bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 34
Deuteronomy 34
Tswana Setswana 1970
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
1
Jaanong Moše a tloga kwa mabaleng a Moabe, a tlhatlogela mo thabeng ya Nebo setlhoeng sa Phiseka e e lebaganyeng le Jerigo. Mme Morena a mmontsha lefatshe lotlhe la Gileate go ya kwa go la Dane
2
le la Nafetale lotlhe le lefatshe la Eferaime le Manase le lefatshe lotlhe la Juta go ya lewatleng la bophirimatsatsi
3
le naga ya borwa le molapo wa Joretane le lebala la Jerigo, motse wa mekolane, go ya kwa Soare.
4
Morena a ba a mo raya a re: “Ke lone lefatshe le ke le ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe ka re: ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’ Ke le go bontshitse gore o le bone ka matlho fela, mme ga o kitla o tshelela gona.”
5
Mme Moše, motlhanka wa Morena, a swela teng kwa lefatsheng la Moabe ka fa lefokong la Morena.
6
Morena a mo fitlha mo mogorogorong kwa lefatsheng la Moabe fa go lebaganyeng le Bethe-Pheore, mme go se na ope yo o itseng phupu ya gagwe go fitlha letsatsing leno.
7
E rile Moše a swa, a bo a le dinyaga di le 120. Leitlho la gagwe le ne le sa koafala le thata ya gagwe e ne e sa ngotlege.
8
Baiseraele ba lelela Moše mo mabaleng a Moabe malatsi a le 30; ya ba gona malatsi a go lelela le go hutsafalela Moše a felang.
9
Mme Jošua, morwa Nune o ne a tletse mowa wa botlhale, gonne Moše o ne a mmeile diatla. Mme Baiseraele ba mo utlwa, ba dira jaaka Morena a laetse Moše.
10
Mme ga se ka ga tlhola go tsoga moporofeti gape mo Iseraeleng yo o tshwanang le Moše yo Morena o neng a kopana nae ba lebagantse difatlhego;
11
go se ope yo o tshwanang nae ntlheng ya ditshupo tsa mefutafuta le dikgakgamatso tse Morena o neng a mo roma gore a di dire kwa lefatsheng la Egepeto mo go Farao le mo batlhankeng botlhe ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la gagwe
12
le ntlheng ya maipontsho otlhe a letsogo le le tiileng le ditiro tse dikgolo tsotlhe tse di boifisang tse Moše o neng a di dira mo matlhong a Baiseraele botlhe.
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34