bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 29
Deuteronomy 29
Tswana Setswana 1970
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 30 →
1
Ke ona mafoko a kgolagano e Morena o neng a laetse Moše go e dira le Baiseraele kwa lefatsheng la Moabe kwa ntle ga kgolagano e o e dirileng nabo kwa Horebe.
2
Mme Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Lo bonye tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le batlhanka botlhe ba gagwe le lefatshe lotlhe la gagwe mo matlhong a lona kwa lefatsheng la Egepeto.
3
Ke diteko tse dikgolo tse matlho a lona a di bonyeng, ditshupo tsele le dikgakgamatso tsele.
4
Mme go fitlha letsatsing leno Morena ga a ise a lo nee dipelo tse di ka lemogang le matlho a a ka bonang le ditsebe tse di ka utlwang.
5
Ke lo tsamaisitse dinyaga di le 40 mo sekakeng; diaparo tsa lona tse lo di apereng ga di a ka tsa onala le ditlhako tsa lona tse lo di rweleng mo dinaong ga di a ka tsa onala.
6
Ga lo a ka lwa ja senkgwe le e seng go nwa weine gongwe bojalwa, lwa di tingwa gore lo tle lo itse, fa e le nna Morena, Modimo wa lona.
7
Mme e rile lo fitlha mono, ga bolola Sihone, kgosi ya Hešebone le Oge, kgosi ya Basane, ba re tlhasela, mme ra ba fenya,
8
ra thopa lefatshe la bone, ra le naya Barubene le Bagate le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase go nna boswa.
9
Tlhokomelang he mafoko a kgolagano e, lo dire ka ona gore lo tle lo tshegofale mo go tsotlhe tse lo tla di dirang.
10
“Lo eme lotlhe kajeno fa pele ga Morena, Modimo wa lona, e bong ditlhogo tsa ditso tsa lona le bagolo ba lona le baokamedi ba lona le banna botlhe ba Iseraele
11
le bana ba lona le basadi ba lona le baeng ba lona ba ba mo bothibelelong jwa lona, le fa e le ba ba fatsang dikgong tsa lona gongwe ba ba lo gelang metsi
12
gore lo tsene mo kgolaganong ya Morena, Modimo wa lona, e Morena, Modimo wa lona, o e dirang le lona kajeno e a e tiisitseng ka maikano le khutso
13
gore a tle a lo dire morafe wa gagwe kajeno, a be a nne Modimo wa lona jaaka a lo solofeditse le jaaka a ikanetse borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe.
14
Kgolagano e, e e tiisitsweng ka maikano le khutso, ga ke e dire le lona fela,
15
mme e bile ke e dira le ba ba se nang le rona fano kajeno, fela jaaka ke e dirile le ba ba nang le rona fano, ba eme fa pele ga Morena, Modimo wa rona, kajeno.
16
“Kana lo itse ka losi ka fa re neng re ntse ka teng kwa lefatsheng la Egepeto le ka fa re neng ra ralala ditšhaba ka teng tse lo di raletseng,
17
lwa bona maila a bone le medimo e e maswe ya bone ya logong le ya lentswe le ya selefera le ya gouta e ba nang nayo.
18
Jaanong a go se ka ga nna ope mo go lona yo pelo ya gagwe e hularelang Morena, Modimo wa rona, kajeno, e seng monna gongwe mosadi gongwe losika gongwe lotso go ya go direla medimo ya ditšhaba tseo, e se re gongwe ga nna modi mo go lona o o ungwang mogau le longana.
19
A go se ka ga nna ope yo e reng a utlwa mafoko a maikano le a khutso a ikaketsa mo pelong ya gagwe a re: ‘Ke tla tshela sentle, le fa ke sepela mo boithatelong jwa pelo ya me;’ ka go dira jalo go ka latlhega lefatshe lotlhe, le le metsi mmogo le le le omileng.
20
Monna yo o ntseng jalo Morena o tla gana go mo itshwarela; gonne foo bogale jwa Morena bo tla mo tukela le lefufa la gagwe; dikhutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo di tla mo dirafalela, mme Morena o tla phimola leina la gagwe fa tlase ga legodimo.
21
Morena o tla mo lomologanya le ditso tsotlhe tsa Iseraele go mo isa tatlhegong ka fa dikhutsong tsotlhe tsa kgolagano e e kwadilweng mo lokwalong lo lwa molao.
22
“Mme go tla botsa losika lwa metlha e e tlang lwa bana ba lona ba ba tla nnang teng sehularong sa lona le ba ditšhaba di sele ba ba tswang kwa lefatsheng le le kgakala mogang ba bonang dipetso tsa lefatshe le, le malwetse a lone a Morena o a tshetseng mo go lone
23
go le sebabole le letswai, naga yotlhe ya lone e le pilo fela, le sa lengwe, le sa tlhogise sepe, go sa mele morogo ope mo go lone, le tshwana le thibegetso ya Sotoma le Gomora le Atema le Seboime tse Morena a di ribegeditseng mo bogaleng jwa gagwe le mo kgalefong ya gagwe;
24
ditšhaba tsotlhe di tla botsa di re: ‘Ke ka ntlha ya eng, fa Morena a diretse lefatshe leno jalo? Bogale jo bo tukang jo bogolo jo ke jwa go reng?’
25
Go tla twe: ‘Ke ka go re ba tlogetse kgalagano ya Morena, Modimo wa borraabo, e o dirileng nabo, jale fa a ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto;
26
ba ya ba direla medimo e sele, ba e obamela, medimo e ba neng ba sa e itse, e Morena a sa e ba laolelang.
27
Ke ka moo bogale jwa Morena bo tuketseng lefatshe le gore a le dirafaletse dikhutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo.
28
Morena o bile a ba kumola mo mmung wa bone ka bogale le ka kgalefo le ka kgakatsego e kgolo, a ba latlhela kwa lefatsheng le sele jaaka go ntse kajeno.’
29
“Tse di sa senolwang ke tsa Morena, Modimo wa rona; tse di senotsweng ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleng gore re dirise mafoko otlhe a molao o.
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34