bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 8
Job 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 9 →
1
Foo ga fetola Biletate wa Mošuha a re:
2
“O tlaa bua dilo tse ka lobaka lo lo kae? Mafoko a molomo wa gago a tlaa nna jaaka phefo e kgolo ka lobaka lo lo kae?
3
A Modimo o tle o sokamise katlholo? Kgotsa a Mothatayotlhe o tle a sokamise tshiamiso?
4
Fa bana ba gago ba o leofetse, mme o ba tsentse mo seatleng sa tlolo ya bone;
5
fa o ne o ka batla ka tlhoafalo mo Modimong, mme wa dira mokokotlelo wa gago mo go Mothatayotlhe,
6
fa o ne o le boitsheko le thokgamo; ruri o ka bo fano a go kubugela, a dira bonno jwa tshiamo ya gago gore bo segofale.
7
Le fa tshimologo ya gago e ne e le potlana, le fa go ntse jalo bokhutlo jwa gago bo ne bo tlaa totafala segolo.
8
“Gonne ke a go rapela, a ko o botse ka ga motlha wa pele, mme o tseye tsia se borraabo ba se tlhotlhomisitseng:
9
(Gonne rona re ba maabane fela, mme ga re itse sepe, gonne malatsi a rona mo lefatsheng ke moriti fela).
10
A bone ga ba ketla ba go ruta, ba go bolelela, ba bua mafoko a a tswang mo pelong tsa bone?
11
“A motsitla o ka gola go se na loraga? A mophutlo o ka gola go se na metsi?
12
E re o sa ntse o le mo botaleng jwa one, o sa ntse o segwa, o bo o swabe pele ga merogo e mengwe.
13
Ditsela tsa botlhe ba ba lebalang Modimo di ntse jalo; tsholofelo ya motho yo o sa reng Modimo sepe e tlaa nyelela;
14
yo boikgantsho jwa gagwe bo tlaa kgaogang ka bogare, le yo boikanyo jwa gagwe e leng bobi jwa segokgwane fela.
15
O tlaa ikaega ntlo ya gagwe, mme ga e ketla e ema; o tlaa itshwarelela ka one, mme ga e ketla e tlhomama.
16
O a tle a nne motala pele ga letsatsi le ise le tlhabe, mme matswela a gagwe a anamele mo tshimong ya gagwe.
17
Medi ya gagwe e tlamparele thotobolo, a lebe felo ga maje.
18
Fa a sengwa a ntshiwa mo felong ga gagwe, foo go tlaa mo itatola go re: ‘Ga ke ise ke go bone.’
19
Bona jo ke boitumelo jwa tsela ya gagwe, ba bangwe ba tlaa tlhongwa mo mmung wa gagwe.
20
“Bona, Modimo ga o ketla o latlha motho yo o itekanetseng, le gone ga o ketla o ema badira bosula nokeng.
21
O tlaa nama o tlatsa molomo wa gago ka setshego, le dipounama tsa gago ka moduduetso.
22
Ba ba go ilang ba tlaa apesiwa ditlhong; le mogope wa moikepi ga o ketla o tlhola o leyo.”
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42