bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 37
Job 37
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 36
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 38 →
1
“Se le sone pelo ya me e a se roromela, e garoge mo felong ga yone.
2
Reetsang loratla lwa lentswe la one, le tumo e e tswang mo molomong wa one.
3
O e dumisetse fa tlase ga legodimo lotlhe fela, le logadima lwa one o lo gadimisetse kwa dikhutlong tsa lefatshe.
4
Morago ga lone go dume kodu; o dume ka kodu ya borena jwa one; mme ga o thibe dikgadima mogang kodu ya one e utlwalang.
5
Modimo o duma kgakgamatso ka kodu ya one, o dira dilo tse dikgolo tse re sa kakeng ra di tlhaloganya.
6
Gonne o tle o reye kapoko o re: ‘Na mo lefatsheng;’ le pula ya medupe, le marothodi a ya maebana a magolo.
7
O konela seatla sa motho mongwe le mongwe; gore batho botlhe ba o ba dirileng ba go itse.
8
Foo diphologolo le dibatana di ye mo maiphitlhong, di nne mo dikutleng tsa tsone.
9
Ledimo le tle le tswe mo kutleng ya borwa; le serame ntlheng ya botsheka.
10
Dikgapetla tsa metsi di abiwa ka pudulo ya Modimo; mme boatlhamo jwa metsi bo gatsediwe.
11
Ee, o belesa leru le le kwenneng metsi; o phutholole leru la one la logadima;
12
le dikolosiwe ka kgoro ya one gore di tle di dire sengwe le sengwe se o se di laoletseng mo lefatsheng lotlhe le le nnwang.
13
Le fa o di tlisitse gore di nne kwatlhao, kgotsa go thusa lefatshe la one, kgotsa ka kutlwelobotlhoko.
14
“Jobe, a ko o reetse se; ema fela, o akanye ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.
15
A o itse ka fa Modimo o tleng o di laye ka gone, mme o phatsimise logadima lwa leru la one ka gone?
16
A o itse go retelediwa ga maru le ditiro tse di gakgamatsang tsa o o leng boitekanelo mo kitsong?
17
Le ka fa diaparo tsa gago di leng bothitho ka gone fa lefatshe le tuuletse fela ka ntlha ya phefo ya borwa?
18
A o ka tsharolola nao loapi lo lo thata jaaka seiponi se se thetsweng?
19
O re rute se re tlaa se buang nao, gonne ga re kake ra rulaganya puo ya rona ka ntlha ya lefifi.
20
A o ka bolelelwa fa ke rata go bua, kgotsa a motho o ka eletsa a ka bo a komediwa?
21
Jaana batho ga ba kake ba leba lesedi fa le phatsima mo loaping; fa phefo e fetile e lo ntlafaditse.
22
Mo ntlheng ya botsheka go tswa kgalalelo e eketeng ya botsodutsokwane, Modimo o na le borena jo bo boitshegang mo go one.
23
Ka ga Mothatayotlhe, ga re kake ra mo tlhantlhabetsa, o tlotlometse mo thateng, mo katlholong le mo tshiamisong e e tletseng, ga a ketla a patika.
24
Mme batho ba mmoifa ka ntlha ya gone moo; ga a tlhokomele bape ba ba pelo e e tlhalefileng.”
← Chapter 36
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 38 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42