bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 21
2 Kings 21
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 22 →
1
E rile Manase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 12; mme a busa ka dinyaga di le 55 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne ele Hefesiba.
2
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, ka fa go tse di makgapha tsa ba ditšhaba ba Jehofa o ne a ba kgorometsa fa pele ga bana ba Iseraele.
3
Gonne o ne a ba a aga mafelo a a tlotlometseng a Hesekia rraagwe o ne a a sentse; a agela Baale dibeso, a ba a dira Modimako, jaaka Ahabe kgosi ya Iseraele a kile a dira, a obamela bontsi jotlhe jwa legodimo, a bo direla.
4
A aga dibeso mo ntlong ya ga Jehofa, e Jehofa o ne a bua ka ga yone, a re: “Ke tlaa baya leina la me mo Jerusalema.”
5
A agela bontsi jwa legodimo dibeso mo malwapeng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa.
6
A ralatsa morwawe molelo, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira le bone ba ba buang le badimo, le ba ba loang; a dira bosula bo le bogolo mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng.
7
Setshwantsho se se setilweng sa Modimako se o ne a se dirile, a se tlhoma mo ntlong e Jehofa o kileng a bua ka ga yone le Dafite le Solomone morwawe a re: “Mo ntlong e, le mo Jerusalema, o ke o itshenketseng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, ke tlaa baya leina la me gone ka bosakhutleng;
8
le gone ga nketla ke tlhola ke kgarakgatsha dinao tsa Iseraele ka go ba ntsha mo lefatsheng le ke le neileng borraabo; ke raya fa ba tlhokomela go dira jaaka tsotlhe tse ke di ba laoletseng, le jaaka molao otlhe o motlhanka wa me Moše o ne a o ba laolela.”
9
Mme ga ba a ka ba reetsa, Manase a ba oka, gore ba dire se se bosula go feta ditšhaba tse Jehofa o ne a di senya fa pele ga bana ba Iseraele.
10
Jehofa a bua ka baperofeti batlhanka ba gagwe, a re:
11
“E re ka Manase kgosi ya Juta a dirile dilo tse di makgapha, a dirile ka boikepo go feta tsotlhe tse Baamora ba kileng ba di dira, ba ba neng ba le pele ga gagwe, a leofisitse Bajuta le bone ka medimo ya gagwe ya disetwa;
12
ke gone ka moo Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana a re: ‘Bona, ke tlaa tlisa bosula mo Jerusalema le Juta, jo e tlaa reng mongwe le fa e ka ne e le mang a bo utlwela, ditsebe tsa gagwe tsoo pedi di be di sume.
13
Thodi ya Samaria ke tlaa e namalatsa mo godimo ga Jerusalema, le selekanyo sa thokgamo sa ba ntlo ya ga Ahabe; ke tlaa phimola Jerusalema jaaka motho a tle a phimole sejana, a se phimole, a se pitikolole.
14
Ke tlaa latlha masalela a boswa jwa me, ke ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone; ba tlaa nna kgapo le thopo mo babeng botlhe ba bone,
15
ka ba dirile bosula mo ponong ya me, mme ba ntlhotlheleditse bogaleng, go simolola ka tsatsi le borraabo ba duleng kwa Egepeto ka lone, nako e sa le eno.’ ”
16
Gape Manase a tsholola madi a batho a a se nang molato a le magolo thata, a ba a tla a tlatsa Jerusalema ka one, go tswa ntlheng nngwe le go ya e nngwe; kwa ntle ga boleo jo o ne a leofisa Bajuta ka jone, ka go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa.
17
Ditiro tse dingwe tsa ga Manase, le tsotlhe tse o ne a di dira, le boleo jo o ne a bo leofa, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
18
Mme Manase a robala le borraagwe, a fitlhwa mo tshimong ya ntlo ya gagwe, mo tshimong ya ga Usa; mme Amone morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
19
E rile Amone a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 20; mme a busa ka dinyaga di le pedi mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Mešulemethe morwadia Haruse wa Joteba.
20
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa jaaka Manase rraagwe a ne a dira.
21
A sepela mo tseleng yotlhe e rraagwe o ne a sepela mo go yone, a ba a direla medimo ya disetwa e rraagwe o ne a e direla, a e obamela;
22
a latlha Jehofa Modimo wa borraagwe, a se ka a sepela mo tseleng ya ga Jehofa.
23
Batlhanka ba ga Amone ba mo rera, mme ba bolaela kgosi mo ntlong ya yone.
24
Mme batho ba lefatshe ba bolaya bone botlhe ba ba rerileng kgosi Amone; mme batho ba lefatshe ba dira Josia morwawe kgosi mo boemong jwa gagwe.
25
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Amone tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
26
Mme a fitlhwa mo phupung ya gagwe mo tshimong ya ga Usa; mme Josia morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25