bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 6
2 Kings 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 7 →
1
Bomorwa baperofeti ba raya Eliša ba re: “Bona, felo fa re ntseng gone nao go pitlaganye bobe mo go rona.
2
Re a go rapela, mma re ye kwa Joretane, mme monna mongwe le mongwe a tseye gone mosipuri, re itirele bonno gone, kwa re ka agang gone.” Mme a ba fetola, a re: “Ee, tsamayang.”
3
Mongwe a re: “Ke a go rapela, a ko o itumelele go ya le batlhanka ba gago.” Mme a re: “Ke tlaa ya.”
4
A ya nabo. E rile ba sena go fitlha mo Joretane, ba rema ditlhare.
5
Mme ya re mongwe a rema mosipuri, tlhogo ya selepe ya wela mo metsing; mme a goa a re: “Ijaa! Mong wa me! Gonne se ne se adimilwe.”
6
Monna wa Modimo a re: “E wetse fa kae?” A mo kaela felo. Mme a kgetla thupa, a e latlhela gone, mme a bilola tshipi.
7
A re: “E tseye.” Mme a ntsha letsogo, a e tsaya.
8
Jaana kgosi ya Siria ya tlhabana le Baiseraele, mme ya gakololana le batlhanka ba yone, ya re: “Bothibelelo jwa me bo tlaa nna kwa bolebelebe.”
9
Mme monna wa Modimo a roma kwa kgosing ya Iseraele, a re: “O itise, o se ka wa feta ka bolebe; gonne Basiria ba fologela gone.”
10
Kgosi ya Iseraele ya roma motho gone kwa monna wa Modimo o go mmoleletseng a mo tlhagisa ka ga gone; mme a ipoloka ka ga gone e seng gangwe fela le fa e le gabedi.
11
Pelo ya kgosi ya Siria ya rwalelesega thata ka ga selo se; ya bitsa batlhanka ba yone, ya ba raya ya re: “A ga lo nkaele gore e mang mo go rona yo o ntlheng ya kgosi ya Iseraele?”
12
Mongwe wa batlhanka ba gagwe a re: “Nnyaa, kgosi, morena wa me; Eliša, moperofeti yo o mo Iseraele o bolelela kgosi ya Iseraele, le mafoko a o a buang mo ntlwaneng ya gago ya borobalo.”
13
Mme a re: “Ya o mo tlhole kwa o gone, gore ke rome ke ye go mo lere.” Mme a bolelelwa ga twe: “Bona, o kwa Dothane.”
14
Ke gone a romela gone dipitse, le dikara le, ntwa e kgolo; mme ba fitlha bosigo, ba dika motse.
15
E rile motlhanka wa monna wa Modimo a phaketse, a tswetse kwa ntle, bonang, ntwa ya bo e dikile motse, e na le dipitse le dikara. Motlhanka wa gagwe a mo raya a re: “Ija, mong wa me we! Re tlaa dira jang?”
16
A mo fetola a re: “Se boife; gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.”
17
Eliša a rapela a re: “Jehofa, ke a go rapela, budulola matlho a gagwe gore a bone.” Jehofa a budulola matlho a lekau; mme a leba, mme bonang, thaba ya bo e tletse dipitse le dikara tsa molelo tikologong ya ga Eliša.
18
Ya re ba fologela kwa go ene, Eliša a rapela Jehofa, a re: “Ke a go rapela, a ko o iteye batho ba ka bofofu.” Mme a ba itaya ka bofofu, jaaka lefoko la ga Eliša.
19
Eliša a ba raya a re: Tsela e ga se yone, le motse ga se one, ntshalang morago, ke tlaa lo fitlhisa kwa monneng yo lo mmatlang. A ba gogela kwa Samaria.
20
Ga dirala e rile ba sena go fitlha mo Samaria, Eliša a re: “Jehofa, budulola matlho a banna ba, gore ba bone.” Mme Jehofa a budulola matlho a bone, mme ba leba; mme bonang, ba bo ba le fa gare ga Samaria.
21
Ya re kgosi ya Iseraele e ba bona, ya raya Eliša ya re: “Rra, a ke ke ba kgemethe? A ke ke ba kgemethe?”
22
A e fetola a re: “O se ka wa ba kgemetha; a o ne o tlaa kgemetha ba o ba tshwereng ka tšhaka ya gago le ka bora jwa gago? Baya dijo le metsi fa pele ga bone, gore ba je ba nwe, ba itse go boela kwa go mong wa bone.”
23
A ba baakanyetsa dijo di le dikgolo; ya re ba sena go ja le go nwa, a ba naya tsela, ba ya kwa go mong wa bone. Mme ditlhopha tsa bonokwane tsa Siria ga di a ka tsa tlhola di tla mo lefatsheng la Iseraele.
24
Ga dirala e rile morago ga moo, Benehatate kgosi ya Siria, a phutha ntwa ya gagwe yotlhe, a ya a tlhasela Samaria.
25
Ga bo go le tlala e kgolo mo Samaria; mme bonang, ba nna fela ba o dikile go tsamaya tlhogo ya esela ya rekwa ka dipapetlana tsa selefera di le 80; le bontlha jwa bone jwa seelo se go tweng kaba ya mantle a maeba jwa rekwa ka diselefera di le tlhano.
26
E rile kgosi ya Iseraele e feta mo godimo ga lorako, mosadi mongwe a e goelela, a re: “Thusa kgosi, morena wa me.”
27
A re: “Fa Jehofa a sa go thuse, go go thusa ga me go tlaa bo go tswa kae? A mo seboping sa pholelo, kgotsa mo kgatisetsong ya bojalwa?”
28
Kgosi ya mo raya ya re: “O bolawa ke eng?” A e fetola a re: “Mosadi yo, o ne a nthaya a re: ‘Ntsha morwao, gore re mo je gompieno, mme re tlaa ja morwaake ka moso.’
29
Mme ra apaya morwaake, ra mo ja; ya re ka moso ka mo raya ka re: ‘Ntsha morwao, gore re mo je’, mme o subile morwawe.”
30
Ga dirala, ya re kgosi e utlwa mafoko a mosadi yoo, a ikgagola diaparo; (mme a bo a feta mo godimo ga lorako;) batho ba leba, mme bonang, o ne a apere letsela la kgetsi ka fa teng mo mmeleng wa gagwe.
31
Foo a re: “A Modimo o ntirele jalo, o bo o go fetise, fa tlhogo ya ga Eliša morwa Shafate e tlaa tlhola e eme mo go ene ka tsatsi leno.”
32
Eliša o ne a dutse mo ntlong ya gagwe, le bagolwane ba dutse nae; kgosi ya roma monna a tswa fa pele ga yone; mme e rile morongwa a ise a fitlhe kwa go ene, a raya bagolwane a re: “A lo a bona jaaka monna yo, wa morwa mmolai, a romile motho go tla go ntlosa tlhogo? Lo bo lo bone, fa morongwa a tla, lo tswale, lo mo kgorometse ka setswalo. A mokgwasa wa dinao tsa mong wa gagwe ga o gwase morago ga gagwe?”
33
Ya re a sa ntse a bua nabo, bonang, morongwa a tla kwa go ene, a re: “Bonang, bosula jo bo tswa mo go Jehofa; ke tlaa bo ke sa ntse ke lebeletse Jehofa go reng?”
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25