bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Deuteronomy 19
Deuteronomy 19
Tswana Setswana 1970
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 20 →
1
“E re Morena, Modimo wa gago, a sena go nyeletsa ditšhaba tse o tla go nayang lefatshe la tsona gore o di leleke, o nne mo metseng ya tsona le mo matlong a tsona,
2
gona o itomololele metse e le meraro mo lefatsheng la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang gore e nne la gago.
3
O be o ipaakanyetse ditsela tse di yang teng, o kgaoganye naga ya lefatshe la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go ruisang dikarolo di le tharo, e le gore mmolai mongwe le mongwe a nne le kwa a ka tshabelang teng.
4
Mme mmolai yo o ka tshabelang teng gore a phele, ke yo o ntseng jaana: Ke yo o bolaileng mongwe-ka-ene e se ka bomo, a sa mo tlhoa pele ga foo;
5
jaaka fa a ya le mongwe-ka-ene kwa sekgweng go rema ditlhare, a tsholetsa selepe ka letsogo go rema setlhare, mme tshipi ya selepe e somoga mo mfenyaneng, e rema mongwe-ka-ene gore a be a swe, ke ene yo o ka tshabelang kwa motseng mongwe wa metse eo gore a phele;
6
e se re gongwe mmusolosi wa madi a mo latelela a ntse a gaketse, a mo tshwara, ka tsela e le telele, a mmolaya, le fa a sa tshwanelwa ke loso, ka a ne a sa mo tlhoa pele ga foo.
7
Ke ka moo ke go laelang gore o itomololele metse e meraro ya botshabelo.
8
“Morena, Modimo wa gago, o tla katolosa naga ya gago jaaka a ikanetse borraeno, a go naya lefatshe lotlhe le a le solofeditseng borraeno go le ba naya,
9
fa o tlhokomela ditaelo tsotlhe tseo go dira ka tsona tse ke di go laelang kajeno, ka go rata Morena, Modimo wa gago, le ka go sepela mo ditseleng tsa gagwe ka gale. Fa go dirafetse jalo, o ikokeletse metse e le meraro gape kwa ntle ga e meraro eo,
10
e se re gongwe ga tshololwa madi a a se nang molato mo lefatsheng la gago le Morena, Modimo wa gago, a tla le go nayang go nna boswa, ga nna molato wa polao mo go wena.
11
“Mme e re fa motho a tlhoile mongwe-ka-ene, a mo lalela, a mo wela, a mmolaya, mo a bileng a swa, mme a tshabela kwa motseng mongwe wa metse eo,
12
gona a bagolo ba motse wa ga gabo ba rome batho, ba mo tsee teng, ba mo neele mo diatleng tsa mmusolosi wa madi gore a swe.
13
O se ka wa mo leba ka bopelotlhomogi, mme o lefele madi a a se nang molato mo go Iseraele gore o tlhogonolofale.
14
“Molelwane wa mongwe-ka-wena o o beilweng ke ba bogologolo o se ka wa o katosa mo bosweng jwa gago jo o tla bo ruang mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang gore e nne la gago.
15
“Mosupi a le mongwe fela a se ka a lekana go ka supa ka ga motho, le fa e le molato ofe gongwe boleo bofe; a boleo bongwe le bongwe jo motho o ka bo dirang bo sekisiwe ka tshupo ya basupi ba le babedi gongwe ba le bararo.
16
Mme e re fa mosupi wa pateletso a ka iphetlhela motho go supa tlolo ya molao ka ga gagwe,
17
gona a banna ba babedi ba ba sekisanyang ba eme fa pele ga Morena, fa pele ga baperesiti le baatlhodi ba ba tla bong ba le teng ka malatsi ao.
18
A baatlhodi ba tlhotlhomise sentle, mme fa go fitlhelwa mosupi yoo e le wa maaka, a supile maaka ka ga mongwe-ka-ene,
19
gona lo mo direle ka fa a neng a ikaeletse ka teng go direla mongwe-ka-ene. O tlose bosula jalo mo go wena
20
gore ba bangwe ba utlwe, ba boife, mme bosula jo bo ntseng jalo bo se tlhole bo dirwa mo go wena.
21
A leitlho la gago le se ka la mo rekegela: A botshelo bo lefiwe ka botshelo, le leitlho ka leitlho, le leino ka leino, le seatla ka seatla, le lonao ka lonao.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34