bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 14
2 Kings 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 15 →
1
E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Joaše morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele, Amasia morwa Joaše kgosi ya Juta a simolola go busa.
2
O rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25. A busa ka dinyaga di le 29 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jehoadine wa Jerusalema.
3
A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa; le fa go ntse jalo e seng jaaka Dafite rraagwe; a dira jaaka tsotlhe tse Joaše rraagwe o ne a di dirile.
4
Le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng.
5
Ga dirala ya re bogosi bo sena go tlhomama mo seatleng sa gagwe, a bolaya batlhanka ba gagwe ba ba bolaileng kgosi rraagwe.
6
Mme bana ba babolai bao ga a ka a ba bolaya, jaaka se se kwadilweng mo lokwalong lwa molao wa ga Moše, jaaka Jehofa a laotse, a re: “Borra batho ba se ka ba bolaelwa bana, le bana ba se ka ba bolaelwa borraabo; mme motho mongwe le mongwe a swele boleo jwa gagwe.”
7
Baetome a ba bolaela mo Molapong wa Letswai ba le 10 000, a gapa Sela ka ntwa, a go raya leina a re: “Joketheele”, nako e sa le eno.
8
Foo Amasia a roma batho kwa go Joaše, morwa Jehoahase, morwa Jehu kgosi ya Iseraele a re: “Ntlo re lebanye difatlhogo.”
9
Joaše kgosi ya Iseraele a roma kwa go Amasia kgosi ya Juta a re: “Sitlwasitlwane yo o ne a le mo Lebanone a roma kwa mosetareng o o mo Lebanone, a re: ‘Naya morwaake morwadio go nna mosadi;’ mme ga feta sebatana se se mo Lebanone, sa gataka sitlwasitlwane.
10
Le gale o kgemethile Baetome, mme pelo ya gago e go goleditse; o nne o belafale ka ga gone, o bo o nne koo gaeno; gonne o tlaa bo o italeletsang go tla o ikutlwisa botlhoko gore o tle o we, e bong wena, le Bajuta nao?”
11
Mme Amasia a gana go utlwa. Mme Joaše kgosi ya Iseraele a bolola; mme ene le Amasia kgosi ya Juta ba lebanya difatlhogo kwa Bethešemeše, o e leng wa Juta.
12
Mme Bajuta ba fenyega fa pele ga Baiseraele, mme mongwe le mongwe wa bone a tshabela kwa mogopeng wa gagwe.
13
Joaše kgosi ya Iseraele a tshwara Amasia kgosi ya Juta, morwa Joaše, morwa Ahasia kwa Bethešemeše, a ya kwa Jerusalema, a thuba lorako lwa Jerusalema go tswa kgorong ya Eferaime go ya kwa kgorong ya kgokgotsho, boleele jwa mabogo a le makgolo a le mane.
14
A tsaya gouta yotlhe le selefera, le dilwana tsotlhe tse di fitlhelwang mo ntlong ya ga Jehofa le mo dikhumong tsa ntlo ya kgosi, le ba ba ntshitsweng peelano ya motse le bone, mme a boela kwa Samaria.
15
Ditiro tse dingwe tsa ga Joaše tse o ne a di dira le bonatla jwa gagwe, le jaaka a ne a tlhabana le Amasia kgosi ya Juta, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
16
Joaše a robala le borraagwe, a fitlhwa mo Samaria le dikgosi tsa Iseraele; mme Jeroboame morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
17
Mme Amasia morwa Joaše kgosi ya Juta a nama a sa tshedile morago ga loso lwa ga Joaše morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele, dinyaga di le 15.
18
Ditiro tse dingwe tsa ga Amasia, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
19
Ba mo rera mo Jerusalema; a tshabela kwa Lakiše, mme ba mo latedisa batho kwa Lakiše, mme ba mmolaela gone.
20
Ba mo lere ka dipitse; a fitlhwa mo Jerusalema le borraagwe, mo motseng wa ga Dafite.
21
Mme batho botlhe ba Juta ba tsaya Asaria, yo o dinyaga di 16, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe.
22
A aga Elathe, a ba a o busetsa mo Juta, kgosi e sena go robala le borraagwe.
23
E rile ka ngwaga wa 15 wa ga Amasia morwa Joaše kgosi ya Juta, Jeroboame morwa Joaše kgosi ya Iseraele a simolola go busa mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le 41.
24
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa. Ga a ka a fapoga mo maleong otlhe a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.
25
A busa molelwane wa Baiseraele go tswa kwa botsenong jwa Hamathe go ya kwa lewatleng la Areba, ka fa lefokong la ga Jehofa, Modimo wa Iseraele, le o ne a le bua ka motlhanka wa gagwe Jona morwa Amitai, moperofeti, yo e ne e le wa Gathe-hefere.
26
Gonne Jehofa o ne a bona patikego ya Baiseraele, fa go ne go le botlhoko thata; gonne go ne go sa sala ope yo o tswaletsweng le yo o itsamaelang fela le gone go se na mothusi ope wa Baiseraele.
27
Mme Jehofa ga a ka a re o tla phimola leina la Baiseraele fa tlase ga legodimo; mme a ba golola ka Jeroboame morwa Joaše.
28
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jeroboame le tsotlhe tse o ne a di dira le bonatla jwa gagwe, le jaaka a ne a tlhabana, le jaaka a ne a busa Damaseko le Hamathe, e e kileng ya ne e le metse ya Juta, a e busetsa mo Iseraele, a ga go a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
29
Mme Jeroboame a robala le borraagwe, e bong le dikgosi tsa Iseraele; mme Sekaria morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25