bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 18
Job 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 19 →
1
Foo ga fetola Biletate wa Mosuhe a re:
2
“Lo tlaa tsoma mafoko ka lobaka lo lokae? Akanyang, mme re tlaa bua kwa morago.
3
Ke ka ntlha yang fa re kaiwa jaaka dikgomo, re bile re fetogile re ntse maswe mo ponong ya lona?
4
Wena yo o ikgagolang mo bogaleng jwa gago, a lefatshe le tlaa latlhwa ka ntlha ya gago, kgotsa lefika le tlosiwa mo bonnong jwa lone?
5
Ee, lesedi la moikepi le tlaa tingwa, le tlhase ya molelo wa gagwe ga e ketla e phatsima.
6
Lesedi le tlaa nna lefifi mo mogopeng wa gagwe, le lampa ya gagwe mo godimo ga gagwe e tlaa tingwa.
7
Dikgato tsa thata ya gagwe di tlaa pitlaganngwa, le kgakololo ya gagwe ka esi e tlaa mo diga.
8
Gonne o latlhelwa mo lotloeng ke dinao tsa gagwe, o sepela mo dithapong.
9
Seru se tlaa mo tshwara ka serethe, mme segwe se tlaa mo tshegetsa.
10
Segole o se fitlhetswe mo mmung, le mogotlha mo tseleng.
11
Ditheregiso di tlaa mmoifisa mo ntlheng tsotlhe, di mo gata direthe.
12
Nonofo ya gagwe e tlaa jewa ke tlala, tatlhego e tlaa lalela go tlhotsa ga gagwe.
13
E tlaa ja e swetsa ditokololo tsa mmele wa gagwe; ee, motsalwapele wa loso o tlaa ja ditokololo tsa gagwe.
14
O tlaa khumolwa mo mogopeng wa gagwe o o ikanyang mo go one; o tlaa isiwa kwa kgosing ya ditheregiso.
15
Mo mogopeng wa gagwe go tlaa aga se e seng sa gagwe gope; sulefera se tlaa gasiwa mo boagong jwa gagwe.
16
Medi ya gagwe e tlaa omelela kwa tlase, kwa godimo kala ya gagwe e tlaa kgaolwa.
17
Kgakologelo ya gagwe e tlaa nyelela mo lefatsheng, mme ga a ketla a dira le leina lepe mo mmileng.
18
O tlaa ntshiwa mo leseding, a lelekelwa mo lefifing, a alolwa, a tswa mo lefatsheng.
19
Ga a ketla a nna le morwawe, kgotsa morwa morwawe mo bathong ba ga gabo, le fa e le a le mongwe fela yo o tlaa salang kwa o ne a jaka teng.
20
Ba ba tlang morago ba tlaa gakgamalela letsatsi la gagwe, jaaka ba ba kileng ba nna pele ba ne ba tshwarwa ke poifo.
21
Ruri maago a ba ba sa siamang a bo a ntse jalo, mme jo ke jone bonno jwa monna yo o sa itseng Modimo.”
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42