bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 31
Deuteronomy 31
Tswana Setswana 1970
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 32 →
1
Moše a ya a bua mafoko a le Baiseraele botlhe,
2
a ba raya a re: “Kajeno dinyaga tsa me di 120; ga ke tlhole ke kgona go bolola le go goroga, mme Morena o ntheile a re: ‘Ga o kitla o tshela Joretane.’
3
Morena, Modimo wa lona, ke ene yo o tla tshelang, a lo etelela pele; o tla nyeletsa ditšhaba tsele ka esi fa pele ga lona gore lo di leleke mo go di-tsa-tsone. Jošua ene o tla tshela, a lo etelela pele jaaka Morena a buile.
4
Morena o tla di direla jaaka a ne a direla Sihone le Oge, dikgosi tsa Baamori le lefatshe la tsone tse o neng a di nyeletsa.
5
E re Morena a di neela mo diatleng tsa lona lo di direle ka fa taelong yotlhe e ke e lo laetseng.
6
Nnang bopelokgale lo tie, lo se ka lwa boifa le e seng go ba tshoga; gonne Morena, Modimo wa lona, o tla ya le lona ka esi; ga a kitla a lo hularela le e seng go lo tlogela.”
7
Moše a ba a bitsa Jošua, a mo raya mo matlhong a Baiseraele botlhe a re: “Nna bopelokgale o tie; gonne wena o tla tsena mmogo le morafe o mo lefatsheng le Morena o le ikanetseng borraabo go le ba naya; o tla le ba abela go nna boswa.
8
Morena ke ene yo o tla go etelelang pele, o tla nna nao. Ga a kitla a go hularela le e seng go go tlogela. O se ka wa boifa le e seng go tshoga.”
9
Jaanong Moše a kwala molao o, a o neela baperesiti, boora Lefi ba e neng e le basikari ba Letlole la Kgolagano ya Morena le bagolo botlhe ba Iseraele.
10
Moše a ba laela a re: “E ne e re go fela dinyaga di supa, ka nako ya ngwaga wa go phimola melato, ka Moletlo wa Metlaagana,
11
fa Baiseraele botlhe ba tla go bonala fa pele ga sefatlhego sa Morena, Modimo wa lona, mo felong fa o tla go tlhophang, go buisiwa molao o fa pele ga Baiseraele botlhe mo ditsebeng tsa bone.
12
Kgobokanyang morafe, e bong banna le basadi le bana le baeng ba lona ba ba mo metseng ya lona gore ba tle ba reetse le gore ba ithute go boifa Morena, Modimo wa lona, ba tlhokomele go dirisa mafoko otlhe a molao o.
13
Le bana ba bone ba ba sa o itseng a ba o reetse, ba ithute go boifa Morena, Modimo wa lona, ka malatsi otlhe a ba tla phelang ka ona mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya kwa go lone go le rua.”
14
Morena a ba a raya Moše a re: “Bona, malatsi a gago a go swa a atametse. Bitsa Jošua, lo eme mo Tenteng ya Boipontsho gore ke mo laele.” Moše le Jošua ba ya ba ema mo Tenteng ya Boipontsho.
15
Ke fa Morena a iponatsa kwa Tenteng ka pinagare ya leru, mme pinagare ya leru e ne e eme fa mojakong wa Tente.
16
Morena a raya Moše a re: “Bona, o tla robala le borraago, mme morafe o, o tla sala o dira boaka ka go latela medimo e sele ya lefatshe le o tla tsenang mo go lone; teng o tla ntlogela, o senya kgolagano ya me e ke e dirileng nabo.
17
Ka sebaka seo bogale jwa me bo tla o tukela, mme ke tla ba tlogela, ke ba subela sefatlhego sa me, mo ba tla jegang, ba dirafalelwa ke masula a mantsi le ditlalelo. Ka sebaka seo ba tla re: ‘A ga re a dirafalelwa ke masula ao, ka Modimo wa rona o se na le rona?’
18
Mme ke tla ba subela sefatlhego sa me gotlhe ka sebaka seo ka ntlha ya bosula jotlhe jo ba bo dirileng, ka ba ineetse medimo e sele.
19
“Jaanong he, ikwaleleng sefela se, lo se rute Baiseraele, lo se tsenye mo melomong ya bone gore sefela se e nne mosupi wa me ka ga Baiseraele.
20
Gonne ke tla ba gorosa kwa lefatsheng, le ke le ikanetseng borraabo le le elang mašwi le dinotshe; fela e tla re ba se na go ja le go kgora le go nona, ba ineele medimo e sele, ba e direle, ba nnyatse, ba senye kgolagano ya me.
21
Mme fa masula a mantsi le ditlalelo di ba dirafalela, sefela se se tla supa fa pele ga bone e le mosupi; gonne ga se kitla se lebalwa, se tloga mo melomong ya bana ba bone. Se tla supa gore ke ntse ke itse kakanyo ya bone e ba e akanyang kajeno, ke ise ke ba gorose kwa lefatsheng le ke le ikanetseng borraabo.”
22
Ke fa Moše a kwala sefela seo ka letsatsi leo, a se ruta Baiseraele.
23
Mme Morena a laela Jošua, morwa Nune, a re: “Nna pelokgale, o tie; gonne wena o tla gorosa Baiseraele kwa lefatsheng le ke le ba ikanetseng, mme nna ke tla nna nao.”
24
E rile Moše a se na go kwala mafoko a molao oo mo lokwalong le go a fetsa,
25
a laela Balefi, basikari ba Letlole la Kgolagano ya Morena, a re:
26
“Tsayang lokwalo lo lwa molao, lo lo bee fa thoko ga Letlole la Kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, gore lo nne teng e le mosupi ka ga lona.
27
Gonne nna ke itse borukhutlhi jwa lona le dithamo tsa lona tse di gagametseng. Bonang, fa lo ne lo rukhutlhegela Morena sebakeng seno, ke sa ntse ke phela le lona, morago ga loso lwa me gona go tla nna jang!
28
Jaanong he, phuthelang bagolo botlhe ba ditso tsa lona go nna le bakwaledi ba lona gore ke bue mafoko a mo ditsebeng tsa bone, ke ba biletse legodimo le lefatshe go nna basupi ka ga bone.
29
Gonne ke itse gore, morago ga loso lwa me lo tla senya bogolo, lo fapoga tsela e ke e lo laetseng. Ka moo lo tla wela mo tatlhegong ka malatsi a bofelo, ka lo tla dira tse di bosula mo matlhong a Morena; mme lo tla mo gakatsa ka tiro ya diatla tsa lona.”
30
Moše a ba a bolela mafoko a sefela se mo ditsebeng tsa phuthego yotlhe ya Iseraele, a ba a a fetsa:
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 32 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34