bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 34
Job 34
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 35 →
1
Gape Elihu a fetola, a re:
2
“Utlwang mafoko a me, lona matlhale; lo ntshekegele tsebe, lona ba lo nang le kitso.
3
Gonne tsebe e leka mafoko, jaaka magalapa a leka dijo.
4
A re itshenkeleng sone se se siameng; a re itsisanyeng se se leng molemo.
5
Gonne Jobe o rile: ‘Ke tshiamo, mme Modimo o ntloseditse tshiamelo ya me;
6
e fa ke na le tshiamelo, ke kaiwa gore ke moaki fela; ntho ya me ga e na kalafi le fa ke sa leofa.’
7
Monna yo o tshwanang le Jobe ke mang, yo o nwang tshotlo jaaka metsi,
8
yo o tsalanang le badiri ba boikepo, a sepela le batho ba ba bosula?
9
Gonne o rile: ‘Ga go thuse monna sepe fa a ka inatefisa mo Modimong.’
10
Ke gone, ntheetsang, lona banna ba tlhaloganyo; a go nne kgakala le Modimo, fa o ka dira bosula, le Mothatayotlhe, fa a ka dira boikepo.
11
Gonne o tlaa lefela motho ka fa tirong ya gagwe, o tlaa dira gore motho mongwe le mongwe a bone ka fa ditseleng tsa gagwe.
12
Ee, ruri, Modimo ga o ketla o dira ka mokgwa o o bosula, le gone Mothatayotlhe ga a ketla a sokamisa katlholo.
13
E mang yo o mo laodisitseng lefatshe, kgotsa mang yo o baakantseng lobopo lotlhe?
14
Fa o tlhoma pelo ya one go itlhokomela go le gosi, o ne o tlaa iphuthela mowa wa one le botshelo jwa one fela;
15
foo nama yotlhe e tlaa swa mmogo, mme motho o tlaa ba a boela mo loroleng.
16
Fa jaana o na le tlhaloganyo, o utlwe se; o reetse lentswe la mafoko a me.
17
Le yo mongwe fela yo o ilang tshiamo a o tlaa busa? A o tlaa bona ene molato yo o tekatekanyo le nonofo?
18
A go tshwanetse go rewa kgosi go twe: ‘O maswe,’ kgotsa batlotlegi go twe: ‘Lo bosula’?
19
Bogolo jang ga go a tshwanela ga rewa one jalo, o o sa tlhokomeleng sebele sa dikgosana, le o o sa gopoleng bahumi bogolo go bahumanegi, gonne botlhe ke tiro ya diatla tsa one.
20
Ba swa ka ponyo ya leitlho, e bong mo gare ga bosigo; batho ba tle ba reketlisiwe, mme ba fete, le bathati ba tlosiwe e seng ka seatla.
21
Gonne matlho a one a mo ditseleng tsa motho, mme o bona metsamao yotlhe ya gagwe.
22
Ga go na lefifi le fa e le moriti wa loso kwa badiri ba boikepo ba ka itshubelang gone.
23
Gonne Modimo ga o tlhoke go tlhola o akanya ka ga motho, fa o mo lere fa pele ga one mo tshekong.
24
O thubaganya ba ba thata ka mekgwa e e retelang go lemogwa, o tlhome ba bangwe mo boemong jwa bone.
25
Ke gone ka moo o tle o tseye ditiro tsa bone tsia, o ba pitikolole mo bosigong, ba be ba tle ba senngwe.
26
O ba diteye jaaka batho ba ba bosula mo ponong e e bonalang ya ba bangwe.
27
Ka ba o fapogile go o sala morago, ba ganne go tlhokomela ditsela dipe tsa one;
28
ba ba ba tla ba fitlhisa selelo sa bahumanegi kwa go one, mme o utlwe go goa ga ba ba patikwang.
29
E re fa o iketlisa motho, ana e mang yo o ka sekisang? E re fa o itshuba sefatlhogo, ana e mang yo o ka o bonang? Le fa go direlwa morafe kgotsa go direlwa motho, go tshwana fela.
30
Gore go se ka ga busa motho yo o sa reng Modimo sepe, le gore go se nne ope yo o beelang batho seru.
31
“Gonne a mongwe o kile a raya Modimo a re: ‘Ke kgwathile, ga nketla ke tlhola ke senya.’
32
A mongwe o rile: ‘Se ke sa se boneng o se nthute, fa ke dirile boikepo, ga nketla ke tlhola ke bo dira’?
33
A tefiso ya one e tlaa nna ka fa go rateng ga gago, ka e le fa o e gana? Gonne ke wena yo o nang le go e itshenkela, e seng nna; ke gone bua se o se itseng.
34
Banna ba tlhaloganyo ba tlaa nthaya, ee, monna mongwe le mongwe yo o botlhale, yo o nkutlwang; ba tlaa nthaya ba re:
35
‘Jobe o bua a se na kitso, mafoko a gagwe ga a na botlhale.’
36
A bo Jobe a ka bo a lekelwa le go ya kwa bokhutlong, ka ntlha ya go fetola ga gagwe jaaka batho ba ba bosula ba tle ba fetole.
37
Gonne o oketsa boleo jwa gagwe ka tsuololo, o opanya diatla mo go rona, o ntsifatsa mafoko a gagwe a go nyatsa Modimo.”
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 35 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42