bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Kings 9
2 Kings 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 10 →
1
Eliša moperofeti a bitsa mongwe wa bomorwa baperofeti, a mo raya a re: “Ikokwaele lotheka, o tseye kurwana e, ya lookwane, o ye Ramothe-gileate.
2
O re o fitlha gone, o batle Jehu morwa Jehošafate, morwa Nimeši, o tsene, o mo reye o re, a eme a tswe mo gare ga bomorwa rraagwe, o mo ise mo ntlwaneng e e kwa teng.
3
Foo o tseye kurwana ya lookwane, o lo thele mo tlhogong ya gagwe, mme o re: ‘Jehofa o bua jaana, a re: “Ke go tloditse, gore o nne kgosi ya Iseraele.” ’ Foo o bule ntlo, mme o tshabe, o se ka wa diega.”
4
Jalo monna wa lekau, e bong lekau la moperofeti, a ya Ramothe-gileate.
5
Ya re a fitlha, bonang, balaodi ba ntwa ba bo ba dutse; mme a re: “Ke na le taetso kwa go wena, wena molaodi.” Jehu a re: “O raya ofe wa rona, rotlhe?” Mme a re: “Ke wena, wena molaodi.”
6
Mme a ema, a ya mo ntlong; mme a thela lookwane mo tlhogong ya gagwe, a mo raya a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke go tloditse, gore o nne kgosi ya batho ba ga Jehofa, e bong ya Baiseraele.
7
O kgemethe ba ntlo ya ga Ahabe mong wa gago, gore ke tle ke lefetse madi a baperofeti batlhanka ba me, le madi a batlhanka botlhe ba ga Jehofa, a a tsholotsweng ke Jesebele.
8
Gonne ba ntlo ya ga Ahabe ba tlaa nyelela botlhe fela; mme ke tlaa tlosetsa Ahabe ngwana mongwe le mongwe wa mosimane, yo o tswaletsweng, le yo o itsamaelang fela mo Iseraele.
9
Ke tlaa dira ntlo ya ga Ahabe e nna jaaka ntlo ya ga Jeroboame morwa Nebate, le jaaka ntlo ya ga Baaše, morwa Ahija.
10
Dintša di tlaa jela Jesebele mo nageng ya Jesereele, ga go ketla go dira le ope yo o tlaa mo fitlhang.’ ” Mme a bula ntlo, a tshaba.
11
Foo Jehu a tswela kwa batlhankeng ba morena wa gagwe; mme mongwe a mo raya a re: “A go siame? Ana motho yoo wa setsenwa o ne a tlelang kwa go wena?” A ba raya a re: “Lo a mo itse monna yoo, le puo ya gagwe ka fa e ne e ntse ka gone.”
12
Mme ba re: “Ke maaka, a ko o re bolelele.” A re: “O buile le nna a re, a re; a re, Jehofa o bua jaana a re: Ke go tloditse, gore o nne kgosi ya Iseraele.”
13
Foo ba akofa, mongwe le mongwe a tsaya seaparo sa gagwe, a se baya fa tlase ga gagwe fa godimo ga direpodi, ba letsa lonaka ba re: “Jehu ke kgosi.”
14
Jalo Jehu morwa Jehošafate, morwa Nimeši a tsuololela Jorame. (Mme jaana Jorame a bo a disitse Ramothe-gileata, ene le Baiseraele botlhe, ka ntlha ya ga Hasaele kgosi ya Siria.
15
Kgosi Jorame o ne a boile a ile go alafiwa kwa Jesereele dintho tse o di ntshitsweng ke Basiria, ka a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria). Jehu a re: “Fa mogopolo wa lona e le one o, a go se thobe ope a tswa mo motseng a ya go bolela kwa Jesereele.”
16
Jalo Jehu a tsamaya ka kara, a ya kwa Jesereele; gonne Jorame o ne a okelwa gone. Mme Ahasia kgosi ya Juta o ne a tsile go lekola Jorame.
17
Molebedi o ne a eme mo kagong e e godileng ya phemelo ya Jesereele, mme a bona lekoko la ga Jehu le tla, mme a re: “Ke bona lekoko.” Jorame a re: “Tsaya mopalami mongwe wa pitse, o mo rome a ye go ba kgatlhantsha, a ba reye a re: ‘A go kagiso?’ ”
18
Ga ya mongwe mopalama pitse a ya go mo kgatlhantsha, a re: “Kgosi e bua jaana ya re: ‘A go kagiso?’ ” Jehu a re: “Wena o dirang ka kagiso? Mpota ka fa morago.” Molebedi a bolela, a re: “Morongwa o ne a fitlha kwa go bone, mme ga a boe.”
