bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 39
Job 39
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 38
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 40 →
1
“A o itse motlha o mafele a mafika a tsalang ka one? Kgotsa a o ka supa lobaka lwa phala go bona ngwana?
2
A o ka bala dikgwedi tsa tsone tsa bonemeru, kgotsa a o itse motlha o di tsalang ka one?
3
Di khubame, di tsale bana ba tsone, di latlhele mahutsana a tsone kwa ntle.
4
Bana ba tsone ba anye fela, ba thugugele mo nageng e e lobala fela; ba tsamaye, mme ba sa tlhole ba boa.
5
E mang yo o lesitseng esela ya naga ya tsamaya fela, kgotsa mang yo o hunolotseng dikgole tsa pitse e tilotsana,
6
e ntlo ya yone ke e dirileng, e bong naga, le lefatshe la dimpu e nne felo kwa e nnang gone?
7
E sotla tlhapeo wa motse, le gone ga e utlwe kgalemo ya mokgweetsi.
8
Namalalo ya dithaba ke mahulo a yone, mme e batle sengwe le sengwe se setala.
9
A nare e tlaa itumela go go direla? Kgotsa a e ka nna fa bojelong jwa gago?
10
A o ka golega nare ka kgole ya yone mo temong, kgotsa a e tlaa kokola mekgatšha e go setse morago?
11
A o tlaa e ikanya, ka gobo thata ya yone e le kgolo, kgotsa a o tlaa e tlogelela tiro ya gago?
12
A o tlaa e dumela gore e tlaa rora peo ya gago, e ba e kokoanya mabele a sebopi sa gago?
13
Lofuka lwa ntšhe lo a ebela; mme a diphafa tsa gagwe di na le bopelonomi, le fa e le bobowa jwa gagwe?
14
Gonne o tlogela mae a gagwe fa fatshe, o a thuthafatse mo loroleng.
15
A lebale fa lonao lo ka tla lwa a thuba, kgotsa fa sebatana se ka a gataka.
16
O direla bana ba gagwe ka peloethata, jaaka ekete ga se ba gagwe; le fa tiro ya gagwe e le lefela, ga a na poifo;
17
gonne Modimo o mo timile botlhale, le gone ga o a ka wa mo abela tlhaloganyo.
18
Mogang o itsholeletsang godimo, o tle a sotle pitse le mopalami wa yone.
19
A o neile pitse nonofo ya yone; a o apesitse thamo ya yone moetse o o fokafokang?
20
A ke wena yo o e dirileng gore e tlolatlole jaaka tsie? Go koma ga pudulo ya yone go a boitshega.
21
E tle e reme ka tlhako mo molapong, e itumele mo thateng ya yone: e tswe e ye go kgatlhantsha batho ba ba tlhometseng.
22
E tshege poifo, ga e tlakasele; le gone ga e neye tšhaka sekotla.
23
Mokotlopo o tlharakanye mo go yone, le lerumo le le šadiang matlho le putlela.
24
E kometse mmu ka bogale le tšararego; le gone e se ke e dumele fa e le kodu ya lonaka.
25
Gongwe le gongwe fa lonaka lo lela e re: ‘Ahe,’ mme e dupelele tlhabano kgakala, le modumo wa balaodi le lošalaba.
26
A segodi se fofa ka botlhale jwa gago, se tsharololela diphuka tsa sone kwa borwa?
27
A ntswi yo motona o fofela kwa godimo ka taolo ya gago, mme a dire setlhaga sa gagwe kwa godimo?
28
O aga mo lefikeng, mme o na le boago jwa gagwe gone, mo tlhoreng ya lefika, le mo felong fa go thata.
29
A le foo a kwaye phologolo; matlho a gagwe a e bonele kgakala.
30
Mamphorwana a gagwe le one a nwe madi, mme kwa go nang le ba ba bolailweng, le ene o gone.”
← Chapter 38
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 40 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42