bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 32
Deuteronomy 32
Tswana Setswana 1970
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 33 →
1
“Heelang magodimo, tlhwayang ditsebe, ke bolele; heela lefatshe, reetsa dipolelo tsa molomo wa me!
2
A thuto ya me e sarasare jaaka pula, a polelo ya me e rothe jaaka monyo; e etse marothodi a pula mo botalaneng le jaaka pula ya medupe mo morogong.
3
Gonne ke tla baka leina la Morena ke re: Neelang Modimo wa rona tlotlo.
4
“Ke ene Lefika; tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di siame. Ke Modimo o o ikanyegang o o se nang bokgopo; o siame, o tlhamaletse.
5
Ba o senyeditse. Ga se bana ba one, ba tshwana le tshubaba fela; ke losika lo lo sokameng lo lo kgopo gotlhe.
6
A lo leboga Morena jalo, lona morafe o o bosilo o o se nang tlhaloganyo? A ga se ene rraago yo o go bopileng? A ga se ene yo o go dirileng, a go baakanya?
7
“Gopolang malatsi a bogologolo, tlhokomelang dinyaga tsa ditshika tsotlhe. Botsa rraago, o tla go itsise, le banna bagolo ba ga eno ba tla go bolelela.
8
E rile Mogodimodimo a abela ditšhaba boswa, ya re a kgaoganya bana ba batho, a sega melelwane ya merafe ka fa palong ya Baiseraele.
9
Gonne kabelo ya Morena ke morafe wa gagwe; Jakobe ke boswa jwa gagwe jo bo lekantsweng.
10
“A mmona mo lefatsheng la sekaka, fa go tobekanyeng mo selelong sa naga ya dibata. A mo agelela, a mmabalela, a mo sireletsa jaaka thaka ya leitlho la gagwe,
11
jaaka ntswi e tsosa bana ba sentlhaga sa yona, e kala godimo ga mamphorwana a yona, e tsharolola diphuka tsa yona, e a tshola, e a rwala mo diphukeng tsa yona.
12
Morena a mo tsamaisa a le esi, go se na modimo o sele nae.
13
“A mo palamisa mafelo a a godimo a lefatshe, a mo jesa maungo a naga, a mo nosa mafura a semana mo lefikeng le lookwane mo majweng a legakwa
14
le madila a dikgomo le mašwi a difutshane mmogo le mafura a dikwana le diphelehu; a mo jesa dipoo tsa Basane le diphoko, mmogo le mabele a a nonofileng, wa nwa madi a maungo a moweine, weine e e lefulo.
15
“Ješurune a nona, a ja mokaragana – wa nona, wa tswa mmele, wa akola – a tlhokomologa Modimo o o mo dirileng, a nyatsa lefika la pholoso ya gagwe.
16
Ba tsosa lefufa la ona ka go direla medimo e sele, ba o gakatsa ka makgapha.
17
Ba tlhabela medemone e e seng Modimo le medimo e ba neng ba sa e itse e mešwa e e leng gona e tlang e borraabo ba neng ba sa e itse.
18
O tlhokomologile lefika le le go tsetseng, wa lebala Modimo o o go belegeng.
19
“Ya re Morena a bona jalo, a ba latlha, a gakaletse bomorwawe le bomorwadie.
20
A re: ‘Ke tla ba subela sefatlhego sa me, ke bone gore ba tla felela kae; gonne bone ke losika lo lo sokameng gotlhe, ke bana ba ba sa ikanyegeng.
21
E re ka ba tsositse lefufa la me ka tse e seng Modimo, ba nkgakatsa ka medimo ya bone ya boithamako, le nna ke tla tsosa lefufa la bone ka ba e seng morafe, ke tla ba gakatsa ka setšhaba se se bosilo.
22
Gonne molelo o simolotse go tuka ka bogale jwa me, wa tuka go ya kwa felong ga baswi kwa tlasetlase; wa ja lefatshe le tse le di tlhogisang, wa tshuba metheo ya dithaba.
23
“ ‘Ke tla ba kgobokanyetsa masula, ke tla feleletsa metsu ya me mo go bone.
24
E re ba feletswe ka tlala, ba jegile ka go tuka bolelo le ka malwetse a a galakang, ke ba romele meno a dibata mmogo le botlhole jwa dinoga tse di gagabang mo leroleng.
25
Ka kwa ntle tšhaka e tla ba amoga ba ga bone le therego ka mo matlwaneng, makau mmogo le makgarebe le masea le banna ba babududu.
26
Nka bo ke rile: Ke tla ba budula, ke khutlisa batho go ba gopola,
27
fa nka bo ke sa boifa go nkgakatsa ga mmaba, e se re gongwe bagateledi ba bone ba fosa ba re: Diatla tsa rona di ne di le thata; ga se Morena yo o dirileng tsotlhe tse.’