19
Foo a roma monna wa bobedi a palame pitse, le ene a fitlha kwa go bone, a re: “Kgosi e bua jaana ya re: ‘A go kagiso?’ ” Jehu a mo fetola a re: “Wena o dirang ka kagiso? Mpota ka fa morago.”
20
Molebedi a bolela a re: “O ne a fitlha fela kwa go bone mme ga a bowe; mme kgweetso e tshwana le kgweetso ya ga Jehu morwa Nimeši; gonne o kgweetsa ka thata.”
21
Jorame a re: “Baakanyang.” Ba baakanya kara ya gagwe. Jorame kgosi ya Iseraele le Ahasia kgosi ya Juta ba tswa, mongwe le mongwe ka kara ya gagwe, ba ya go kgatlhantsha Jehu, mme ba mo fitlhela mo sebateng sa ga Nabothe wa Mojesereele.
22
Ga dirala ya re Jorame a bona Jehu, a re: “A go kagiso?” Jehu a mo fetola a re: “Kagiso yang, ka maakafalo a ga mmaago Jesebele a sa ntse a le kanakana, le maloi a gagwe?”
23
Jorame a retologa, a tshaba, a raya Ahasia a re: “Ahasia, seo se, mooko se.”
24
Jehu a hula ka bora jwa gagwe ka thata yotlhe ya gagwe, a betsa Jorame fa gare ga marudi, motswi wa tswa ka fa pelong ya gagwe, mme a repelela mo kareng ya gagwe.
25
Jehu a raya Bitekare, molaoledi wa gagwe; a re: “Mo tseye, o mo latlhele mo sebateng sa lotlhagare lwa ga Nabothe wa Mojesereele; gonne, gakologelwa jaaka e rile nna nao re ne re palame mmogo, re setse Ahabe rraagwe morago, Jehofa a baya morwalo o mo go ene, a re:
26
‘Ruri ke letse ke bonye madi a ga Nabothe, le madi a bomorwawe, go bua Jehofa; mme ke tlaa go ipusolosetsa mo sebateng se, go bua Jehofa.’ Jaana ka re, mo tseye o mo latlhele mo sebateng se, sa lefatshe ka fa lefokong la ga Jehofa.”
27
E rile Ahasia kgosi ya Juta a bona mo, a tshaba ka tsela ya ntlo ya tshimo. Jehu a mo latela, a re: “Le ene lo mo tlhabele fela mo kareng”; mme ba mo tlhaba a le fa botlhatlogong jwa Gure, o o fa Ibeleame. A tshabela kwa Megito, a swela gone.
28
Batlhanka ba gagwe ba mo isa Jerusalema ka kara, ba mo fitlha mo phupung ya gagwe, le borraagwe mo motseng wa ga Dafite.
29
E rile ka ngwaga wa 11 wa ga Jorame morwa Ahabe, Ahasia a simolola go busa Bajuta.
30
E rile Jehu a tla mo Jesereele, Jesebele a go utlwela; mme a itshasa mmala mo matlhong, a ikgabisa mo tlhogong, mme a ntsha tlhogo ka fa fensetereng.
31
E rile Jehu a tsena ka kgoro, Jesebele a re: “A go kagiso, wena Simeri mmolai wa mong wa gago?”
32
Jehu a tsholetsa tlhogo a leba kwa fensetereng, mme a re: “Mang yo o ntlheng ya me? E mang?” Mme baopafadiwi ba le babedi kgotsa ba le bararo, ba ntsha ditlhogo ba mo okomela.
33
Mme a re: “Mo latlheleng fa fatshe.” Jalo ba mo latlhela fa fatshe; mme madi mangwe a gagwe a gasegela mo lomoteng le mo dipitseng; a mo gatakela fa fatshe.
34
O rile a sena go tsena, a ja a nwa; a re: “Senkang mosadi yo o hutsegileng yole, lo mo fitlhe, gonne ke morwadia kgosi.”
35
Mme ba ya go mo fitlha; mme ba se ka ba fitlhela sepe sa gagwe fa e se logata fela, le dinao, le diatla tsa gagwe.
36
Ka ntlha ya moo ba boa, ba tla go mmolelela. Mme a re: “Ke lone lefoko la ga Jehofa, le o kileng a le bua ka motlhanka wa gagwe Elija wa Motišebe, a re: ‘Mo sebatseng sa Jesereele dintša di tlaa jela nama ya ga Jesebele gone;
37
mme setoto sa ga Jesebele se tlaa nna jaaka letshotelo mo lotlhagareng, mo sebateng sa Jesereele; jalo ga go ketla go twe: Yo ke ene Jesebele.’ ”
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25