bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 4
2 Kings 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 5 →
1
Mosadi mongwe wa basadi ba bomorwa baperofeti a isa selelo kwa go Eliša, a re: “Motlhanka wa gago, monna wa me, o sule; o a itse fa motlhanka wa gago a ne a boifa Jehofa; mme motho yo go tshotsweng dilo molato mo go ene o tsile go itseela bana ba me ba babedi go ba ntsha batlhanka.”
2
Eliša a mo raya a re: “Ke tlaa go direlang? Mpolelela, o na le eng mo ntlong?” A re: “Lelata la gago ga le na sepe mo ntlong, fa e se nkgwanyana ya lookwane.”
3
Foo a re: “Ya o adime dinkgwana mo go bagaeno botlhe fela, e bong dinkgwana tse di se nang sepe; o di adime di se dinnye.
4
O tsene mo ntlong, o itswalele mo teng le bomorwao, o bo o thele lookwane mo dinkgwaneng tseo tsotlhe; tse di tletseng o di beye fa thoko.”
5
Jalo a tloga fa go ene a ya a itswalela le bomorwawe; bone ba isa dinkgwana kwa go ene, ene a di thela.
6
Ga dirala ya re dinkgwana di sena go tlala, a raya morwawe a re: “Ba o nteretse nkgwana e nngwe gape.” A mo raya a re: “Ga go tlhole go le nkgwana epe.” Mme lookwane lwa ema.
7
Foo a tla a bolelela monna wa Modimo. Ene a re: “Ya o rekise lookwane, o duele molato wa gago, o tshele ka lo lo tlaa salang, wena le bomorwao.”
8
Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe Eliša a fetela kwa Shuneme, kwa go ne go na le mosadi mongwe yo mogolo teng, mosadi a mo rapela thata gore a je dijo. Ga nna jalo, gongwe le gongwe fa a feta, a fapogele gone a ye go ja dijo.
9
Mosadi a raya monna wa gagwe a re: “Ke lemoga fa monna yo o tlholang a feta ka rona e le monna yo o itshepileng wa ga Jehofa.
10
Ke a go rapela, a re ke re dire ntlwana mo lorakong; re mo alele bolao gone, le lomati lwa bojelo, le setulo, le setlhomo sa lobone; go tlaa dirala go re fa a tla ka rona a fapogele gone.”
11
Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe, a tla gone, a fapogela mo ntlwaneng, a rapama gone.
12
A raya Gehasi motlhanka wa gagwe a re: “Bitsa Mošuneme yoo.” Ya re a sena go mmitsa, a tla a ema fa pele ga gagwe.
13
A mo raya a re: “O reye mosadi o re: Bona, o re bolokile ka poloka yotlhe e; o ka direlwang? A o rata go buelelwa kwa kgosing, kgotsa mo molaoding wa ntwa?” Mosadi a mo fetola a re: “Ke agile fela mo bathong ba gaetsho.”
14
Mme a re: “Ana foo o ka direlwang?” Gehasi a re: “Ruri, ga a na ngwana wa mosimane, le monna wa gagwe o tsofetse.”
15
A re: “Mmitse.” Ya re a sena go mmitsa, a tla a ema fa mojakong.
16
Eliša a re: “E tlaa re go le nako eno, fa motlha o fitlhile, o tlaa tlamparela ngwana wa mosimane”. Mme mosadi a re: “Nnyaa, morena wa me, monna wa Modimo, o se ka wa aketsa lelata la gago.”
17
Mme mosadi a ithwala, a bona ngwana wa mosimane mo lobakeng loo, motlha o sena go fitlha, jaaka Eliša a mo reile.
18
E rile ngwana a sena go gola, ga dirala ya re ka letsatsi lengwe, a tswela kwa go rraagwe kwa baseging ba mabele.
19
A raya rraagwe a re: “A tlhogo ya me! a tlhogo ya me!” A raya motlhanka wa gagwe a re: “Mo ise kwa go mmaagwe.”
20
E rile a sena go mo tsaya, a mo isitse kwa go mmaagwe, a dula mo mangoleng a gagwe go ya motshegareng, a itse go swa.
21
Mmaagwe a ya a mmaya mo bolaong jwa monna wa Modimo, a mo tswalela, mme a tswa.
22
A bitsa monna wa gagwe a re: “Ke a go rapela, a ko o nthomele motlhanka mongwe, le esela nngwe, gore ke sianele kwa monneng wa Modimo, ke itse go tla.”
23
Monna a re: “O elang kwa go ene gompieno? Ga go rogwe kgwedi, e bile ga go Sabata.” Mosadi a re: “Nnyaa, lesa go siame fela.”
24
Foo a belesa esela, a raya motlhanka wa gagwe a re: “E kgweetse, re tsamaye; o se ka wa ntiya mo loetong fa ke sa go laole jalo.”
