bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 30
Job 30
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 31 →
1
“Mme gompieno ba babotlana mo go nna ba a ntshotla, ba borraabo ke rileng ke sa kake ka ba baya le fa e le le dintša tsa letsomane la me.
2
Ee, nonofo ya diatla tsa bone, ana e ne e tlaa nthusang, ka e le batho ba ba feletsweng ke thata ya bone?
3
Ba bodumisiwa ke borole le leuba; ba kome mmu o o omeletseng mo phifalong ya kgakgabalo le tshwafalo.
4
Ba epe ditshuga mo ditlhareng; motlopi ke dijo tsa bone.
5
Ba lelekwe mo bathong; ba ba goelele jaaka e le legodu.
6
Ba na le go aga mo dipharong tsa megogoro, mo mesimeng ya lefatshe le mo dikgageng.
7
Ba tle ba goe ba le mo ditlhareng; ba kokoanele mo dikhing.
8
Ke bana ba dieleele, ee, ke bana ba batho ba ba se nang maina; ba kile ba lelekwa ka thupa mo lefatsheng.
9
Jaanong nna ke dule sefela mo go bone, ee, ke lefoko la tshotlo mo go bone.
10
Ke ba kgaphafaletse, ba nkemela kgakala, ga ba rekegele go kgwa mathe fa ba mpona.
11
Gonne ba repisitse mogala wa bone, ba nkutlwisitse botlhoko, ba latlhile mogala wa nko fa pele ga me.
12
Ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga me go tsoga ba e leng dirothola fela; ba kgorometsa dinao tsa me, ba ntsosetse ditsela tsa bone tsa tshenyo.
13
Ba senya tsela ya me ba ise tatlhego ya me kwa pele, e le batho ba ba se nang mothusi.
14
Ba a tla, ba tsene jaaka ekete ka phatlha e e atlhameng, mo gare ga mekoakoa ba ipitikololele mo go nna.
15
Ditherego di menogetse mo go nna, di leleka tlotlo ya me jaaka phefo; go aga sentle ga me go kaologile jaaka leru.
16
Jaana mowa wa me o tshologile mo teng ga me; malatsi a pitlagano a ntshwere.
17
Mo bosigong marapo a me a nyerega mo teng ga me, metlotsedi e e mphurang ga e ikhutse.
18
Seaparo sa me se ntlafolotswe ke thata e kgolo ya bolwetse jwa me, se a mpofa jaaka thamo ya hempe ya me.
19
O ntatlhetse mo maragarageng, ke fetogile ke ntse jaaka lorole le molora.
20
Ke goela koo go wena, mme ga o nkarabe; ke a ema, mme o nteba fela.
21
O fetogile o ntse bolalome mo go nna, o mpogisa ka thata ya letsogo la gago.
22
O ntsholeletsa mo phefong, o mpalamisa mo godimo ga yone; mme o nkakgela mo sefefong.
23
Gonne ke a itse fa o tlaa nkisa mo losong le mo ntlong e e laoletsweng batshedi botlhe.
24
“Ruri wa bo o se ketla o ntshetsa yo o leng mokoa fela wa borope letsogo la one; le fa e ka bo e le mo tshenyegong ya gagwe, motho o ka lela fela ka ntlha ya dilo tse.
25
A ga ke a lelela ene yo o ne a le mo pitlaganong? A mowa wa me o ne o sa hutsafalele motlhoki?
26
E rile ke lebeletse molemo, foo ga tla bosula; e rile ke letile lesedi, ga tla lefifi.
27
Mala a me a a bela, ga a ikhutse; malatsi a pitlagano a tsile mo go nna.
28
Ke ntshofetse mme e seng ka letsatsi; ke ema ka dinao mo phuthegong ke goela thuso.
29
Ke ngwana wa rraabo bophokoje, ke monkana wa bontšhe.
30
Letlalo la me le lentsho, le wa mo go nna, marapo a me a fisiwa ke mogote.
31
Ke gone ka moo harepe ya me e fetogile khutsafalo, le lotlhaka lwa me lo fetogile lentswe la batho ba ba lelang.”
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42