bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 13
2 Kings 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 14 →
1
E rile ka ngwaga wa 23 wa ga Joaše morwa Ahasia kgosi ya Juta, Jehoahase morwa Jehu a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, a busa ka dinyaga di le 17.
2
Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a ineela mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one; ga a ka a fapoga mo go one.
3
Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Baiseraele, mme a nna a ba tsenya mo seatleng sa ga Hasaele kgosi ya Siria, le mo seatleng sa ga Benehatate morwa Hasaele, ka metlha yotlhe.
4
Jehoahase a rapela Jehofa, mme Jehofa a mo reetsa; gonne a bona patikego ya Baiseraele, jaaka kgosi ya Siria e ba patika.
5
Jehofa a naya Baiseraele mogolodi, mme ba tswa fa tlase ga seatla sa Basiria; bana ba Iseraele ba nna mo megopeng ya bone, jaaka gale.
6
Mme le fa go ntse jalo ga ba a ka ba tlogela maleo a ba ntlo ya ga Jeroboame, a o ne a leofisa Baiseraele ka one, mme ba sepela mo go one; mme ga sala le yone Medimako mo Samaria.
7
Gonne ga a ka a tlogelela Jehoahase batho, fa e se bapalama dipitse ba le 50, le dikara di le some, le batho ba dinao ba le 10 000; gonne kgosi ya Siria e ne ya ba senye, ya ba dira jaaka lorole fa go phothowa mabele.
8
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jehoahase, le tsotlhe tse o ne a di dira, le bonatla jwa gagwe, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
9
Mme Jehoahase a robala le borraagwe; ba mo fitlha mo Samaria; mme Joaše morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
10
E rile ka ngwaga wa 37 wa ga Joaše kgosi ya Juta, Joaše morwa Jehoahase a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le 16.
11
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong otlhe a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one; a sepela fela mo go one.
12
Ditiro tse dingwe tsa ga Joaše le tsotlhe tse o ne a di dira, le bonatla jwa gagwe jo o ne a tlhabana ka jone le Amasia kgosi ya Juta, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
13
Joaše a robala le borraagwe; mme Jeroboame a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi; Joaše a fitlhwa mo Samaria le dikgosi tsa Iseraele.
14
Jaana Eliša o ne a tsogetswe ke bolwetse, e bong bolwetse jo o suleng ka jone; Joaše kgosi ya Iseraele a ya kwa go ene, a mo lelela a re: “Rra we! Rra we! Dikara tsa Iseraele le bapalami ba tsone!”
15
Eliša a mo raya a re: “Tsaya bora le metswi;” mme a itseela bora le metswi.
16
A raya kgosi ya Iseraele a re: “Baya letsogo la gago mo boreng.” Ya baya letsogo la yone mo go jone. Eliša a baya mabogo a gagwe mo mabogong a kgosi.
17
Mme a re: “Bula fensetere e e lebileng ntlheng ya botlhabatsatsi,” mme a bula. Foo Eliša a re: “Fula.” Mme a fula. Mme a re: “Motswi wa ga Jehofa wa phenyo, e bong motswi o o fenyang Basiria; gonne o tlaa kgemetha Basiria; gonne o tlaa kgemetha Basiria mo Afeke, go tsamaya o ba nyeletsa.”
18
Mme a re: “Tsaya metswi.” A e tsaya. A raya kgosi ya Iseraele a re: “Seola lefatshe.” A seola gararo, a khutla.
19
Monna wa Modimo a nna bogale nae a re: “O ne o tshwanetse go seola gatlhano, le fa e le garataro; jalo o ka bo o kgemethile Basiria wa ba wa tla wa ba nyeletsa; jaanong o tla kgemetha Basiria gararo fela.”
20
Eliša a swa, mme ba mo fitlha. Manokwane a Bamoabe a tlhasela lefatshe mo tshimologong ya ngwaga.
21
Ga dirala ya re ba fitlha monna mongwe, bonang, ba kwaya setlhopha sengwe; ba latlhela monna yoo mo phupung ya ga Eliša; ya re monna yoo a ama marapo a ga Eliša, a rulwa, a ema ka dinao.
22
Mme Hasaele kgosi ya Siria a patika Baiseraele ka metlha yotlhe ya ga Jehoahase.
23
Jehofa a nna kutlwelo botlhoko kwa go bone, a ba tlhomogela pelo, a ba ngoka ka ntlha ya kgolagano ya gagwe le Aberahame, Isake le Jakobe. A gana go ba senya, mme o ne a ise a ba latlhe fa pele ga gagwe ka lobaka loo.
24
Hasaele kgosi ya Siria a swa; mme Benehatate morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
25
Joaše morwa Jehoahase a ba a gapela Benehatate Morwa Hasaele metse e o ne a e gapetse Jehoahase rraagwe ka ntwa. Joaše a mo kgemetha gararo, a ba a inaya metse ya Iseraele.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25