bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 15
2 Kings 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 16 →
1
E rile ka ngwaga wa 27 wa ga Jeroboame kgosi ya Iseraele, Asaria morwa Amasia kgosi ya Juta a simolola go busa.
2
O rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 16; mme a busa ka dinyaga di le 52 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Jekolia wa Jerusalema.
3
A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Amasia rraagwe o ne a di dirile.
4
Mme le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng.
5
Mme Jehofa a itaya kgosi, a ba a tla a nna molepero go ya tsatsing la loso lwa gagwe, mme a nna mo ntlong e e kwa thoko. Jothame morwa kgosi ya nna ene molaodi wa ntlo, a atlhola batho ba lefatshe.
6
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Asaria le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
7
Asaria a robala le borraagwe; mme ba mo fitlha le borraagwe mo motseng wa ga Dafite; Jothame morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
8
E rile ka ngwaga wa 38 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Sekaria morwa Jeroboame a busa Baiseraele mo Samaria ka dikgwedi di le thataro.
9
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka borraagwe ba ne ba dirile; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.
10
Mme Shalume morwa Jabeše a mo rera, mme a mo itaya fa pele ga batho, a mmolaya, mme a busa mo boemong jwa gagwe.
11
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Sekaria, bonang, di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele.
12
Le ke lone lefoko la ga Jehofa le o ne a le bua le Jehu a re: “Bomorwao ba tlaa dula mo setulong sa bogosi sa Iseraele go ya go fitlha mo kokomaneng ya bone.” Mme ga dirafala fela jalo.
13
Shalume morwa Jabeše a simolola go busa ka ngwaga wa 39 wa ga Usia kgosi ya Juta; a busa ka sebaka sa kgwedi e le nngwe fela mo Samaria.
14
Menaheme, morwa Gadi, a tswa kwa Tiresa, a tla mo Samaria, a itaya Shalume morwa Jabeše mo Samaria, a mmolaya, mme a busa mo boemong jwa gagwe.
15
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Shalume, le morero o o ne a o dira, bonang di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele.
16
Foo Menaheme a kgemetha Tifesa le botlhe ba ba gone, le melelwane ya gone, go tswa Tiresa; ka ba se ka ba mmulela, ke gone ka fa o ne a ba kgemetha ka gone; le basadi botlhe ba ba gone ba ba ithweleng a ba roposa.
17
E rile ka ngwaga wa 31 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Menaheme morwa Gadi a simolola go busa Baiseraele, a busa ka dinyaga di le some mo Samaria.
18
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; mme ka metlha yotlhe ya gagwe ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one.
19
Pule kgosi ya Asiria a bololela lefatshe; mme Menaheme a naya Pule ditalenta tsa selefera di le 1 000 gore letsogo la gagwe le nne nae go tlhomamisa bogosi mo seatleng sa gagwe.
20
Menaheme a tsaya madi ka patiko mo go Baiseraele, e bong mo digankeng tsotlhe tse di humileng, dipapetlana di le 50 tsa selefera mo go mongwe le mongwe, go tla a a naya kgosi ya Asiria. Kgosi ya Asiria ya boela kwa morago, ya se ka ya diega gone mo lefatsheng.
21
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Menaheme, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
22
Menaheme a robala le borraagwe, mme Pekahia morwawe, a busa mo boemong jwa gagwe.
23
E rile ka ngwaga wa 50 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Pekahia morwa Menaheme a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le pedi.
24
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one.
25
Peka morwa Remalia, molaodi wa ntwa ya gagwe, a mo rera a mo itaya mo Samaria, mo kagong e e thata ya ntlo ya kgosi a na le Aregobe le Aria; a bile a na le banna ba le 50 ba Bagileate; mme a mmolaya, a busa mo boemong jwa gagwe.
26
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Pekahia le tsotlhe tse o ne a di dira, di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele.
27
E rile ka ngwaga wa 52 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Peka morwa Remalia a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, a busa ka dinyaga di le 20.
28
Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.
29
Ya re mo metlheng ya ga Peka kgosi ya Iseraele, Tigelathe-pilesere kgosi ya Asiria a tla a gapa Ijone, le Abele wa Bethemaaka, le Janoa, le Keteše, le Hasora, le Gileate, le Galilea, lefatshe lotlhe la Nafetali; mme batho a ba isa kwa Asiria ba golegilwe.
30
Hošea morwa Ela a rera Peka morwa Remalia, a mo itaya, a mmolaya, mme a busa mo boemong jwa gagwe, ka ngwaga wa 20 wa ga Jothame morwa Usia.
31
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Peka le tsotlhe tse o ne a di dira, bonang, di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele.
32
E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele, Jothame morwa Usia kgosi ya Juta a simolola go busa.
33
E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Jeruše morwadia Satoke.
34
A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa; a dira jaaka tsotlhe tse Usia rraagwe o ne a di dirile.
35
Mme le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng. Ke ene yo o ne a swafatsa kgoro e e ka fa godimo ya ntlo ya ga Jehofa.
36
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jothame, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
37
Ya re mo metlheng eo Jehofa a simolola go bololetsa Juta, Resine kgosi ya Siria le Peka morwa Remalia.
38
Jothame a robala le borraagwe, mme a fitlhwa le borraagwe mo motseng wa ga Dafite rraagwe; Ahase morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25