bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 2
2 Kings 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 3 →
1
Ga dirala, e rile fa Jehofa a tlaa tlhatlosa Elija ka sefefo go mo isa legodimong, Elija a tloga kwa Gilegale a na le Eliša.
2
Elija a raya Eliša a re: “Ke a go rapela nama o sa setse fa; gonne Jehofa o nthomile, a re ke ye kwa Bethele.” Mme Eliša a re: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka mowa wa gago o tshedile, ga nketla ke go tlogela.” Mme ba ya kwa Bethele.
3
Bomorwa baperofeti ba ba mo Bethele ba tswela kwa go Eliša, ba mo raya ba re: “A o a itse fa Jehofa a tlaa tlosa mong wa gago mo tlhogong ya gago gompieno?” A re: “Ee, ke a itse, didimalang fela lona.”
4
Elija a mo raya a re: “Eliša, ke a go rapela, nama o sa setse fa; gonne Jehofa o nthomile, a re ke ye Jeriko.” Mme a re: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka mowa wa gago o tshedile, ga nketla ke go tlogela.” Mme ba tla Jeriko.
5
Bomorwa baperofeti ba ba mo Jeriko ba atamela kwa go Eliša, ba mo raya ba re: “A o a itse fa Jehofa a tlaa tlosa mong wa gago mo tlhogong ya gago gompieno?” A ba fetola a re: “Ee, ke a itse; didimalang fela lona.”
6
Elija a mo raya a re: “Ke a go rapela, nama o sa setse fa; gonne Jehofa o nthomile, a re ke ye Joretane.” Mme a re: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka mowa wa gago o tshedile, ga nketla ke go tlogela.” Mme ba tswelela pele boo babedi.
7
Banna ba ba 50 ba bomorwa baaperofeti ba ya, ba ema ba lebaganye nabo kgakala; bone boo babedi ba ema fa Joretane.
8
Elija a tsaya kobo ya gagwe a e menaganya, a fopha metsi, mme a kgaoganela kwano le kwa, mme bone boo babedi ba kgabaganya ba gata lefatshe le le omeletseng.
9
Ga dirala e rile ba sena go kgabaganya, Elija a raya Eliša a re: “Lopa se ke tlaa se go direlang, ke ise ke tlosiwe mo go wena.” Eliša a re: “Ke a go rapela, a mowa wa gago, o le dikabelo di le pedi, o nne mo go nna.”
10
Mme a re: “O lopile selo se se thata; mme le fa go ntse jalo, e tlaa re fa o mpona mogang ke tlosiwang mo go wena, go tlaa nna jalo mo go wena, mme e tlaa re fa o sa mpone, ga go ketla go nna jalo.”
11
Ga dirala, ya re ba ntse ba tswelela pele, ba ntse ba bua, bonang, ga bonala kara ya molelo, le dipitse tsa molelo, tsa ba kgaoganya boo babedi; mme Elija a tlhatlogela kwa legodimong ka sefefo.
12
Eliša a go bona, mme a re: “Rra wee! Rra wee! Dikara tsa Iseraele le bapalami ba tsone.” Mme a se ka a tlhola a mmona; a tshwara diaparo tsa gagwe, a di gagoganya sebedi.
13
A tsaya le yone kobo ya ga Elija e e oleng mo go ene, a bowa, a ema fa losing lwa Joretane.
14
A tsaya kobo ya ga Elija e e oleng mo go ene, a fopha metsi, a re: “Jehofa Modimo wa ga Elija o kae?” E rile ene a sena go fopha metsi, a kgaoganela kwano le kwa; mme a kgabaganya.
15
E rile bomorwa baperofeti ba ba mo Jeriko, ka ba lebaganye nae, ba mmona, ba re: “Mowa wa ga Elija o ntse mo go Eliša.” Ba tla go mo kgatlhantsha, ba ikobela fa fatshe fa pele ga gagwe.
16
Ba mo raya ba re: “A ko o bone jaana, batlhanka ba gago ba na le banna ba ba thata ba le 50; re a go rapela, a ba ye go batla mong wa gago; e se re gongwe mowa wa ga Jehofa o mo tlhatlositse, wa mo latlhela mo thabeng nngwe, kgotsa mo molapong mongwe.” Mme a re: “Lo se ka lwa roma.”
17
Mme ka ba mo emelela thata a ba a tla a nna ditlhong a re: “Romang.” Ba roma banna ba le 50; mme ba batla ka malatsi a le mararo, mme ba se ka ba mmona.
18
Ba boela kwa go ene a sa ntse a tlhotse mo Jeriko; a ba raya a re: “A ga ke a lo raya ka re lo se tsamaye?”
19
Banna ba motse oo ba raya Eliša ba re: “Re a go rapela, bona, bonno jwa motse o, bo bontle, jaaka morena wa me a bona; mme metsi a bosula, le lefatshe ga le ungwe.”
20
A re: “Nteretseng sedibelo se seša, lo tsenye letswai mo go sone.” Ba se lere kwa go ene.
21
A tswela kwa metsweding ya metsi, mme a latlhela letswai mo teng, a re: “Jehofa o bua jaana, a re: Ke alafile metsi a; ga go ketla go tlhola go le loso le fa e le go tlhoka go ungwa.”
22
Jalo metsi a sa le a alafiwa le gompieno, jaaka lefoko la ga Eliša le o ne a le bua.
23
A tloga gone a ya Bethele; ya re a tsamaya a le mo tseleng, ga tswa banyana mo motseng, ba mo sotla, ba mo raya ba re: “Tlhatloga logatadima! Tlhatloga logatadima!”
24
A gadima, a ba bona, a ba hutsa mo ineng la ga Jehofa. Mme ga tswa dibera tse dinamagadi di le pedi mo sekgweng, tsa gagola bana ba le 42 mo go bone.
25
Mme a tswa gone a ya thabeng ya Karemele, a ba a tswa goo a boela kwa Samaria.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25