bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Job 36
Job 36
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 35
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 37 →
1
Le gone Elihu a tswelela pele, a re:
2
“Ntesa go le gonnye, mme ke tlaa go kaela; gonne ke sa na le sengwe se ke se buang ntlheng ya Modimo.
3
Ke tlaa ya go tsaya kitso ya me kgakala, ke tlaa kaela Modiri wa me tshiamo.
4
Gonne ruri mafoko a me ga se a maaka; mongwe yo o itekanetseng mo kitsong o na nao.
5
Bona, Modimo o nonofile, ga o nyatse ope; o thata mo nonofong ya tlhaloganyo.
6
Ga o boloke botshelo jwa ba ba bosula; mme o naya ba ba patikwang tshiamelo ya bone.
7
Ga o tlose matlho a one mo basiaming; mme o ba baya le dikgosi mo setulong sa bogosi ka bosakhutleng, mme ba goletsege.
8
Fa ba golegwa ka dikeetane, ba ba ba tshwarwa ka megala ya patiko;
9
foo o ba supetse tiro ya bone le ditlolo tsa bone fa ba dirile ka boikgodiso.
10
Gape o kabololele thuto tsebe ya bone, o laole gore ba bowe mo boikepong.
11
Fa ba reetsa, ba o direla, ba tlaa fetisa malatsi a bone mo tlhogonolofalong le dinyaga tsa bone mo monateng.
12
Mme fa ba sa reetse, ba tlaa nyelela ka tšhaka, ba tlaa swa go se na kitso.
13
Bone ba ba sa reng Modimo sepe mo pelong ba kokotletsa bogale; ga ba goele thuso fa o ba bofa.
14
Ba tle ba swe mo bokaung, botshelo jwa bone bo felele mo go ba ba itshekologileng.
15
O golola ba ba patikwang ka patiko ya bone; o kabolole ditsebe tsa bone ka pogiso.
16
Ee, o ne a tlaa bo a go ntshitse mo patikegong, a go isa felong fa go atlhameng, kwa go se nang pitlagano gone; mme se se bewang mo lomating lwa gago lwa bojelo se ne se tlaa tlala mahura.
17
“Mme o tletse tshekiso ya baikepi; tshekiso le tekatekanyo di go tshwere.
18
E re ka go na le bogale, o itise gore o se ka wa timediwa ke boikgantsho jwa gago; le gone, a bogolo jwa thekololo bo se go fapose.
19
A dikhumo tsa gago di tlaa lekana, gore o se nne mo patikegong, kgotsa dithata tsotlhe tsa nonofo ya gago?
20
O se ka wa eletsa bosigo, e le lobaka lwa batho go kgaolwa mo bonnong jwa bone.
21
O itise, o se ka wa tlhokomela boikepo, gonne o itshenketse jone bogolo go patikego.
22
Bona, Modimo o dira ka bogodi mo thateng ya one. E mang yo e leng moruti jaaka one?
23
E mang yo o o laoletseng tsela ya one, kgotsa e mang yo o ka reng, o dirile tshiamololo?
24
“O gakologelwe go godisa tiro ya one e batho ba e opetseng.
25
Batho botlhe ba ntse ba e lebile; motho o e bonela kgakala.
26
Bona, Modimo o mogolo, ga re o itse; palo ya dinyaga tsa one e retela go tlhotlhomisiwa.
27
Gonne o gogela dithothi tsa metsi godimong, tse di fetogang pula e e tswang mo mouwaneng wa one;
28
e loapi lo e thelang, lo e thotheletsa mo bathong ka letlotlo.
29
Ee, a mongwe o ka tlhaloganya diphuthologo tsa maru, le tutumo ya mogope wa tsharologo wa one?
30
Bona, o phutholola lesedi la one tikologong ya one; o khurumetsa boteng jwa lewatle.
31
Gonne o atlhola ditšhaba ka dilo tse; o naya batho dijo ka botlalo.
32
O ipipa diatla tsa one ka tladi, o e laela gore e iteye fa go laotsweng.
33
Loratla lwa yone lo bolela ka ga one, le tsone dikgomo lo a di bolelela ka ga ledimo le le tlogang le tla.”
← Chapter 35
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 37 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42