bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 9
Job 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 10 →
1
Foo Jobe a fetola a re:
2
“Le gale ke a itse fa go ntse jalo, mme motho o ka siama jang fa pele ga Modimo?
3
Fa a rata go ganela nao, ga a kake a o fetola ka ga molato o le mongwe fela mo go e e makgolo a lesome.
4
O botlhale mo pelong, o thata mo nonofong; e mang yo o o ithatafaleditseng mme a tlhogonolofala?
5
O o sutisang dithaba, di se ke di itse, mogang o di pitikololang mo bogaleng jwa one.
6
O o reketlisang lefatshe, le tloge felong ga lone, le maotwana a lone a rorome.
7
O o laolang letsatsi, mme le se ke le tlhabe; o bo o kane dinaledi.
8
O o phuthololang magodimo o le osi, o gate makhubu a metsi a lewatle.
9
O o dirang dinaledi tsa Kgogamasigo, Oriona, Selemela, le matlwana a kwa Borwa.
10
O o dirang dilo tse dikgolo tse di se nang botlhotlhomiso; ee, dilo tse di gakgamatsang tse di se nang palo.
11
Bonang, o kgabaganya fa go nna, mme ga ke o bone; le gone o fetele kwa pele, mme ga ke o lemoge.
12
Bonang, o a thopa, mme e mang yo o ka kganelang? E mang yo o tlaa o rayang a re: ‘O dirang?’
13
“Modimo ga o ketla o kganelela bogale jwa one kwa morago; bathusi ba moikgogomosi ba ikokobetse fa tlase ga gagwe.
14
Ana nna bogolo jang, ke tlhoka ka fa ke ka o fetolang ka gone, le go itlhophela mantswe a nka ganetsanyang nao ka one.
15
O, le fa ke ne ke le tshiamo, le fa go ntse jalo ke ne ke se ketla ke o fetola, ke ne ke ka kokotlela moganetsi wa me fela.
16
Fa nka bo ke ne ke biditse, mme fa o ne o nkarabile; le fa go ntse jalo ke ne ke se ketla ke dumela fa o reeditse lentswe la me.
17
Gonne o nthobaka ka ledimo la phefo, o ntsifatsa dintho tsa me ka bomo.
18
O gana go nteseletsa ka kgwa setšhe, o ntlatsa ka bogalaka.
19
Fa re bua ka ga thata ya mothata, bonang, o a bo a le fa! Fa e le ka ga tsheko, e mang yo o tlaa ntaolelang lobaka?
20
Le fa ke le tshiamo, o o leng molomo wa me o tlaa ntshekisa; le fa ke le boitekanelo o tlaa ntshupa gore ke lesoko.
21
Le fa ke itekanetse ga ke itlhokomele; ke nyatsa botshelo jwa me.
22
Go tshwana fela; ke gone ke reng, o senya moitekanedi le moikepi.
23
Fa sebetso se bolaya ka tshoganetso, o tlaa sotla ka tshenyegelo ya yo o se nang molato.
24
Lefatshe le tsentswe mo seatleng sa baikepi, o khurumetse sefatlhogo sa baatlhodi ba lone; fa e se one, ana e tlaa bo e le mang?
25
“Jaanong malatsi a me a bofefo bogolo go motabogi yo o isang dikwalo; a tshabela koo, ga a bone molemo ope.
26
A fetile jaaka dikepe tse di hadimang; jaaka ntswi yo motona yo o tsuulalelang phologolo.
27
Fa ke re: ‘Ke tlaa lebala boitoko jwa me, ke tlaa apola sefatlhogo se se tlhontseng, ke tlaa nametsega pelo;’
28
ke boifa mahutsana a me otlhe, ke a itse fa o se ketla o nkaya go re ga ke na molato.
29
Ke tlaa sekisiwa; ke ka ntlha yang fa ke kgokololela lefela?
30
Fa ke tlhapa ka metsi a kapoko, ke ba ke intlafatsa diatla mo go ntseng jang;
31
le fa go ntse jalo, o tlaa nthabuetsa mo moseleng wa metsi, diaparo tse e leng tsa me di tlaa nkila.
32
Gonne one ga se monna jaaka nna, yo ke ka reng ke ka mo fetola, gore re tle re kopane mmogo mo tshekong.
33
Ga go na motsereganyi gare ga rona, yo o ka re bayang seatla roo babedi.
34
A o tlose thupa ya one mo go nna, a theregiso ya one e se mpoifise;
35
foo ke ne ke tlaa bua, ke sa o boife, gonne mo go nna ka nosi ga ke a nna jalo.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42