bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 22
Deuteronomy 22
Tswana Setswana 1970
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 23 →
1
“O se ka wa re fa o bona kgomo ya wa ga eno gongwe nku ya gagwe e timetse wa e tlhokomologa, mme o tshwanetse go e busetsa kwa go mong wa yona.
2
Mme fa mong wa yona a se gaufi nao gongwe o sa mo itse, gona o e gapele mo sakeng la gago, o e dise go tsamaya wa ga eno a ba a e batla, mme wa kgona go e mmusetsa.
3
Le gona o dire jalo ka esele ya gagwe le ka seaparo sa gagwe le ka sengwe le sengwe se se mo latlhegetseng, mme o se bona. O se ka wa mo lomeletsa.
4
“O se ka wa re, fa o bona esele ya wa ga eno gongwe kgomo ya gagwe e wetse mo tseleng, wa e tlhokomologa; o tshwanetse go mo thusa go e tsosa.
5
“A seaparo sa monna se se ka sa aparwa ke mosadi, le gona a monna a se ka a apara seaparo sa mosadi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tse ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago.
6
“Fa o fitlhela sentlhaga sa nonyane o le mo tseleng se le mo setlhareng sengwe gongwe fa fatshe, se na le mamphorwana gongwe mae, mme mmaaona a elame mo mamphorwaneng gongwe mo maeng, o se ka wa tsaya mmaao mmogo le mamphorwana.
7
O ka itseela mamphorwana, wa lesa mmaao a fofa gore o tlhogonolofale, o be o tshele go le goleele.
8
“E re o aga ntlo e ntšhwa, gona o agelele thulelo e papetla ya yona ka dipota gore o se ka wa rwesa ntlo ya gago molato wa polao fa motho a ka wa mo go yona.
9
“O se ka wa jwala peo e sele mo tshimong ya moweine ya gago, e se re gongwe tsotlhe ya nna tsa Felo-ga-Boitshepo, e bong thobo ya peo eo le maungo a moweine.
10
“O se ka wa lema ka kgomo le esele mmogo.
11
“O se ka wa apara seaparo sa dilo di le pedi sa boboa jwa setshedi le letseta mmogo.
12
“Itirele dikola mo mejeng e mene ya kobo ya gago e o e aparang.
13
“E re fa monna a tsaya mosadi, a tsena kwa go ene, a ba a tenwa ke ene,
14
a mmolela ka tse dimpe, a mo senya leina a re: ‘Ke tsere mosadi yo, mme ya re ke mo atamela, ka fitlhela e se lekgarebe,’
15
gona a rraagwe morweetsana le mmaagwe ba ntshe ditshupo tsa bokgarebe jwa gagwe, ba di ise kwa bagolong ba motse kwa lekgotleng.
16
Jaanong a rraagwe morweetsana a ree bagolo a re: ‘Monna yo ke mo neetse morwadiake go nna mosadi wa gagwe. Mme jaanong e re ka a mo tene,
17
o mmaya molato wa dilo tse dimpe a re: Ke fitlhetse morwadio e se lekgarebe! Mme ditshupo tsa bokgarebe jwa ga morwadiake ke tse.’ Bagolo ba gagwe ba be ba phutholole kobo fa pele ga bagolo ba motse.
18
Jaanong a bagolo ba motse oo ba tshware monna yoo ba mmetse,
19
ba mo lefise diselefera di le lekgolo, ba di nee rraagwe morweetsana, ka a sentse leina la lekgarebe la Moiseraele. Jaanong a le nne mosadi wa gagwe ka malatsi otlhe a gagwe, a sa tshwanela go mo tlhala ka gope.
20
“Mme fa e le mafoko a nnete, mme morweetsana a fitlhetswe e se lekgarebe,
21
a ba ntshe morweetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka majwe gore a swe, ka a dirile boatla mo go Iseraele ka go dira boaka mo ntlong ya ga rraagwe. O tlose bosula jalo mo go wena.
22
“E re fa monna a fitlhelwa a robetse le mosadi yo o nyetsweng ke monna, a ba swe ka bobedi jwa bone, monna yo o robetseng le mosadi le ene mosadi. O tlose bosula jalo mo go Iseraele.
23
“Fa go le morweetsana wa lekgarebe yo o beeletsweng ke monna, mme monna yo mongwe a kgatlhana nae mo motseng, a robala nae,
24
lo ba ntshe kwa kgorong ya motse oo ka bobedi jwa bone, lo ba kgobotletse ka majwe gore ba swe, morweetsana, ka a se ka a itlhabela mokgosi a le mo motseng, le monna, ka a sentse mosadi wa mongwe-ka-ene. O tlose bosula jalo mo go wena.
25
“Mme fa monna a kgatlhana le morweetsana yo o beeletsweng kwa nageng, mme monna a mo tshwara a robala nae, gona a monna yo o robetseng nae a swe a le esi.
26
Mme morweetsana o se ka wa mo dira sepe. Morweetsana ga a na boleo jo bo tshwanetseng loso. Kana tiro e, e tshwana le ya monna yo o tsogelang mongwe-ka-ene, a mmolaya.
27
Gonne monna o kgatlhanye nae kwa nageng, mme morweetsana yo o beeletsweng o ne a goa, mme go se na ope yo o ka mo thusang.
28
“Fa monna a kgatlhana le morweetsana wa lekgarebe yo o iseng a beelelwe, a mo tshwara, a robala nae, mme ba bonwa,
29
gona a monna yo o robetseng nae a nee rraagwe morweetsana diselefera di le 50, mme morweetsana e nne mosadi wa gagwe, ka a mo sentse; ga a kgone go mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe.
30
“A monna a se ka a nyala mosadi wa ga rraagwe; a se ka a bipolola kobo ya ga rraagwe.
← Chapter 21
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 23 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34