28
“Gonne Baiseraele ke setšhaba se se latlhegetsweng ke dikgakololo; ga ba na tlhaloganyo.
29
Fa ba ka bo ba tlhalefile, ba ka bo ba tlhaloganya tseo, ba lemoga ka fa ba tla felang ka teng.
30
Mmaba a le mongwe o ka khutšhela jang ba le sekete? Ba le babedi ba ka leleka jang ba le 10 000? Kana ke go re, Lefika la bone le ba rekisitse, Morena o ba latlhile.
31
Gonne lefika la bone ga le tshwane le Lefika la rona; le baba ba rona ba bua jalo.
32
Gonne moweine wa bone ke wa Sotoma le wa masimo a moweine a Gomora; maungo a moweine a bone ke a a botlhole, ba na le masitlha a a galakang.
33
Weine ya bone ke botlhole jwa mokwepa le botlhole jo bo setlhogo jwa mabolobolo.
34
“Tseo a ga di a bolokwa fa go nna, tsa kanwa mo mahumong a me
35
go ya letsatsing la pusoloso le tefetso, go ya sebakeng se dinao tsa bone di tla thekeselang ka sona? Gonne letsatsi la tatlhego ya bone le gaufi; tse di tla ba welang di a itlhaganela.
36
Gonne Morena o tla direla morafe wa gagwe tshiamo, a utlwela batlhanka ba gagwe botlhoko. Gonne o tla bona, fa thata e feleletse, fa go feleletse yo o bofegileng le yo o gololesegileng.
37
Morena o tla re: ‘Le kae lefika le ba neng ba tshabela kwa go lone, medimo ya bone e kae
38
e e neng e ja mafura a ditlhabelo tsa bone, e nwa weine ya tshupelo ya noo ya bone. A e nanoge, e lo thuse gore e nne phemelo ya lona.
39
“ ‘Bonang jaanong gore ke nna tota Modimo ke le nosi, ga go na modimo ope fa e se nna. Ke nna ke bolayang, ke be ke phedise. Ke nna ke remagantseng, ke tla ba ke alafa. Ga go na ope yo o ka pholosang mo seatleng sa me.
40
Gonne ke tla tsholeletsa letsogo kwa legodimong ke re: Ka botshelo jwa me jo bo sa khutleng!
41
Fa ke looditse tšhaka ya me e e phatsimang, mme letsogo la me le dirafatsa katlholo, ke tla ipusolosetsa mo babeng ba me, ke betsa ba ba ntlhoileng.
42
Metsu ya me ke tla e tagisa madi, madi a ba ba bolailweng le a ba ba tshwerweng; tšhaka ya me e tla ja nama ya ditlhogo tsa balaodi ba mmaba.’
43
“Lona ditšhaba, dudueletsang morafe wa gagwe; gonne o tla busolosa madi a batlhanka ba gagwe; o tla ipusolosetsa mo babeng ba gagwe, a direla lefatshe la gagwe le morafe wa gagwe thuanyo.”
44
Moše a tla, a bolela mafoko otlhe a sefela se mo ditsebeng tsa morafe, ene le Hošea, morwa Nune.
45
Jaanong ya re Moše a sena go bolelela Baiseraele botlhe mafoko otlhe ao,
46
a ba raya a re: “Elang mafoko otlhe tlhoko a ke lo tlhagisang ka ona kajeno, a lo tshwanetseng go a laela bana ba lona gore ba tlhokomele go dirisa mafoko otlhe a molao o.
47
Gonne ga se lefoko le le lolea mo go lona, mme ke lone botshelo jwa lona. Mme ka lefoko le lo tla leelefatsa malatsi mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya go tsena mo go lone go le rua.”
48
Morena a ba a bua le Moše ka lone letsatsi leo a re:
49
“Tlhatlogela mo dithabeng tsa Abarime tseno, e bong mo thabeng ya Nebo e e mo lefatsheng la Moabe ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerigo, o bone lefatshe la Kanana le ke tla le nayang Baiseraele go nna boswa;
50
o swele gona mo thabeng e o tlhatlogelang mo go yona, o gorosiwe kwa morafeng wa gago, jaaka Arone mogoloo a ne a swela kwa thabeng ya Hore, a ba a gorosiwa kwa morafeng wa gagwe;
51
ka go re, lo ntiretse ka boikanyologo mo gare ga Baiseraele kwa Metsing a Komano kwa Kateše sekakeng sa Tsine, ka lo se ka lwa intshepisa mo Baiseraeleng.
52
Gonne o tla bona lefatshe le le fa pele ga gago, mme ga o kitla o tsena teng mo lefatsheng le ke tla le nayang Baiseraele.”
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34