25
Jalo a tsamaya, a ya a fitlha kwa monneng wa Modimo kwa thabeng ya Karemele. Ga dirala ya re monna wa Modimo a mmona a sa le kgakala, a raya motlhanka wa gagwe Gehasi a re: “Bona, mosadi wa Mošuneme ke yole.
26
A ko o siane o ye go mo kgatlhantsha, o mo reye o re: A go molemo koo go wena? A go molemo koo monneng wa gago, a go molemo koo ngwaneng?” Mosadi a fetola a re: “Go molemo.”
27
Ya re a fitlha kwa monneng wa Modimo kwa thabeng, a mo tshwara dinao. Gehasi a atamela a re o a mo kgorometsa; mme monna wa Modimo a re: “Mo lese, gonne mowa wa gagwe o hutsafetse mo teng ga gagwe; Jehofa o go ntobetse, ga a ka a mpolelela.”
28
Foo mosadi a re: “A nkile ka eletsa ngwana wa mosimane mo moreneng wa me? A ga a re: O se ka wa ntsietsa?”
29
Foo a raya Gehasi a re: “Ikokwaele lotheka, o tseye tsamma ya me mo seatleng, o tsamaye; fa o kopana le mongwe, o se ka wa mo dumedisa; fa mongwe a go dumedisa, o se ka wa mo araba; mme o fitlhe o beye tsamma ya me mo sefatlhogong sa ngwana.”
30
Mma ngwana a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, le jaaka mowa wa gago o tshedile ga nketla ke go tlogela.” A nanoga, a sala mosadi morago.
31
Gehasi a ba fetela pele, a fitlha a baya tsamma mo sefatlhogong sa ngwana; mme go ne go se na lentswe, le fa e le kutlo. Ka ntlha ya moo a boa a tla go mo kgatlhantsha, a mmolelela a re: “Ngwana ga a tsoge.”
32
Ya re Eliša a sena go tla mo ntlong, bonang, ngwana a bo a sule, a bile a beilwe mo bolaong jwa gagwe.
33
Foo a tsena, a ikgoseletsa mo ntlong ba le babedi nae, a rapela Jehofa.
34
A ya a rapama mo godimo ga ngwana, a baya molomo wa gagwe mo molomong wa gagwe, le matlho mo matlhong a gagwe, le diatla tsa gagwe mo diatleng tsa gagwe; a ikotlololela mo go ene; mme nama ya ngwana ya thuthafala.
35
Foo a boa, a tsamayatsamaya mo ntlong gangwe fela; a ba a ya a ikotlololela mo go ene; mme ngwana a ethimola gasupa, ngwana a ba a budulola matlho.
36
A bitsa Gehasi, a re: “Bitsa motho yo wa Mošuneme.” A bitsa mosadi. Ya re a sena go tsena kwa go ene, a re: “Tsaya morwao.”
37
Foo a tsena, a wela fa dinaong tsa ga Eliša, a ikobela fa fatshe; a tsaya morwawe, mme a tswa.
38
Eliša a boela gape kwa Gilegale; go ne go le leuba mo lefatsheng; bomorwa baperofeti ba ne ba dutse fa pele ga gagwe. Mme a raya motlhanka wa gagwe a re a tlhatlaye pitsa e kgolo, a apeele bomorwa baperofeti logodu.
39
Mongwe a tswela kwa nageng a ya go ga merogo, mme a fitlhela menamo, a gokga mosumo mongwe mo go yone wa tlala ka kobo ya gagwe, a tla a o gabelela mo pitseng ya logodu; gonne ba ne ba sa o itse.
40
Ba tsholela banna bao, gore ba je. Ga dirala ya re ba ja logodu ba goa ba re: “Monna wa Modimo wee, go na le loso mo pitseng!” Mme ba retelelwa ke go e ja.
41
A re: “Lereng boupe.” A bo fagela mo pitseng, a re: “Tsholelang batho gore ba je.” Mme ga bo go sa tlhole go le molato ope mo pitseng.
42
Ga tla monna mongwe a tswa Baale-Šališa, a lereditse monna wa Modimo dinkgwe tsa mabutswapele, dinkgwe tsa barele di le 20, le diako tse dintšha tsa mabele mo kgetsing ya gagwe. Mme a re: “Nayang batho ba je.”
43
Mme motlhanka wa gagwe a re: “Wa reng? A ke ke beye go mo fa pele ga banna ba le lekgolo?” Mme ene a re: “Naya batho fela, gore ba je; gonne Jehofa o bua jaana, a re: ‘Ba tlaa ja ba ba ba sadisa.’ ”
44
Mme a se baya fa pele ga bone, mme ba ja, ba sadisa, jaaka lefoko la ga Jehofa.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25