bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 11
2 Kings 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 12 →
1
Jaana e rile Athalia, mmaagwe Ahasia a bona fa morwawe a sule, a nanoga a phimola losika lotlhe lwa segosi.
2
Mme Jehošebe, morwadia kgosi Jorame, kgaitsadia Ahasia, a tsaya Joaše morwa Ahasia, a mo utswa mo go bomorwa kgosi ba ba bolailweng, e bong ene le mmelegi wa gagwe, a ba tsenya mo ntlwaneng ya borobalo; ba mo subela Athalia, jalo a se ka a bolawa.
3
O ne a na nae a subilwe mo ntlong ya ga Jehofa ka dinyaga di le thataro; Athalia a bo a busa mo lefatsheng.
4
E rile ka ngwaga wa bosupa, Joiata a roma a ya go lere balaodi ba makgolo, ba Bakare le ba balebedi, a ba tlisa kwa go ene mo ntlong ya ga Jehofa; mme a dira kgolagano nabo, a ba ikanisa mo ntlong ya ga Jehofa, a ba supetsa morwa kgosi.
5
A ba laola a re: “Se lo tlaa se dirang ke se: bontlhanngwe jwa seraro jwa lona ba lo tlang ka Sabata, lo tlaa nna badisa ba tebelo ya ntlo ya kgosi;
6
bontlha jo bongwe jwa seraro lo tlaa nna fa kgorong ya Sure; le bontlhanngwe jo bongwe jwa seraro lo tlaa nna fa kgorong fa morago ga balebedi; jalo lo tlaa tshegetsa tebelo ya ntlo, lo nna sekganelo.
7
Masomo a mabedi a lona, e bong botlhe ba ba tswang ka Sabata ba tlaa tshegetsa tebelo ya ntlo ya ga Jehofa tikologong ya kgosi.
8
Lo tlaa dikanyeletsa kgosi, mongwe le mongwe a tshotse dibolao tsa gagwe; mme yo o tsenang ka fa teng ga mephato e e rulaganyeng, a a bolawe; e ne e re kgosi e tswa, le fa e tsena lo bo lo na nayo.”
9
Balaodi ba makgolo ba dira ka fa go tsotlhe tse Joiata moperesiti o di laotseng; mongwe le mongwe a tsaya banna ba gagwe ba ba laotsweng go tsena ka Sabata, le bone ba ba laotsweng go tswa ka Sabata, ba tla kwa go Joiata moperesiti.
10
Moperesiti a neela balaodi ba makgolo marumo le dithebe tse e kileng ya ne e le tsa kgosi Dafite, tse di mo ntlong ya ga Jehofa.
11
Balebedi ba ema, mongwe le mongwe a tshotse dibolao tsa gagwe, go tswa lotlhakoreng lwa ntlo lwa ka fa go le legolo go ya lotlhakoreng lwa ntlo lwa ka fa go la molema, ba tla ka sebeso le ntlo ba dikanyeditse kgosi.
12
Foo a ntsha morwa kgosi a mo rwesa serwalo sa bogosi, a mo naya tshupo, mme ba mo dira kgosi, ba mo tlotsa; ba opa diatla ba re: “A kgosi a tshele!”
13
E rile Athalia a utlwa modumo wa balebedi, le wa batho, a ya kwa bathong kwa ntlong ya ga Jehofa;
14
a leba, mme bonang, kgosi ya bo e eme fa lekotwaneng jaaka mokgwa, le balaodi ba le fa kgosing le dinaka; mme batho botlhe ba lefatshe ba itumela, ba letsa dinaka tse di lediwang. Foo Athalia a ikgagola diaparo, a goa a re: “Selo se mooko! Selo se mook se!”
15
Joiata moperesiti a laola balaodi ba makgolo ba ba laolang ntwa, a ba raya a re: “A a ntshediwe kwa ntle ga mephato e e rulaganyeng, mme ene yo o mo salang morago, a a mmolaye ka tšhaka;” gonne moperesiti a re: “A se bolaelwe mo ntlong ya ga Jehofa.”
16
Mme ba mo ntshetsa phatlha; mme a tsamaya ka tsela ya bogorogelo jwa dipitse kwa ntlong ya kgosi; mme a bolaelwa gone.
17
Joiata a dira kgolagano gare ga Jehofa le kgosi le batho, go re ba tlaa nna batho ba ga Jehofa; le gone gare ga kgosi le batho.
18
Batho botlhe ba lefatshe ba ya kwa ntlong ya ga Baale, ba e rutlolola; dibeso tsa gagwe le ditshwantsho tsa gagwe ba di thubaganyetsa ruri, mme ba bolaela Matane moperesiti wa ga Baale fa pele ga dibeso. Moperesiti a tlhomela ntlo ya ga Jehofa balaodisiwa.
19
A tsaya balaodi ba makgolo, le Bakara, le balebedi, le batho botlhe ba lefatshe; ba folosa kgosi kwa ntlong ya ga Jehofa, ba tla mo ntlong ya kgosi ka tsela ya kgoro ya balebedi. Mme a dula mo setulong sa bogosi sa dikgosi.
20
Jalo batho botlhe ba lefatshe ba itumela, motse wa iketla fela; mme Athalia ba mmolaela fa ntlong ya kgosi ka tšhaka.
21
E rile Joaše a simolola go busa, a bo a le dinyaga di supa.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25