bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 23
2 Kings 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 24 →
1
Kgosi ya roma batho, mme ba phuthela bagolwane botlhe ba Juta le ba Jerusalema kwa go yone.
2
Kgosi ya ya kwa ntlong ya ga Jehofa, e na le banna botlhe ba Juta le banni botlhe ba Jerusalema, le baperesiti, le baperofeti, le batho botlhe, bannye le bagolo; mme a bala mo ditsebeng tsa bone mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano lo lo bonyweng mo ntlong ya ga Jehofa.
3
Kgosi ya ema fa lekotwaneng, a dira kgolagano fa pele ga Jehofa ya go sala Jehofa morago le go tshegetsa ditao tsa gagwe le ditshupo tsa gagwe, le melao ya gagwe ka pelo yotlhe ya yone le ka mowa otlhe wa yone, go tla a dirafatsa mafoko a kgolagano a a kwadilweng mo lokwalong; mme batho botlhe ba dumelela kgolagano.
4
Kgosi ya laola Hilekia moperesiti yo mogolo, le baperesiti ba mophato wa bobedi, le balebedi ba kgoro, gore ba ntshe mo tempeleng ya ga Jehofa dilwana tsotlhe tse di diretsweng Baale, le Modimako, le bontsi jotlhe jwa legodimo. Mme a di fisetsa kwa ntle ga Jerusalema mo matlhagareng a Kiterone, a isa melora ya tsone kwa Bethele.
5
A khutlisa baperesiti ba medimo ya disetwa, ba dikgosi tsa Juta di ba tlhomileng, go tla ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng mo metseng ya Juta, le mo mafelong a a mo tikologong ya Jerusalema; le bone ba ba fisetsang Baale maswalo le ba ba fisetsang letsatsi, le kgwedi, le dinaledi tse dikgolo, le bontsi jotlhe jwa legodimo.
6
A ntsha Modimako mo ntlong ya ga Jehofa, a o ntshetsa kwa ntle ga Jerusalema kwa molatswaneng wa Kiterone, a o fisetsa fa molatswaneng wa Kiterone, mme a o leta wa nna leupa fela, a latlhela leupa la one mo diphupung tsa batho fela.
7
A thubaka matlo a basotoma a a ne a le fa ntlong ya ga Jehofa kwa basadi ba ne ba logelela Modimako megope gone.
8
A ntsha baperesiti botlhe mo metseng ya Juta, a itshekolola mafelo a a tlotlometseng kwa baperesiti ba ne ba fisetsa maswalo gone, go tswa Geba go ya Beerešeba; a thubaka mafelo a a tlotlometseng a dikgoro a a fa botsenong jwa kgoro ya ga Jošua molaodi wa motse, a a ne a potile kgoro ya motse ka fa ntlheng ya la molema la motho.
9
Le fa go ntse jalo baperesiti ba mafelo a a tlotlometseng ga ba a ka ba tla sebesong sa Jehofa mo Jerusalema, mme ba ja senkgwe se se sa bedisiwang le ba ga bone.
10
A itshekolola Tofethe o o mo mogogorong wa bana ba ga Hinome, gore go se nne ope yo o tlaa ralaletsang Moleke morwawe kgotsa morwadie molelo gone.
11
A tlosa dipitse tse dikgosi tsa Juta di ne di di neile letsatsi, fa botsenong jwa ntlo ya ga Jehofa, fa ntlwaneng e e fa thoko ya ga Nathanemeleke molebedi wa dikhumo; mme dikara tsa letsatsi a di fisa ka molelo.
12
Dibeso tse di neng di le mo godimo ga ditlhomeso tsa ntlwana e e fa godimo ya ga Ahase, tse dikgosi tsa Juta di di dirileng, le dibeso tse Manase o ne a di dirile mo malwapeng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa, kgosi ya di thubaka, a di gosometsa gone, a latlhela lorole lwa tsone mo molatswaneng wa Kiterone.
13
Mafelo a a tlotlometseng a a fa pele ga Jerusalema, a a ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga thabana ya sebodu, a Solomone kgosi ya Iseraele o ne a a agetse Ašetorethe e le se se makgapha sa Basitone, le Kemoše e le se se makgapha sa Bamoabe, le Melikome, e le se se makgapha sa bana ba Amone, kgosi ya di itshekolola.
14
A thubaganya maje a a metloutlo, a rema Medimako, mme a tlatsa maemo a dilo tseo ka marapo a baswi.
15
Gape le sebeso se se mo Bethele, le mafelo a a tlotlometseng a a dirilweng ke Jeroboame morwa Nebate, yo o ne a leofisa Baiseraele, e bong sone sebeso seo, le felo fa go tlotlometseng a go thubaka; a fisa felo fa go tlotlometseng, a go thuga, ga nna leupa fela, a ba a fisa Modimako.
16
Mme e ne e ya re Josia a ithetolola a kwaya diphupu tse di gone mo thabeng; a roma a ya go ntsha marapo mo diphupung tseo, a a fisetsa mo sebesong, a se itshekolola ka fa lefokong la ga Jehofa, le monna wa Modimo o kileng a le bolela, ene yo o boletseng dilo tse.
