bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 8
Deuteronomy 8
Tswana Setswana 1970
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 9 →
1
“Taelo yotlhe e ke e lo laelang gompieno lo e tlhokomele go dira ka yona gore lo tle lo phele, lo ate, lo fitlhe, lo rue lefatshe le Morena o le ikanetseng borraalona.
2
Gopola tsela yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o go tsamaisitseng mo go yona dinyaga tse di 40 kwa sekakeng gore a tle a go kokobetse, a go leke, a itse tse di mo pelong ya gago gore a o tla tlhokomela ditaolo tsa gagwe gongwe nnyaya.
3
O ne a go kokobetsa, a go bolaisa tlala, a ba a go otla ka Mmana o o neng o sa o itse le e seng borraeno, e le go re a go lemotshe gore motho ga a phele ka dijo di le tsosi fela, mme motho o phela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Morena.
4
Diaparo tsa gago ga di a ka tsa go onalela le dinao tsa gago ga di a ka tsa ruruga dinyageng tsotlhe tse di 40.
5
Lemoga he mo pelong ya gago, fa Morena, Modimo wa gago, a go godisa jaaka monna a godisa morwawe,
6
o tlhokomele ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, ka go sepela mo ditseleng tsa gagwe le ka go mmoifa.
7
Gonne Morena, Modimo wa gago, o tla go isa kwa lefatsheng le lentle kwa lefatsheng la dinokana tsa metsi le metswedi le metlhodi e e elang mo teng ga lefatshe, e e tswelang mo melapong le kwa dithabeng,
8
kwa lefatsheng la korong le garase le meweine le difeie le digaranata, kwa lefatsheng la ditlhare tsa lookwane tsa olefa le dinotshe.
9
Ke lefatshe le o se kitlang o ja dijo mo go lone ka thekisego; ga o kitla o tlhoka sepe mo go lone. Ke lefatshe le mafika a lone e leng ntswetshipi, le o tla epang kgotlho mo dithabeng tsa lone.
10
Mme e re o ja o kgora, o tumise Morena, Modimo wa gago, ka ntlha ya lefatshe le lentle le o le go neileng.
11
“Itise gore o se lebale Morena, Modimo wa gago, ka go tlhokomologa ditaolo tsa gagwe le ditshiamelo tsa gagwe le melao ya gagwe tse ke di go laelang gompieno.
12
E se ka ya re fa o ja, o kgora, o aga matlo a mantle, o nna mo go ona,
13
dikgomo tsa gago le difutshane di ata, le selefera le gouta di go ntsifalela, le tsotlhe tse o nang natso di ntsifala,
14
pelo ya gago ya ikgogomosa, mme wa lebala Morena, Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka;
15
yo o go tsamaisitseng mo sekakeng se segolo se se boitshegang, kwa go leng dinoga tse di bogale teng le diphepheng, le naga e e omeletseng e e se nang metsi; yo o neng a go ntshetsa metsi mo lefikeng le le thata;
16
yo o neng a go jesa Mmana mo sekakeng, o borraeno ba neng ba sa o itse gore a go kokobetse le go go leka gore a tle a go direle tse di molemo kwa bofelong.
17
Go seng jalo o ne o tla bua mo pelong ya gago o re: ‘Thata ya me le nonofo ya seatla sa me ke tsona tse di ntiretseng khumo eo.’
18
Mme o gopole Morena, Modimo wa gago; gonne ke ene yo o go nayang thata go ka bona khumo gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e e ikanetseng borraeno jaaka go dirafetse kajeno.
19
Mme fa lo ka lebala Morena, Modimo wa lona, tota, lwa latela medimo e sele, lwa e direla, lwa e obamela, gona ke lo tlhomamisetsa kajeno gore lo tla latlhega ruri;
20
lo tla latlhega jaaka ditšhaba tse Morena o tla di latlhang fa pele ga lona ka lo se ka lwa utlwa lentswe la Morena Modimo wa lona.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34