bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 8
2 Kings 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 9 →
1
Jaana Eliša o ne a buile le mosadi yo o mo rudiseditseng morwawe, a re: “Nanoga, o tsamaye le ba ntlo ya gago, o ye go jaka kwa o ka jakang gone, gonne, Jehofa o kuile leuba; le gone le tlaa nna mo lefatsheng ka dinyaga di supa.”
2
Mosadi a nanoga a dira jaaka lefoko la monna wa Modimo; a ya le ba ntlo ya gagwe, a jaka mo lefatsheng la Bafilisitia ka dinyaga di supa.
3
Ga dirala e rile dinyaga di supa di sena go feta, mosadi a boa a tswa kwa lefatsheng la Bafilisitia; a tswa a ya go ikuela kgosi ka ga ntlo ya gagwe le ka ga lefatshe la gagwe.
4
Jaana kgosi ya bo e bua le Gehasi motlhanka wa monna wa Modimo, a re: “Ke a go rapela, mpolelela dilo tsotlhe tse dikgolo tse Eliša o di dirileng.”
5
Ga dirala ya re a sa ntse a bolelela kgosi jaaka a rudisitse motho yo o suleng, bona, mosadi yo morwawe o ne a mo rudisitse, a ikuela kgosi ka ga ntlo ya gagwe le ka ga lefatshe la gagwe. Gehasi a re: “Kgosi, morena wa me, mosadi ke ene yo, le morwawe ke ene yo, yo Eliša o mo rudisitseng.”
6
Ya re kgosi e botsa mosadi, a e bolelela. Kgosi ya roma mogolwane mongwe ya re: “Mo rebolele gotlhe mo e neng e le ga gagwe, le maungo otlhe a lotlhagare, go tswa letsatsing le o tlogetseng lefatshe ka lone, go tla nakong eno.”
7
Eliša a tla mo Damaseko; Benehatate kgosi ya Siria o ne a lwala; mme a bolelelwa ga twe, monna wa Modimo o tsile mono.
8
Kgosi ya raya Hasaele ya re: “Tsaya neo mo seatleng sa gago, o ye go kgatlhantsha monna wa Modimo, o botse mo go Jehofa ka ene, o re, ga twe: A ke tlaa fola mo bolwetseng jo?”
9
Jalo Hasaele a ya go mo kgatlhantsha, a tshotse neo, e bong ya sengwe le sengwe se se molemo sa Damaseko, merwalo e le 40 ya dikamela, a fitlha a ema fa pele ga gagwe, a re: “Morwao Benehatate kgosi ya Siria, o nthomile kwano go wena, a re, A ke tlaa fola mo botlhokong jo?”
10
Eliša a mo raya a re: “O ka ya wa mo raya wa re: ‘Ruri o ka fola.’ Le fa go ntse jalo Jehofa o ntshupeditse fa a tlaa swa ruri.”
11
Mme a tlhoma sefatlhogo sa gagwe mo go ene a mo leba thata, a ba a tla a tlhajwa ke ditlhong; monna wa Modimo a lela.
12
Hasaele a re: “Ana morena wa me o lelelang?” A mo fetola a re: “Ka gonne ke a bo itse bosula jo o tlaa bo direlang bana ba Iseraele; gonne o tlaa thetheletsa dikago tsa bone tse di thata ka molelo, o tlaa bolaya makau a bone ka tšhaka, o tlaa phatlakanya banyana ba bone, o roposa basadi ba bone ba ba ithweleng.”
13
Hasaele a re: “Motlhanka wa gago e be e le eng, yo ke leng ntša fela, fa e ka bo ne ne a ka dira selo se segolo se?” Eliša a re: “Jehofa o ntshupeditse fa o tlaa nna kgosi ya Siria.”
14
Foo a tloga mo go Eliša, a tla kwa go mong wa gagwe; ene a mo raya a re: “Eliša o go reile a reng?” Mme a re: “O mpoleletse fa ruri o tlaa fola.”
15
Mme ga dirala ya re ka moso a tsaya letsela le le khurumetsang, a le ina mo metsing, a le baya mo sefatlhogong sa gagwe, a ba a tla a swa; mme Hasaele a busa mo boemong jwa gagwe.
16
E rile ka ngwaga wa botlhano wa ga Jorame morwa Ahabe, kgosi ya Iseraele, Jehošafate e le kgosi ya Juta mo lobakeng loo, Jorame morwa Jehošafate kgosi ya Juta a simolola go busa.
17
E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 32; mme a busa ka dinyaga tse di 8 mo Jerusalema.
18
A sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, jaaka go dirile ba ntlo ya ga Ahabe, gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa.
19
Mme le fa go ntse jalo Jehofa a gana go senya Juta, ka ntlha ya ga Dafite motlhanka wa gagwe, ka a mo solofeditse fa a tlaa mo naya lobone lwa bana ba gagwe ka metlha yotlhe.
20
Ya re mo metlheng ya gagwe Baetome ba tsuololela Bajuta, ba itirela kgosi.
21
Foo Jorame a kgabaganyetsa kwa Saire a na le dikara tsotlhe tsa gagwe; a tsoga bosigo, a kgemetha Baetome ba ba mo dikanyeditseng, le balaodi ba dikara; mme batho ba tshabela kwa megopeng ya bone.
22
Jalo Baetome ba sa le ba tsuololela Bajuta, le gompieno. Foo Balibena ba tsuolola e ntse e le ka lone lobaka loo.
23
Ditiro tse dingwe tsa ga Jorame, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga dia kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
24
Mme Jorame a robala le borraagwe, a fitlhwa le borraagwe mo motseng wa ga Dafite, mme Ahasia morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
25
E rile ka ngwaga wa lesome le bobedi wa ga Jorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele, Ahasia morwa Jehorame kgosi ya Juta a simolola go busa.
26
Ahasia o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 22; mme a busa ka ngwaga o le mongwe fela mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia, morwadia Omeri, kgosi ya Iseraele.
27
Mme a sepela mo tseleng ya ba ntlo ya ga Ahabe, a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka go dirile ba ntlo ya ga Ahabe; gonne e le mongwe wa ntlo ya ga Ahabe.
28
A bolola le Jorame morwa Ahabe, ba ya go tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria kwa Ramothe-gileate; mme Basiria ba tlhaba Jorame.
29
Kgosi Jorame a boela kwa Jesereele a ya go alafiwa dintho tse Basiria ba di mo ntshitseng kwa Rama, jale ka a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta, a ya go lekola Jorame morwa Ahabe kwa Jesereele, ka a ne a lwala.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25