bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 26
Deuteronomy 26
Tswana Setswana 1970
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 27 →
1
“E re o sena go tsena kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang go nna boswa, mme o sena go le rua le go nna mo go lone,
2
o tsee mabutswapele mangwe a maungo otlhe a masimo, a o tla a kotulang mo lefatsheng la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang, o a tsenye mo serotong, o ye kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng,
3
o ye kwa go moperesiti yo o tla bong a le teng ka metlha eo, o mo ree o re: ‘Kajeno ke begela Morena, Modimo wa me, gore ke gorogile mo lefatsheng le Morena a le ikanetseng borraetsho go le re naya.’
4
“Jaanong a moperesiti a tsee seroto mo seatleng sa gago, a se bee fa pele ga aletare ya Morena, Modimo wa gago.
5
Mme o tlhatlose lentswe, o bolele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o re: ‘Rraetsho e ne e le Mosiria yo o kgarakgatshegang, a fologela kwa Egepeto, a ya go jaka teng, a na le batho ba se kae fela, mme teng a nna setšhaba se segolo, se se thata, se sentsi.
6
Mme Baegepeto ba ne ba re direla bosula, ba re gatelela, ba re dirisa tiro e e bokete.
7
Ke fa ra goela Moreneng, Modimo wa borraarona, mme Morena a utlwa selelo sa rona, a bona pogisego ya rona le tapisego ya rona le pitlaganyo ya rona.
8
Morena a ba a re hudusa kwa Egepeto ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng le ka theregiso e kgolo le ka ditshupo le dikgakgamatso,
9
a re gorosa felong fano, a re naya lefatshe leno, lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.
10
Jaanong bona, ke tlisitse mabutswapele a maungo a lefatshe le o le nneileng, wena Morena,’ – o be o a bee fa pele ga Morena, Modimo wa gago,
11
o itumelele tse di molemo tsotlhe tse Morena, Modimo wa gago, a di go fileng le ba lapa la gago, wena le Molefi le moeng yo o nang nao.
12
“E ne e re o sena go ntsha karolo ya some yotlhe ya thobo ya gago ka ngwaga wa boraro wa go thusa batlhoki ka karolo ya some le go e naya Molefi le moeng le lesiela le motlholagadi gore ba e je mo metseng ya gago, ba kgore,
13
o tla o rapela fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o re: ‘Ke tlositse tse di boitshepo mo ntlong ya me, ke bile ke di neile Molefi le moeng le lesiela la motlholagadi fela jaaka o ntaetse. Ga ke a tlola taolo epe ya gago le e seng go lebala epe.
14
Ga ke a ka ka ja sepe sa tsona mo bohutsaneng jwa me le e seng go tlosa sepe sa tsona ke itshekologile, le e seng go naya moswi sepe sa tsona. Ke utlwile lentswe la Morena, Modimo wa me; ke dirile fela jaaka o ntaetse.
15
A ko o okomele o le kwa boagong jo bo boitshepo jwa gago jo bo kwa legodimong, o tshegofatse morafe wa gago wa Iseraele le lefatshe le o le re neileng jaaka o ikanetse borraetsho, e bong lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.’
16
“Kajeno Morena, Modimo wa gago, o go laela gore o dirise melao eo le ditshwanelo tseo, o di tlhokomele, o di dire ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe.
17
Kajeno o utlwile Morena a re, ene o tla nna Modimo wa gago, mme wena o tsamae mo ditseleng tsa gagwe, o tlhokomele melao ya gagwe le ditaolo tsa gagwe le ditshiamelo tsa gagwe, o utlwe lentswe la gagwe.
18
Kajeno Morena o go utlwile o re, wena o tla nna morafe wa gagwe o o mo ineetseng jaaka a go solofeditse, o tlhokomela ditaolo tsotlhe tsa gagwe.
19
Morena o rile a re, ene o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng ka pako le tumo le bontle gore o nne morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa gago, jaaka a buile.”
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34