17
Foo a re: “Sefikantswe se ke se bonang ke sa eng?” Banna ba motse ba mmolelela ba re: “Ke phupu ya monna wa Modimo yo o ne a tswa kwa Juta, mme a bolela dilo tse o di diretseng sebeso sa Bethele.”
18
Mme a re: “A a nne fela; a go se nne ope yo o tlosang marapo a gagwe.” Mme ba lesa marapo a gagwe, a na le marapo a moperofeti yo o ne a tswa Samaria.
19
Le one matlo otlhe a mafelo a a tlotlometseng a a mo metseng ya Samaria, a dikgosi tsa Iseraele di ne di a direla go tla ba gakaletsa Jehofa bogaleng, Josia a a tlosa, a dira ka one jaaka ditiro tsotlhe tse o di dirileng kwa Bethele.
20
Baperesiti botlhe ba ba gone ba mafelo a a tlotlometseng a ba bolaela mo dibesong, a ba a fisetsa marapo a batho mo go tsone; a itse go boela Jerusalema.
21
Kgosi ya laola batho botlhe ya re: “Direlang Jehofa Modimo wa lona modiro wa tlolaganyo, jaaka go kwadilwe mo lokwalong lo lwa kgolagano.”
22
E sa le ka metlha ya baatlhodi ba ba atlhotseng Baiseraele, le fa e le mo metlheng yotlhe ya dikgosi tsa Iseraele, le fa e le ya dikgosi tsa Juta, ekete go ne go se ka ga dirwa tlolaganyo epe e e ntseng jalo.
23
Mme tlolaganyo eo ya direlwa Jehofa mo Jerusalema ka ngwaga wa 18 wa kgosi Josia.
24
Gape Josia a tlosa le bone ba ba buang le badimo, le baloi, le mereo, le medimo ya disetwa, le tse di makgapha tsotlhe tse di fitlhetsweng mo lefatsheng la Juta le mo Jerusalema, gore a tlhomamise mafoko a molao a a kwadilweng mo lokwalong lo Hilekia moperesiti o lo bonyeng mo ntlong ya ga Jehofa.
25
Pele ga gagwe go ne go se na kgosi epe e e tshwanang nae, e e neng ya sokologela mo go Jehofa ka pelo yotlhe ya yone le ka mowa otlhe wa yone, ka fa molaong otlhe wa ga Moše; le fa e le morago ga gagwe ga se ka ga tsoga ope yo o tshwanang nae.
26
Le fa go ntse jalo, Jehofa o na a se ka a boa mo phisong ya bogale jo bogolo jwa gagwe, e bogale jwa gagwe bo ne bo tukela Bajuta ka yone, ka ntlha ya dithumolo tsotlhe tse Manase o ne a mo rumola ka tsone.
27
Mme Jehofa a re: “Ke tlaa tlosa Bajuta, ba tswa mo ponong ya me, jaaka ke tlositse Baiseraele: ke tlaa latlha motse o ke o itshenketseng, e bong Jerusalema, le ntlo e ke buileng ka ga yone, ka re: Leina la me le tlaa nna gone.”
28
Ditiro tse dingwe tsa ga Josia le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
29
E rile mo motlheng wa gagwe, Faro-neko kgosi ya Egepeto a bololela kgosi ya Asiria kwa nokeng ya Euferatese; kgosi Josia a mmololela; mme Faro-neko a mmolaela kwa Megito, a sena go mmona.
30
Batlhanka ba gagwe ba mo tsaya kwa Megito ka kara a sule, ba mo isa Jerusalema, ba mo fitlha mo phupung ya gagwe. Batho ba lefatshe ba tsaya Jehoahase morwa Josia ba mo tlotsa, ba dira kgosi mo boemong jwa ga rraagwe.
31
E rile Jehoahase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 23; mme a busa ka dikgwedi di le tharo mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale morwadia Jeremia wa Libena.
32
Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse borraagwe ba ne ba di dira.
33
Mme Faro-neko a mo tsenya mo dikgoleng kwa Ribela, mo lefatsheng la Hamathe, gore a tle a se ka a busa mo Jerusalema; a kgethisa lefatshe dikilokerame di le 3 400 tsa selefera le dikilokerame di le 34 tsa gouta.
34
Faro-neko a dira Eliakime morwa Josia kgosi mo boemong jwa ga Josia rraagwe, a mo raya leina le sele a re, Jehoiakime; a tlosa Jehoahase; mme a tla mo Egepeto, a swela gone.
35
Jehoiakime a naya Faro selefera le gouta; a kgethisa lefatshe gore a ntshe madi jaaka taolo ya ga Faro; a tsaya selefera le gouta mo bathong ba lefatshe ka patiko, mo go mongwe le mongwe ka fa lekgethong la gagwe, gore a tle a le neye Faro-neko.
36
E rile Jehoiakime a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; a busa ka dinyaga di le 11 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Sebita morwadia Petaia wa Ruma.
37
Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse borraagwe ba ne ba di dira.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25