bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 3
Deuteronomy 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 4 →
1
“Ra ba ra tswelela, ra tlhatloga le tsela e e yang kwa Basane. Ke fa Oge kgosi ya Basane a bolola go re kgatlhantsha ene le morafe otlhe wa gagwe go tlhabana le rona kwa Eterei.
2
Mme Morena a nthaya a re: ‘Se mmoife, gonne ke mo neetse mo seatleng sa gago le morafe otlhe wa gagwe le lefatshe la gagwe gore o mo direle jaaka o diretse Sihone, kgosi ya Baamori yo o neng a agile kwa Hešebone.’
3
“Ke fa Morena, Modimo wa rona, a neela le Oge, kgosi ya Basane, le morafe otlhe wa gagwe mo diatleng tsa rona; ra mo fenya, a ba a tlhoka yo o falolang.
4
Ra thopa metse yotlhe ya gagwe ka sebaka seo; ga se ka ga nna motse ope o re se kang ra o ba amoga. E ne e le metse e le 60, e bong naga yotlhe ya Aregobe ya puso ya ga Oge kwa Basane.
5
Metse yotlhe eo e ne e femetswe ka dipota tse di godimo le dikgoro le mephakarego, go sa balwe metse e mentsintsi e e sa femelwang.
6
Ra ba dirafaletsa khutso ya Modimo jaaka re ne ra direla Sihone, kgosi ya Hešebone, ra senya motse mongwe le mongwe, ra bolaya banna le basadi le bana ka khutso ya Modimo.
7
Mme diruiwa tsotlhe le thopo ya metse ra di ithopela.
8
“Ra tsaya lefatshe jalo ka sebaka seo mo diatleng tsa dikgosi tse pedi tsa Baamori le le ka kwano ga Joretane go tloga nokaneng ya Arenone go ya go fitlha kwa thabeng ya Heremone. (
9
Heremone yoo Basitone ba mmitsa Sirione, mme Baamori ba mmitsa Senire.)
10
Ra tsaya metse yotlhe ya lebala le Gileate yotlhe le Basane yotlhe go fitlha kwa Salega le kwa Eterei, metse ya puso ya ga Oge kwa Basane.”
11
Gonne Oge kgosi ya Basane o ne a setse a le esi fela wa masalela a Barefaime. Bonang, letlole le a fitlhilweng ka lone la tshipi le kwa Raba mošate wa Baamone. Boleele jwa lone ke mabogo a le 9, bophara jwa lone ke mabogo a le 4, ka fa letsogong la monna.
12
“Lefatshe leo ra le thopa ka sebaka seo. Jaanong ka naya Barubene le Bagate naga go tloga kwa Aroere yo o fa nokaneng ya Arenone le bontlhanngwe jwa dithaba tsa Gileate le metse ya teng.
13
Ka ba ka naya bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase naga e e setseng ya Gileate le Basane yotlhe, e bong puso ya ga Oge; ke naga yotlhe ya Aregobe.” Basane yotlhe yoo o bidiwa lefatshe la Barefaime.
14
Jaire oora Manase a tsaya naga yotlhe ya Aregobe go fitlha kwa molelwaneng wa Bakesure le Bamaagatha, a bitsa metsana ya teng ya Basane ka leina la gagwe: Metsana ya ga Jaire. E bidiwa jalo go fitlha letsatsing leno.
15
“Magire ene ke mo neile Gileate.
16
Barubene le Bagate ke ba file naga go tloga kwa Gileate go fitlha kwa nokaneng ya Arenone, molelwane o le fa gare ga nokana, le go fitlha kwa nokaneng ya Jaboke molelwane wa Baamone
17
le lebala la Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi, Joretane e le molelwane go tloga kwa Khinerethe go fitlha kwa Lewatleng la Lebala, e bong Lewatleng la Letswai fa tlase ga thaba ya Phiseka.
18
“Ka sebaka seo ka lo laela ka re: ‘Morena, Modimo wa lona, o lo neile lefatshe leo go le rua. Fela lona lotlhe ba lo nonofetseng tlhabano lo tshwanetse go etelela ba ga lona, Baiseraele, pele lo tlhometse.
19
Ke basadi ba lona le bana ba lona fela ba ba tla salang mo metseng ya lona e ke e lo fileng mmogo le diruiwa tsa lona. Ke a itse gore lo na le diruiwa tse dintsi.
20
Fa Morena a sena go naya ba ga lona boikhutso jaaka lona, mme le bone ba rua lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o tla le ba nayang kwa moseja ga Joretane, foo lo ka boela kwa gae, mongwe le mongwe kwa bosweng jwa gagwe jo ke bo lo fileng.’
21
“Le gona ke laetse Jošua ka sebaka seo ka re: ‘Matlho a gago a bonye tsotlhe tse Morena, Modimo wa lona, a di diretseng dikgosi tse pedi tseo. Morena o tla direla magosi otlhe jalo a o tla tshelelang kwa go ona.
22
Lo se ka lwa ba boifa; gonne ke Morena, Modimo wa lona, yo o lo tlhabanelang.’
23
“Ke ne ka kokotlela bopelotlhomogi mo Moreneng ka sebaka seo ka re:
24
‘Morena Modimo, o simolotse go supetsa motlhanka wa gago bogolo jwa gago le letsogo la gago le le tiileng; gonne modimo ke ofe kwa legodimong le mono lefatsheng o o ka dirang ditiro tse di tshwanang le tsa gago, wa dira ka thata e kgolo jaaka wena?
25
Tsweetswee nte ke tshelele kwa moseja, ke bone lefatshe le lentle le le kwa moseja ga Joretane le dithaba tse dintle tsele le tsa Lebanone!’
26
“Mme Morena o ne a sa ntse a nkgalefetse ka ntlha ya lona, a se ka a nkutlwa. Morena a nthaya a re: ‘Go ntse! O se ka wa tlhola o bua gape le nna ka ga seo se.
27
Tlhatlogela kwa setlhoeng sa thaba ya Phiseka, o tlhaeletse matlho a gago kwa bophirimatsatsi le kwa bokone le kwa borwa le kwa botlhabatsatsi, o le bone ka matlho a gago. Ka gonne ga o kitla o tshela Joretane yo.
28
Mme laya Jošua, o mo tiise, o mo nonotshe; gonne ene o tla tshela, a etelela morafe o pele, a ba jesa lefatshe boswa le o tla le bonang.’
29
“Ra nna jalo mo lebaleng le le lebaganyeng le Bethe-Pheore.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34