bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 40
Job 40
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 39
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 41 →
1
Gape Jehofa a fetola Jobe a re:
2
“Yo o betogang fela a o tlaa ganela le Mothatayotlhe? Yo o ganetsanyang le Modimo, a a go fetole.”
3
Foo Jobe a fetola Jehofa a re:
4
“Bona, ga ke sepe; ke tlaa go fetola ke reng? Ke ipaya seatla mo molomong fela.
5
Ke buile gangwe fela, mme ga nketla ke fetola; ee, gabedi, mme ga nketla ke tlhola ke tswelela.”
6
Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola Jobe a re:
7
“A ko o ikokwaele lotheka jaana jaaka monna, ke tlaa go botsa, mme o nkakanyetse.
8
A o tlaa tsupuetsa le e leng katlholo ya me? A o tlaa mpona molato gore o tle o siamisiwe?
9
Kgotsa a o na le letsogo le le tshwanang jaaka la Modimo? A o ka duma ka lentswe jaaka one?
10
A ko o ikgabise ka tlotlomalo le bogolwane, mme o ikapese ka tlotlo le borena.
11
Thela mapenologo a bogale jwa gago, o lebe mongwe le mongwe yo o ikgodisang o mo kokobetse.
12
Leba mongwe le mongwe yo o ikgodisang, mme o mo ise kwa tlase; o gatakele baikepi fa ba emeng gone.
13
Ba fitlhe mmogo mo loroleng; o bofele difatlhogo tsa bone mo felong fa go fitlhegileng.
14
Foo le nna ke tlaa go ipolela, gore seatla se segolo sa gago tota se ka go boloka.
15
A ko o bone kubu, e ke e dirileng jaaka le wena ke go dirile; e ja bojang jaaka kgomo.
16
A ko o bone, thata ya yone e mo lothekeng lwa yone, nonofo ya yone e mo mesifeng ya mpa ya yone.
17
E tle e tsokotse mogatla jaaka setlhare sa mosetara; mesifa ya dirope tsa yone e nganaganye.
18
Marapo a yone a ntse jaaka mephakalego ya kgotlho; dikgopo tsa yone di tshwana jaaka mephakalego ya tshipi.
19
Ke yone e kgolo mo ditirong tsa Modimo; ene yo o e dirileng ke ene esi yo o ka atametsang tšhaka ya gagwe kwa go yone.
20
Ruri dithaba di e medisetsa dijo; kwa diphologolo tsotlhe tsa naga di tshamekelang gone.
21
E tle e bothe fa tlase ga koma, mo boiphitlhelong jwa lotlhaka, le mo ditsobotleng.
22
Koma ya e sira ka moriti wa yone; madubunoka a molatswana a e dikanyetse.
23
Bona, le fa noka e penologa, ga e rorome; e boikanyo fela le fa Joretane a gogomogela le kwa molomong wa yone.
24
A mongwe o ka e tshwara e lebile, kgotsa a mongwe o ka phunya nko ya yone ka serai?
← Chapter 39
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 41 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42