bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 27
Deuteronomy 27
Tswana Setswana 1970
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 28 →
1
Moše a ba a laela morafe a na le bagolo ba Iseraele, a re: “Tlhokomelang ditaolo tsotlhe tse ke di lo laelang kajeno.
2
E re ka letsatsi le lo tla tshelang Joretane ka lone, lo ya kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang, lo itlhomele mafika a magolo, lo a take ka taka;
3
lo kwale mafoko otlhe a molao oo mo go ona, lo sena go tshela gore lo tle lo tsene kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang, lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, jaaka Morena, Modimo wa borraeno, a lo solofeditse.
4
E re lo sena go tshela Joretane, lo tlhome mafika ao ke lo laelang ka ga ona kajeno kwa thabeng ya Ebale, lo a take ka taka.
5
Le gona lo agele Morena, Modimo wa lona, aletare ya majwe teng; lo se ka lwa a betla ka tshipi.
6
Lo age aletare ya Morena, Modimo wa lona, ka majwe a a sa betlwang, lo direle Morena, Modimo wa lona, ditlhabelo tsa phiso mo go yona.
7
Lo be lo tlhabe ditlhabelo tsa tebogo, lo jele teng, lo itumele fa pele ga Morena, Modimo wa lona.
8
Lo kwale mafoko otlhe a molao oo mo mafikeng ao, lo a gwaye sentle.”
9
Moše a ba a bua le Baiseraele botlhe a na le baperesiti le Balefi, a re: “Didimalang, Baiseraele, lo reetse! Kajeno lo diregile morafe wa Morena, Modimo wa lona.
10
Utlwang he lentswe la Morena, Modimo wa lona, lo dire ka fa ditaolong tsa gagwe le ka fa melaong ya gagwe tse ke di lo laelang kajeno.”
11
Moše a laela morafe ka letsatsi leo a re:
12
“Ditso tse di tshwanetseng go ema mo thabeng ya Gerisime go tshegofatsa morafe, le sena go tshela Joretane, ke Simeone le Lefi le Juta le Isašare le Josefa le Benyamene.
13
Mme tse di tshwanetseng go ema mo thabeng ya Ebale go hutsa ke Rubene le Gate le Asere le Sebulone le Dane le Nafetale.
14
A Balefi ba bue, ba ree banna botlhe ba Iseraele ka mantswe a a tlhatlositsweng ba re:
15
“ ‘Go hutsitswe monna yo o dirang modimo wa seseto gongwe o o bopilweng, o e leng maila mo Moreneng, e le tiro ya diatla tsa setswerere fela, a ba a o baya mo sephiring.’ Mme a morafe otlhe o arabe o re: ‘A go nne jalo!’
16
“ ‘Go hutsitswe yo o nyatsang rraagwe gongwe mmaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
17
“ ‘Go hutsitswe yo o katosang molelwane wa mongwe-ka-ene.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
18
“ ‘Go hutsitswe yo o timetsang sefofu mo tseleng.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
19
“ ‘Go hutsitswe yo o kgopamisang tshiamelo ya moeng gongwe ya lesiela gongwe ya motlholagadi.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
20
“ ‘Go hutsitswe yo o robalang le mosadi wa ga rraagwe, gonne o bipolotse kobo ya ga rraagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
21
“ ‘Go hutsitswe yo o robalang le seruiwa sengwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
22
“ ‘Go hutsitswe yo o robalang le kgaitsadie, morwadia rraagwe gongwe morwadia mmaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
23
“ ‘Go hutsitswe yo o robalang le matsalaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
24
“ ‘Go hutsitswe yo o bolayang mongwe-ka-ene mo sephiring.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
25
“ ‘Go hutsitswe yo o rekwang ka thelesetso gore a tle a bolae motho yo o se nang molato.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
26
“ ‘Go hutsitswe yo o sa dirafatseng mafoko otlhe a molao oo ka go dira ka one.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 28 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34