bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 10
2 Kings 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 11 →
1
Jaana Ahabe o ne a na le bana ba basimane ba le 70 mo Samaria. Jehu a kwala dikwalo, a di romela kwa Samaria, kwa balaoding ba Jesereele, e bong kwa bagolwaneng, le kwa go bone ba ba otlang bomorwa Ahabe, a re:
2
“Jaana e tlaa re lokwalo lo lo fitlha koo go lona, ka bomorwa mong wa lona ba nna le lona, mme go na le dikara le dipitse koo go lona, le motse o o thekeleditsweng, le dibolao.
3
Lo tle lo lebalebe yo o molemo bogolo, le yo o tshwanetseng bogolo, mo go bomorwa mong wa lona, lo mmeye mo setulong sa ga rraagwe sa bogosi, lo tlhabanele ba ntlo ya mong wa lona.”
4
Mme ba boifa thata, ba re: “Bonang, dikgosi tse pedi tsele ga di a ka tsa ema fa pele ga gagwe; rona re tlaa ema jang?”
5
Ene yo o laolang ntlo, le ene yo o laolang motse, bagolwane le bone, le bone ba ba otlileng bana, ba roma kwa go Jehu, ba re: “Rona re batlhanka ba gago, re tlaa dira tsotlhe tse o di re laolelang; ga re ketla re dira motho ope kgosi; dira se se molemo mo matlhong a gago.”
6
Foo a ba kwalela lokwalo lwa bobedi, a re: “Fa lo le ntlheng ya me, mme fa lo tlaa reetsa lentswe la me, tsayang ditlhogo tsa banna bao, bomorwa mong wa lona, lo tle kwano go nna kwa Jesereele ka moso go riana.” Bomorwa kgosi, e le banna ba ba 70, ba bo ba ntse le banna ba bagolo ba motse ba ba ba otlileng.
7
Ga dirala ya re lokwalo lo fitlha kwa go bone, ba tshwara bomorwa kgosi, ba ba bolaya, e bong banna ba ba 70, ba tsenya ditlhogo tsa bone mo dirotong, ba di isa kwa go ene kwa Jesereele.
8
Ga tla morongwa, a mmolelela a re: “Ba lerile ditlhogo tsa bomorwa kgosi.” Mme a re: “Di beyeng mekoa e le mebedi fa botsenong jwa kgoro, go tle go tsamaye go nne ka moso.”
9
Ga dirala ya re ka moso, a tswela kwa ntle, a ema, a raya batho botlhe a re: “Lona lo siame; bonang, ke tsuololetse mong wa me, mme ke mmolaile; e mang yo o bolaileng bano ba?
10
Lo bo lo itse jaana fa go se ketla go wela fa fatshe sepe sa lefoko la ga Jehofa, se Jehofa o se buileng ka ga ntlo ya ga Ahabe; gonne Morena o dirile se o kileng a se bua ka motlhanka wa gagwe Elija.”
11
Jalo Jehu a bolaya botlhe ba ba setseng ba ntlo ya ga Ahabe mo Jesereele, le batho ba gagwe ba bagolo botlhe, le ditsala tsa gagwe tse di itsegeng, le baperesiti ba gagwe, a se ka a tlogela ope.
12
A nanoga a tsamaya a ya Samaria. E rile a le fa ntlong ya peolelo ya badisa mo tseleng,
13
Jehu a kopana le bomorwa rraagwe Ahasia kgosi ya Juta, mme a re: “Lo bomang?” Ba re: “Re bomorwa rraagwe Ahasia; re ya go dumedisa bana ba kgosi le bana ba mohumagadi wa kgosi.”
14
Mme a re: “Ba tshwareng ba tshedile.” Ba ba tshwara ba tshedile, ba ba bolaela fa mokoleng wa ntlo ya peolelo, e bong banna ba le 42. Mme a se ka a tlogela ope wa bone.
15
E rile a sena go tloga gone, a tshoga ka Jehonatabe morwa Rekabe a tla go mo kgatlhantsha; a mo dumedisa, a mo raya a re: “A pelo ya gago e siame jaaka pelo ya me e ntse le pelo ya gago?” Jehonatabe a mo fetola a re: “E siame.” “Fa e ntse jalo o nneye letsogo la gago.” A mo naya letsogo; a mo gogela kwa go ene mo kareng.
16
A re: “Ya le nna o bone tlhoafalo ya me ka ga Jehofa.” Jalo ba mo palamisa mo kareng ya gagwe.
17
Ya re a tla mo Samaria, a bolaya botlhe ba ba saletseng Ahabe mo Samaria, ga tsamaya a mo phimola, ka fa lefokong la ga Jehofa, le o kileng a le bua le Elija.
