bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 5
Deuteronomy 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 6 →
1
Jaanong Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Lona Baiseraele, utlwang melao le ditshwanelo tse ke di buang mo ditsebeng tsa lona gompieno, lo di ithute, lo tlhokomele gore lo dire ka tsona.
2
Morena, Modimo wa rona, o dirile kgolagano le rona kwa Horebe.
3
Morena ga a ka a dira kgolagano eo le borraarona fela, mme e le le rona ka rosi ba re phelang, le rona rotlhe ba re leng fano kajeno.
4
Morena o buile le lona kwa thabeng a le mo molelong, difatlhego di lebaganye. (
5
Nna ke eme fa gare ga Morena le lona ka sebaka seo gore ke lo itsise lefoko la Morena; gonne lo ne lo boifa molelo, lo sa ka ke lwa tlhatlogela kwa thabeng.) Morena a re:
6
“ ‘Ke nna Morena, Modimo wa gago, yo ke go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka.
7
“ ‘O se nne le medimo epe e sele ke ntse ke le teng.
8
“ ‘O se ka wa itirela modimo wa seseto, le fa e le setshwantsho sepe sa tse di kwa godimo mo legodimong, le fa e le sa tse di mo lefatsheng, gongwe sa tse di mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe.
9
“ ‘O se ka wa e obamela le e seng go e direla. Gonne nna Morena, Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa o ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo le go ya losikeng lwa boraro le lwa bone mo go ba ba ntlhoileng.
10
Mme ba tshika di le dikete ba ba nthatang le go tlhokomela ditaolo tsa me ke ba direla ka bopelotlhomogi.
11
“ ‘O se ka wa bolela leina la Morena, Modimo wa gago, mo go sa tshwanelang; gonne yo o bolelang leina la gagwe mo go sa tshwanelang, Morena ga a kitla a mo lesa a sa mmetse.
12
“ ‘Tlhokomela letsatsi la Sabata gore o le itshepise, jaaka Morena, Modimo wa gago, a go laetse.
13
Dira ka malatsi a marataro, o fetse tiro yotlhe ya gago.
14
Mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa Morena, Modimo wa gago. Se dire tiro epe ka lone, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le kgomo ya gago le esele ya gago le seruiwa sengwe le sengwe sa gago le moeng wa gago yo o mo dikgorong tsa gago gore motlhanka wa gago le lelata la gago ba ikhutse jaaka wena.
15
O nne o gakologelwe gore o ne o le motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go ntsha teng ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng. Ke ka moo Morena, Modimo wa gago, a go laetseng gore o ilele letsatsi la Sabata.
16
“ ‘Tlotla rraago le mmaago jaaka Morena, Modimo wa gago, a go laetse gore malatsi a gago a nne mantsi le gore o tshele sentle mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang.
17
“ ‘O se ka wa bolaya.
18
“ ‘Le gona o se ka wa akafala.
19
“ ‘Le gona o se ka wa utswa.
20
“ ‘Le gona o se ka wa bua maaka ka ga mongwe-ka-wena.
21
“ ‘Le gona o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe-ka-wena. Le gona o se ka wa eletsa ntlo ya mongwe-ka-wena le e seng tshimo ya gagwe le e seng motlhanka wa gagwe le e seng lelata la gagwe le e seng kgomo ya gagwe le e seng esele ya gagwe le e seng sepe se e leng sa mongwe-ka-wena.’
22
“Ke ona mafoko a Morena o a buileng le phuthego yotlhe ya lona kwa thabeng a le mo molelong le mo lerung le mo bontshong ka lentswe le legolo, a se ka a oketsa sepe; a ba a a kwala mo matlapeng a maboti a mabedi, a a nneela.
23
“Mme e rile lo utlwa lentswe le tswa mo lefifing, lo bona thaba e ntse e tuka molelo, lwa tla go nna, e bong ditlhogo tsotlhe tsa ditso tsa lona le bagolo ba lona,
24
lwa re: ‘Bona, Morena, Modimo wa rona, o re supeditse kgalalelo ya gagwe le bogolo jwa gagwe, mme re utlwile lentswe la gagwe le tswa mo molelong. Kajeno re bonye gore Modimo o ka bua le motho, mme a tshela.
25
Jaanong he, re tla swelang? Kana molelo o mogolo oo o tla re ja; fa re sa ntse re tswelela pele go utlwa lentswe la Morena, Modimo wa rona, re ka swa.
26
Gonne ke mang mo bathong botlhe yo o kileng a utlwa lentswe la Modimo o o phelang, o bua o le mo molelong jaaka rona re le utlwile, mme a tshela?
27
A go atamele wena, o utlwe tsotlhe tse Morena, Modimo wa rona, o tla di buang, o be o re bolelele tsotlhe tse Morena, Modimo wa rona, o tla di buang nao; re tla di utlwa, re di dirisa.’
28
“Mme e rile Morena a utlwa mafoko a lona, fa lo bua le nna, Morena a nthaya a re: ‘Ke utlwile mafoko a batho ba a ba a buileng nao; tsotlhe tse ba di buileng di siame.
29
E kete ba ka bo ba ntse ba na le dipelo tse di ntseng jalo gore ba mpoife, ba tlhokomele ditaolo tsa me tsotlhe ka metlha yotlhe gore ba tle ba tshele sentle le bana ba bone ka bosakhutleng.
30
Yaa o ba ree o re: Boelang kwa ditenteng tsa lona.
31
Mme wena sala fano o eme fa go nna, ke tle ke go bolelele ditaolo tsotlhe le melao le ditshwanelo tse o tla di ba rutang gore ba dire ka tsona mo lefatsheng le ke tla le ba nayang go le ja boswa.’
32
“Tlhokomelang he gore lo dire jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo laetse; lo se ka lwa fapogela ntlheng ya le le jang le e seng mo ntlheng ya la molema.
33
Sepelang gotlhe fela mo tseleng e Morena, Modimo wa lona, a e lo laetseng gore lo tle lo tshele, lo tlhogonolofale, lo nne malatsi a mantsi mo lefatsheng le lo tla le ruang.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34