bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 7
Deuteronomy 7
Tswana Setswana 1970
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 8 →
1
“E re fa Morena, Modimo wa gago, a go fitlhisa kwa lefatsheng le o tla yang kwa go lone go le rua, mogang a lelekang ditšhaba tse dikgolo fa pele ga gago, e bong Bahethe le Bagiregasi le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ditšhaba tse dikgolo di supa tse di thata bogolo go wena,
2
mme Morena, Modimo wa gago, a di go neela gore o di fenye, foo o di bolae gotlhe di hutsitswe ke Modimo, mme o se ka wa dira kgolagano natso le e seng go di utlwela botlhoko.
3
Le gona lo se ka lwa nyalana nabo: Bomorwadia-lona lo se ka lwa ba neela bomorwa-bone; le gona bomorwadia-bone lo se ka lwa ba tseisa bomorwa-lona.
4
Gonne ba ka ikepisa bomorwa-lona mo go nna gore ba direle medimo e sele, mme bogale jwa Morena bo ka lo tukela, a lo nyeletsa ka pele.
5
Mme lo ba direle jaana: Senyang dialetare tsa bone, lo thubaganye majwe a a motloutlo a bone, lo remaganye medimako ya Ašera ya bone, lo fise medimo ya diseto ya bone ka molelo.
6
Gonne lo morafe o o itshepetseng Morena, Modimo wa lona. Morena, Modimo wa lona, o lo tlhophile go nna morafe wa gagwe o a o ruileng, a o tlhaotse mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng.
7
“Fa Morena a lo ratile, a lo tlhopha, ga se ka gonne lo feta merafe yotlhe ka bontsi – kana lo morafe o monnyennye mo merafeng yotlhe –
8
mme Morena o ne a lo hudutsha ka letsogo le le tiileng, a lo golola mo ntlong ya botlhanka mo seatleng sa ga Farao kgosi ya Egepeto, ka Morena a lo ratile, a tlhokomela maikano a o neng a a ikanetse borraalona.
9
Lemoga he, fa Morena, Modimo wa gago, e le ona Modimo wa nnete, ona Modimo o o ikanyegang; ba ba o ratang, ba tlhokomela ditaolo tsa ona, o ba bolokela kgolagano le bopelotlhomogi go ya losikeng lwa sekete.
10
Mme ba ba o tlhoileng o tla ba busolosa, o ba tlhamalaleditse ka go ba isa tatlhegong; ga o kitla o diegela yo o o tlhoileng, o tla mmusolosa, o mo tlhamalaleditse.
11
Tlhokomela he taelo le melao le ditshwanelo tse ke di go laelang kajeno gore o dire ka tsona.
12
“E re ka lo tla reetsa ditshwanelo tseo, lo di tlhokomela, lo dira ka tsona, Morena, Modimo wa lona, o tla lo bolokela kgolagano le bopelotlhomogi tse a di ikanetseng borraalona.
13
O tla go rata, a go tshegofatsa, a go atisa; a ba a tshegofatsa leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago, e bong mabele a gago le matute a moweine a gago le lookwane lwa gago le dinamane tsa dikgomo tsa gago le dikwana le dipotsane tsa difutshane tsa gago mo lefatsheng le a le ikanetseng borraeno go le go naya.
14
O tla bo o tshegofaditswe bogolo go merafe yotlhe. Ga go kitla go nna le moopa mo go wena wa monna gongwe wa mosadi, le e seng moreba mo diruiweng tsa gago.
15
Morena o tla tlosa bolwetse bongwe le bongwe mo go wena. Ga a kitla a go bolaya ka malwetse ape a Egepeto a a botlhoko a o a itseng, mme o tla a bolaisa botlhe ba ba go tlhoileng.
16
O tla nyeletsa merafe yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o tla e go neelang. A leitlho la gago le se ka la ba rekegela. O se ka wa direla medimo ya bone; gonne moo e ka nna seru mo go wena.
17
“Fa o ka akanya mo pelong ya gago o a re: ‘Ditšhaba tse, di dikgolo go mpheta; nka kgona jang go di leleka?’
18
Se di boife, mme o nne o gopole tse Morena, Modimo wa gago, a di diretseng Farao le Baegepeto botlhe
19
le diteko tse dikgolo tse matlho a gago a di bonyeng le ditshupo le dikgakgamatso le seatla se se tiileng le letsogo le le otlologileng, tseo Morena, Modimo wa gago, a go hudusitseng ka tsona. Morena, Modimo wa gago, o tla direla merafe yotlhe jalo e o e boifang.
20
Le gona Morena, Modimo wa gago, o tla ba romela mefukgomo go tsamaya ba ba setseng ba ba iphitlhileng fa pele ga gago ba be ba nyelele.
21
O se ka wa ba tshoga; gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao e le Modimo o mogolo o o boitshegang.
22
Morena, Modimo wa gago, o tla leleka ditšhaba tseo fa pele ga gago a iketlile; ga lo ka ke lwa di fedisa ka pele, e se re gongwe dibata tsa naga tsa lo atela.
23
Morena, Modimo wa gago, o tla di go neela, a di tseanya ka tseanyo e kgolo go tsamaya di be di nyelediwe.
24
O tla neela dikgosi tsa tsona mo seatleng sa gago gore o nyeletse maina a tsona fa tlase ga letsatsi; ga go na ope yo o tla itseng go emelana nao go tsamaya o be o ba nyeletse.
25
Ditshwantsho tsa medimo ya diseto ya bone o di fise ka molelo. Se eletse selefera gongwe gouta tse di mo go tsona le e seng go di itseela, e se re gongwe wa raelwa ka tsona; gonne ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago.
26
O se ka wa tsenya maila ao mo ntlong ya gago, wa tloga wa nna yo o hutsitsweng ke Modimo jaaka tsona; o di kae maila, di go tene tota, gonne di hutsitswe ke Modimo.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34