bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 16
2 Kings 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 17 →
1
E rile ka ngwaga wa 17 wa ga Peka morwa Remalia, Ahase morwa Jothame kgosi ya Juta a simolola go busa.
2
E rile Ahase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 20; mme a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema; ga a ka a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka Dafite rraagwe.
3
Mme a sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, ee, a ba a ralatsa morwawe molelo ka fa mekgweng e e makgapha ya baditšhaba, ba Jehofa o kileng a ba kgorometsa fa pele ga bone Baiseraele.
4
O ne a tle a ise ditlhabelo a fise maswalo mo mafelong a a tlotlometseng, le mo godimo ga dithaba, le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.
5
Foo Resine kgosi ya Siria le Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele ba ya kwa Jerusalema ba le ntwa; mme ba tlhasela Ahase, mme ba retelelwa ke go mo fenya.
6
Ya re ka lobaka loo, Resine kgosi ya Siria, a ba a gapa Elathe, a o busetsa mo Siria, a leleka Bajuta mo Elathe; Basiria ba tla mo Elathe ba aga gone nako e sa le eno.
7
Jalo Ahase a roma batho ba ya kwa go Tigelathe-pilesere, kgosi ya Asiria, a re: “Ke motlhanka wa gago, ke bile ke morwao; tla o nkgolole mo seatleng sa kgosi ya Siria, le mo seatleng sa kgosi ya Iseraele ba ba ntsogologetseng.”
8
Ahase a tsaya selefera le gouta tse di fitlhetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, le mo dikhumong tsa ntlo ya kgosi, a di isa kwa kgosing ya Asiria e le neo fela.
9
Kgosi ya Asiria ya mo reetsa; mme kgosi ya Asiria ya bololela Damaseko, ya o gapa, ya isa batho ba gone kwa Kire ba golegilwe, ya ba ya bolaya Resine.
10
Kgosi Ahase a ya kwa Damaseko a ya go kgatlhantsa Tigelathe-pilesere kgosi ya Asiria, mme a bona sebeso se se mo Damaseko, mme kgosi Ahase a isa kwa go Urija moperesiti setshwantsho sa sebeso le sekao sa sone, ka fa modirong otlhe wa sone.
11
Urija moperesiti a aga sebeso sengwe, jaaka tsotlhe tse kgosi Ahase o ne a di rometse kwa go ene di tswa kwa Damaseko. Urija moperesiti a se dira jalo go tla se fitlhelwa ke kgosi Ahase fa a boa kwa Damaseko.
12
E rile kgosi e boa kwa Damaseko, ya bona sebeso; ya atamela kwa sebesong ya isa tlhabelo mo go sone.
13
A fisa tshupelo ya gagwe e e fisiwang, le tshupelo ya gagwe ya boupe, mme a thela tshupelo ya gagwe e e nowang, a ba a kgatsha madi a ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso mo sebesong.
14
Sebeso sa kgotlho se se fa pele ga Jehofa, a se tlosa fa pele ga ntlo, go tswa fa gare ga sebeso sa gagwe le ntlo ya ga Jehofa, a se potisa sebeso sa gagwe ka kwa ntlheng ya botsheka.
15
Kgosi Ahase a laola Urija moperesiti a re: “Mo sebesong se segolo o fise tshupelo e e fisiwang ya moso, le tshupelo ya boupe ya maitsebowa, le tshupelo e e fisiwang ya kgosi, le tshupelo ya yone ya boupe, le tshupelo e e fisiwang ya batho botlhe ba lefatshe, le tshupelo ya bone ya boupe, le ditshupelo tsa bone tse di nowang; o bo o kgatshe mo go sone madi otlhe a tshupelo e e fisiwang, le madi otlhe a setlhabelo. Mme sebeso sa kgotlho e nne sa me fela go botsa ka sone.”
16
Urija moperesiti a dira jalo jaaka, tsotlhe tse kgosi Ahase o di laotseng.
17
Kgosi Ahase a kgaola masinamelo a ditlhomo, a tlosa mogopo wa botlhapelo mo go tsone; a pagolola “lewatle” mo dikgomong tsa kgotlho tse di ne di le tlase ga lone, a le baya mo bophaphatlhong jwa matlapa.
18
Tsela e e ruletsweng seloobo ya Sabata, e ba ne ba e agile mo ntlong, le botseno jwa kgosi jwa kwa ntle, a di faposetsa go ya kwa ntlong ya ga Jehofa ka ntlha ya kgosi ya Asiria.
19
Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Ahase tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
20
Mme Ahase a robala le borraagwe, a fitlhwa le borraagwe mo motseng wa ga Dafite; mme Hesekia morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25