atamela kajeno go ya go tlhabana le baba ba lona. Lo se ka lwa nyema moko le e seng go boifa, le e seng go tseana, le e seng go ba tshoga.
4
Gonne Morena, Modimo wa lona, o ya le lona gore a lo tlhabanele le baba ba lona, a lo namolele.’
5
“Jaanong a bakwaledi ba bue le batlhabani ba re: ‘Ke mang yo o agileng ntlo e ntšhwa, mme a ise a e kgakole? A a tsamae, a boele kwa gae, e se re gongwe a swela mo ntweng, mme monna yo mongwe a e kgakola.
6
Gape ke mang yo o tlhomileng tshimo ya moweine, mme a ise a je maungo a yona? A a tsamae, a boele kwa gae, e se re gongwe a swela mo ntweng, mme monna yo mongwe a tla go e ja letlotlwa.
7
Gongwe ke mang yo o beeletseng mosadi, mme a ise a mo tsee? A a tsamae, a boele kwa gae, e se re gongwe a swela mo ntweng, mme monna yo mongwe a mo tsaya.’
8
“Jaanong a bakwaledi ba bue gape le batlhabani ba re: ‘Ke mang yo o boifang, yo o nyemang moko? A a tsamae, a boele kwa gae gore ba ga gabo ba se ka ba nyema moko jaaka ene.’
9
Jaanong e ne e re fa bakwaledi ba feditse go bua le batlhabani, go bewa balaodi ba mephato ba ba etelelang batlhabani pele.
10
“E re o atamela motse go o tlhasela, o o tlhabele mokgosi wa kagiso.
11
Jaanong fa o go araba ka kagiso, o go bulela dikgoro, foo batho botlhe ba ba fitlhelwang mo go ona ba nne badiri ba mokuio ba gago ba go direle.
12
Mme fa o sa rate go agisanya nao, mme o dira ntwa nao, gona o o dikanyetse ka ntwa.
13
E re Morena, Modimo wa gago, a o neela mo diatleng tsa gago, o bolae banna botlhe ba ona ka bogale jwa tšhaka.
14
Fela basadi le bana le diruiwa le tsotlhe tse di mo motseng, e bong thopo yotlhe ya ona o e ithopele, o je thopo ya baba ba gago e Morena, Modimo wa gago, o e go neileng.
15
O direle metse yotlhe jalo e e kgakala thata nao, e seng metse ya ditšhaba tsa mono.
16
“Fa e le mo metseng ya ditšhaba tseno e Morena, Modimo wa gago, o tla e go nayang go nna boswa, o se ka wa lesa sepe go phela se se hemang,
17
mme o ba dirafaletse khutso ya Modimo, e bong Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, jaaka Morena, Modimo wa gago, a go laetse;
18
e se re gongwe ba lo ruta go dira makgapha otlhe a bone a ba a direlang medimo ya bone, mme lwa leofela Morena, Modimo wa lona.
19
“E ne e re o dikanyetsa motse ka ntwa malatsi a mantsi ka go o tlhasela gore o o thope, o se ke o senya ditlhare tsa ona ka go di rema ka selepe; gonne o ka ja maungo a tsona, mme o se ka wa di rema. A ditlhare tsa masimo ke batho naa, mo o tshwanetseng go di dikanyetsa ka ntwa?
20
Fela ditlhare tse o di itseng gore ga se ditlhare tse di jewang, tsona o ka di senya, wa di rema, wa aga tsa go tlhasela motse ka tsona o o lwang nao go tsamaya o be o fenngwe.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34