bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 14
Deuteronomy 14
Tswana Setswana 1970
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 15 →
1
“Lona lo bana ba Morena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa iphatsa le e seng go ipeola fa godimo ga phatla ka ntlha ya moswi.
2
Gonne lo morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa lona. Morena o lo tlhophile mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng gore lo nne morafe wa gagwe.
3
“Lo se ka lwa ja sepe se se maila.
4
Ditshedi tse lo ka di jang ke kgomo le nku le podi
5
le kgama le tshephe le tholo le mfele le phala le kukama le phuti
6
le setshedi sengwe le sengwe mo ditsheding se se ditlhako di maphata, di le maphata a le mabedi tota, se e bileng se otla, sona lo ka se ja.
7
Fela tse lo sa tshwanelang go di ja mo go tse di otlang le tse di ditlhako di maphata gotlhe ke kammele le mmutla le pela; gonne di a otla, mme ga di ditlhako di maphata; di lo itshekologetse;
8
le kolobe, gonne e ditlhako di maphata, mme ga e otle; e lo itshekologetse. Lo se ka lwa ja sepe sa dinama tsa tsona le e seng go ama ditoto tsa tsona.
9
“Tse lo ka di jang mo go tse di mo metsing ke tsotlhe tse di nang le diphuka le makape, tsona lo ka di ja.
10
Mme tsotlhe tse di se nang diphuka le makape lo se ka lwa di ja; di lo itshekologetse.
11
“Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.
12
Tse lo sa tshwanelang go di ja mo go tsona ke ntswi le makgwane le lenong le lentsho
13
le segodi le digootsane le mefuta ya tsona
14
le mefuta yotlhe ya magakabe
15
le ntšhwe le moleane le lenongnyana la lewatle le bophakalane le mefuta ya bone
16
le ubane le morubisi le moseleketane
17
le tlhangwe le lenong le lesetlha le kokolohute
18
le mokololwane le mmamasiloanoka le mefuta ya yona le makapatsiane le mamathwane.
19
“Ditshedinyana tsotlhe tse di diphuka di lo itshekologetse; ga di a tshwanela go jewa.
20
Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.
21
“Lo se ka lwa ja setshedi sepe se se suleng ka bosona. Lo ka se naya moeng yo o mo metseng ya lona gore a se je, gongwe lo ka se rekisa mo mothong wa setšhaba se sele. Gonne lona lo morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa apaya potsane ka mašwi a mmaayo.
22
“O tshwanetse go ntsha karolo ya some ya thobo yotlhe ya dijwalo tsa gago, e bong ya tse di tswang kwa masimo ka ngwaga le ngwaga.
23
Karolo ya some ya mabele a gago le ya matute a moweine a gago le ya lookwane lwa gago le maitibolo a dikgomo tsa gago le a difutshane tsa gago, o di jele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, kwa felong fa o tla go tlhaolang go baya leina la gagwe teng gore o tle o ithute go boifa Morena, Modimo wa gago, ka metlha yotlhe.
24
Mme fa Morena, Modimo wa gago, a go tshegofaditse, mme tsela e le telele mo go wena, mme o palelwa ke go rwala karolo ya some, ka felo fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng go le kgakala nao,
25
gona o e rekise madi, o a tsee ka seatla a phuthetswe, o be o ye kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang.
26
O be o ntshe madi, o reke tsotlhe tse pelo ya gago e di eletsang, e ka nna kgomo gongwe sefutshane gongwe weine gongwe bojalwa, le fa e le eng se pelo ya gago e se batlang, o di jele teng fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o itumele wena le ba lapa la gago.
27
“Le Molefi yo o mo metseng ya gago o se ka wa mo tima, gonne ga a na kabelo gongwe boswa mo go wena.
28
E ne e re mo bofelong jwa ngwaga wa boraro o ntsha karolo yotlhe ya some ya thobo ya gago ngwageng oo, o e baya mo metseng ya gago.
29
Jaanong a go tle Balefi – ka ba se na kabelo gongwe boswa mo go wena – le baeng le masiela le batlholagadi ba ba mo metseng ya gago, ba je ba kgore gore Morena, Modimo wa gago, a tle a go tshegofatse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago e o e dirang.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34