18
Jehu a phutha batho botlhe, a ba raya a re: “Ahabe o ne a direla Baale go le gobotlana; mme Jehu o tlaa mo direla go le gotona.
19
Jaana lo mpiletse baperofeti botlhe ba ga Baale; le baobamedi botlhe ba gagwe, le baperesiti botlhe ba gagwe, le baperesiti botlhe ba gagwe; a go se tlhokafale ope; gonne ke na le tlhabelo e kgolo e ke e direlang Baale; le fa e le mang yo o tlaa tlhokafalang, ga a ketla a tshela.” Jehu a go dira ka botlhale, e le ka boikaelelo jwa gore a tle a phimole baobamedi ba ga Baale.
20
Jehu a re: “Itshepisetseng Baale phutego e e masisi.” Mme ba e opela mokgosi.
21
Jehu a roma mo lefatsheng lotlhe la Iseraele; mme baobamedi botlhe ba ga Baale ba tla, ga ba ga se ka ga sala monna ope yo o se kang a tla. Ba tla mo ntlong ya ga Baale; mme ntlo ya ga Baale ya tlala go tswa ntlheng nngwe go ya ntlheng e nngwe.
22
A raya ene yo o lebeletseng ntlo ya diaparo a re: “Ntshetsa baobamedi botlhe ba ga Baale diaparo.” Mme a ba ntshetsa diaparo.
23
Jehu a ya le Jehonatabe morwa Rekabe mo ntlong ya ga Baale; a raya baobamedi ba ga Baale a re: “Lo kheleise, mme lo bone gore go se ka ga nna le ope wa batlhanka ba ga Jehofa mono, fa e se baobamedi ba ga Baale fela.”
24
Mme ba tsena ba ya go isa ditlhabelo le ditshupelo tse di fisiwang. Jehu o ne a itaeletsa banna ba le 80 ka fa ntle, a re: “Fa mongwe wa banna ba ke ba tsenyang mo seatleng sa lona a ka falola, yo o mo lesitseng, botshelo jwa gagwe bo tlaa ema boemong jwa yoo.”
25
Ga dirala ya re a sena go khutla go isa tshupelo e e fisiwang, Jehu a raya balebedi le balaodi a re: “Tsenang lo ba bolaye; lo se ka lwa lesa ope a tswa.” Mme ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka; balebedi le balaodi ba ba latlhela kwa ntle, ba itse go ya motseng wa ntlo ya ga Baale.
26
Ba ntsha maje a a metloutlo a a ne a le mo ntlong ya ga Baale, ba a fisa ka molelo.
27
Ba rutlolola setshwantsho se se thokgameng sa ga Baale, ba ba ba rutlolola ntlo ya ga Baale, ba e dira ntlo ya boithomelo fela, nako e sa le eno.
28
Jehu a senya Baale jalo mo Iseraele.
29
Mme le fa go ntse jalo mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one, Jehu ga a ka a fapoga mo go one, e bong dinamane tsa gouta tse di kwa Bethele le kwa Dane.
30
Jehofa a raya Jehu a re: “E re ka o dirile sentle ka go dira se se siameng mo matlhong a me, o diretse ntlo ya ga Ahabe jaaka tsotlhe tse di ne di le mo pelong ya me, bomorwao ba kokomana ya bone ba tlaa dula mo setulong sa bogosi sa Iseraele.”
31
Mme Jehu a se ka a ela tlhoko go sepela mo molaong wa ga Jehofa Modimo wa Iseraele ka pelo yotlhe ya gagwe. Ga a ka a fapoga maleo a ga Jeroboame a o ne a leofisa Iseraele ka one.
32
E rile ka metlha eo Jehofa a simolola go gosetsa Iseraele, mme Hasaele a ba kgemetha mo melelwaneng yotlhe ya Iseraele;
33
go tswa Joretane go ya ntlheng ya botlhabatsatsi lefatshe lotlhe la Gileate le la Bagate, le ba Barubene, le la Bamanase, go tswa Aroere o o fa molapong wa Arenone, e bong Gileate le Bašane.
34
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jehu le tsotlhe tse o ne a di dira, le bonatla jotlhe jwa gagwe, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditiralelo tsa dikgosi tsa Iseraele.
35
Mme Jehu a robala le borraagwe; ba mo fitlha mo Samaria. Jehoahase morwawe, a busa mo boemong jwa gagwe.
36
Lobaka lo Jehu o busitseng Baiseraele ka lone mo Samaria e ne e le dinyaga di le 28.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25