bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 24
2 Kings 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 25 →
1
E rile mo metlheng ya gagwe, Nebukatenesare kgosi ya Babilone a tla, Jehoiakime a tswa motlhanka wa gagwe ka dinyaga di le tharo; foo a sokologa a mo tsuololela.
2
Mme Jehofa a mmololetsa manokwane a Bakalatea, le manokwane a Basiria, le manokwane a Bamoabe, le manokwane a bana ba Amone, a ba roma kwa lefatsheng la Juta gore ba le senye, ka fa lefokong la ga Jehofa le o ne a le bua ka baperofeti batlhanka ba gagwe.
3
Ruri selo se, se tsile mo go Bajuta ka taolo ya ga Jehofa, go tla se ba tlosa mo ponong ya gagwe, ka ntlha ya maleo a ga Manase, ka fa tsotlhe tse o ne a di dira;
4
le gone ka ntlha ya madi a batho a a se nang molato a o ne a a tsholola; gonne o ne a tlatsa Jerusalema ka madi a a se nang molato; mme Jehofa a gana go itshwarela.
5
Ditiro tse dingwe tsa ga Jehoiakime le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
6
Mme Jehoiakime a robala le borraagwe, mme Jehoiakine morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
7
Mme Kgosi ya Egepeto ga ya a ka ya tlhola e tswa mo lefatsheng la ga yone; gonne kgosi ya Babilone e ne e gapile gotlhe mo e ne e le ga kgosi ya Egepeto, go tswa molatswaneng wa Egepeto go ya nokeng ya Euferatese.
8
E rile Jehoiakine a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 18; mme a busa ka dikgwedi di le tharo mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Nehušete morwadia Elenathane wa Jerusalema.
9
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse rraagwe o ne a di dira.
10
Ya re ka lobaka loo batlhanka ba ga Nebukatenesare kgosi ya Babilone ba tla Jerusalema, mme motse wa tlhaselwa.
11
Nebukatenesare kgosi ya Babilone a tla kwa motseng batlhanka ba gagwe ba ntse ba o tlhasela.
12
Jehoiakine kgosi ya Juta a tswela kwa kgosing ya Babilone, ene le mmaagwe, le batlhanka ba gagwe, le dikgosana tsa gagwe, le baopafadiwi ba gagwe. Kgosi ya Babilone ya mo tshwara ka ngwaga wa 8 wa puso ya gagwe.
13
Ya ntsha gone dikhumo tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa, le dikhumo tsa ntlo ya kgosi, ya kgaolakgaola dilwana tsotlhe tsa gouta tse Solomone kgosi ya Iseraele o kileng a di dira mo tempeleng ya ga Jehofa, jaaka Jehofa a buile.
14
A tlosa ba Jerusalema botlhe, le dikgosana tsotlhe, le diganka tsotlhe tse di pelokgale, le ditshwarwa di le 10 000, le botlhe baitse ba ditiro, le bathudi; ga go a ka ga sala ope fa e se bahumanegi fela ba batho ba lefatshe.
15
A isa Jehoiakine kwa Babilone, le mma kgosi, le basadi ba kgosi, le baopafadiwi ba yone, le batho ba batona ba lefatshe, a ba isa botshwarong kwa Babilone, a ba tlosa mo Jerusalema.
16
Le banna botlhe ba ba dinatla ba le 7 000, le baitse ba ditiro, le bathudi ba le 1 000, botlhe e le ba ba thata, le ba ba tshwanetseng ntwa, kgosi ya Babilone ya ba isa le bone kwa Babilone e le ditshwarwa fela.
17
Kgosi ya Babilone ya dira Matania rangwanaagwe kgosi mo boemong jwa gagwe, mme a mo raya leina le sele a re, Setekia.
18
E rile Setekia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 21; mme a busa ka dinyaga di le 11 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale morwadia Jeremia wa Libena.
19
A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Jehoiakime a ne a di dira.
20
Gonne ya re ka ntlha ya bogale jwa ga Jehofa ga dirala jalo mo Jerusalema le mo Juta, ga tsamaya a ba latlha ba tswa mo ponong ya gagwe; mme Setekia a tsuololela kgosi ya Babilone.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25