bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 10
Job 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 11 →
1
“Mowa wa me o tennwe ke botshelo jwa me; ke tlaa golola go itoka ga me; ke tlaa bua ka bogalaka jwa mowa wa me.
2
Ke tlaa raya Modimo ke re, O se ka wa ntshekisa; o nkaele ka fa o ganelang le nna ka gone.
3
A go molemo mo go wena fa o ka patika, fa o ka nyatsa tiro ya diatla tsa gago, mme o phatsimela kgakololo ya baikepi?
4
A o na le matlho a nama, kgotsa a o bona jaaka motho a bona?
5
A malatsi a gago a tshwana jaaka malatsi a motho, kgotsa dinyaga tsa gago, jaaka malatsi a motho,
6
fa e bo ne ne o botsa ka ga boikepo jwa me, o hukutsa ka ga boleo jwa me,
7
le fa o ntse o itse fa ke se boikepo; le gone go se na ope yo o ka gololang mo seatleng sa gago?
8
Diatla tsa gago di mpopagantse, tsa ntshwatshwaela fela gotlhe; le fa go ntse jalo o a ntshenya.
9
Ke a go rapela, a ko o nkgakologelwe go re o mpopile jaaka letsopa; mme a o tlaa ba o mpusetsa mo loroleng?
10
A ga o a nthela jaaka maši, wa nthemisa jaaka madila a a loileng.
11
O nkapesitse letlalo le nama, o ntshwaragantse ka marapo le mesifa.
12
O nneile botshelo le botsalano, le pabalelo ya gago e tlametse mowa wa me.
13
“Le fa go ntse jalo, dilo tse o ne wa di loba mo pelong ya gago; ke a itse fa selo se, se na nao;
14
fa ke leofa, foo o a tle o ntlhokomele, mme ga o ketla o nkgolola mo boikepong jwa me.
15
Fa ke le boikepo, go tlaa bo go latlhega nna; mme fa ke le tshiamo, le fa go ntse jalo ga nketla ke tsholetsa tlhogo; ka ke tletse ditlhong, ke ntse ke lebile patikego ya me.
16
Ka tlhogo ya me e ikgoletsa, o a tle o ntsome jaaka tau; gape o iponatse kgakgamatso mo go nna.
17
O ntšhafaletsa basupi ba gago ba ba nnayang molato, o ntotisetse kgakalo ya gago; ntwa e e tlhomaganyeng le ntwa e tlhabana le nna.
18
“E le foo o nntsheditse eng mo sebopelong? Nka bo ke ne ke sule, leitlho lepe le koo le se ka la mpona.
19
Nka bo ke ne ke tshwana jaaka fa nka bo ke seyo gope; nka bo ke ne ke tsewa mo sebopelong ka isiwa phupung.
20
A malatsi a me ga a mabotlana? Ke gone khutla, mme o ntese gore ke tle ke ikgomotse go le gonnye,
21
ke ise ke ye kwa ke se ketlang ke boa gone, e bong kwa lefatsheng la lefifi le la moriti wa loso;
22
lefatshe la lefifi le le kwenneng jaaka lefifi tota; lefatshe la moriti wa loso le le se nang thulagano, le kwa lesedi le ntseng jaaka lefifi gone.”
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42